Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa
BEKE E E SIMOLOLANG KA JULY 1
Pina 173
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotlomatsa ditlhogo dingwe tse di mo dimakasineng tsa bosheng tseo di ka dirisiwang mo tirong ya dimakasine ka Matlhatso ano.
20 mets: Tirelo ya Nako E E Tletseng—Tshono E E Molemolemo ya go Sepela le Modimo. (Mika 6:8) Mogolwane kana motlhanka wa bodihedi yo o tshwanelegang, fa go kgonega e bo e le yo o mo tirelong ya nako e e tletseng, o neela polelo e e botsalano, e e kgothatsang. (Bona Tora ya Tebelo, ya May 15, 1989, ditsebe 21-3.) Tlhagisa dikakantsho tse di mosola tseo di ka thusang baboledi ba phuthego, go ya ka maemo a bone, gore ba akanye ka masisi ka go tsaya tiro ya nako e e tletseng. Botsolotsa babulatsela ba le babedi kana ba le bararo, mme o tlhagise melemo e mentsintsi ya tirelo ya nako e e tletseng. Ngwaga o mosha wa tirelo ke nako e e molemo ya go ka simolola. Bao ba simololang ka September 1, 1991, ba ka nna ba tshwanelegela go ya kwa Sekolong sa Tirelo sa Babulatsela ka 1992.
15 mets: “Nnang Pelotelele mme Lo Dira ka Botlalo mo Bodiheding.” Setlhogo se sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Gatelela gore go a tlhokega gore re nne pelotelele, segolobogolo mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa. Fa lo sena go tlotla ka serapa 6, dira gore mmoledi mongwe a bontshe kafa go ka dirisiwang Setlhogo sa Motlotlo ka gone fa go tsamaisiwa boroutšhara ya “Bōnañ.”
Pina 156 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JULY 8
Pina 162
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Pego ya madi. Dikgang tsa Bolegodimo. Gakolola phuthego ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa mafelobeke.
15 mets: “Dirang ka Moya Otlhe mo Bodiheding jwa Tshimo—Karolo 1.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo ka molebedi wa tirelo. Tlhaola pele ga nako ditemana tsa botlhokwa tseo di tla balwang, mme o bontshe kafa tshedimosetso e ka dirisiwang ka gone mo lefelong la lona. Dira gore bareetsi ba kgatlhegele motseletsele ono wa dikarolo tse tlhano.
20 mets: “Rulaganyang Gone Jaanong Go-re lo Nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya ‘Batho Ba Ba Ratang Kgololesego’”—Karolo 1. Motlotlo le bareeetsi wa dirapa 1-14 tsa tsenyeletso.
Pina 204 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JULY 15
Pina 32
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Fa e le gore phuthego e tla bo e fetola dinako tsa dipokano ka September 1, itsise thulaganyo e e tlileng go dirisiwa. Boeletsa dintlhakgolo tsa pego ya tirelo ya tshimo ya phuthego ya ka June. Akgolela baboledi seo ba se fitlheletseng mo tshimong.
15 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka Temogo.” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Dira pontsho ka dintlha tse di mo go serapa 5. Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a bontshe kafa go ka buiwang ka gone le mong wa ntlo yo o simololang a le manganga ka go mmotsa dipotso ka botlhale le go mmontsha gore Bibela ya reng ka kgang eo. Pontsho e tshwanetse ya dirwa sentle.
20 mets: “Rulaganyang Gone Jaanong Gore lo Nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya ‘Batho Ba Ba Ratang Kgololesego’”—Karolo 2, e tshwanetse ya neelwa ke mokwaledi. Go tlotliwa dirapa 15-22 le bareetsi, le poeletso e khutshwane ya “Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo” fa nako e letla. Ka bokhutshwane tlhalosa dithulaganyo tsa marobalo jaaka di tlhalositswe ke lekwalo la June 15, 1991 le le tswang kwa Mokgatlhong. Baboledi ba ka nna ba batla go tlotla dintlha tse di tshwanelang le diithuti tsa Bibela tseo di tla nnang gone kwa kopanong. Kgothaletsa ditlhopha tsa malapa gore di boeletse dintlha tse di mo ditlhogong tseno pele ga di ya kopanong.
Pina 67 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JULY 22
Pina 210
15 mets: Mogolwane kana motlhanka yo o tshwanelegang wa bodihedi o bolela dikitsiso tsa lefelo la lona. Boeletsa dithulaganyo tsa phuthego malebana le tshimo e e sa abiwang fa di le teng. Dirisa dintlha tse di tswang mo koketsong ya lekwalo la May 1, 1991. Kgothaletsa malapa otlhe ka botsalano gore a tshegetse tlhabano eno ka botlalo.
18 mets: “Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego—Karolo 1.” Puisano ka mogolwane yo o nang le maitemogelo a na le mogolwane a le mongwe kana ba le babedi kana batlhanka ba bodihedi bao e leng batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego. Gatelela ka mo go kgethegileng dintlha tse pedi kana tse tharo tseo di tlhokwang segolobogolo ke phuthego ya lona, tse di tshwanang le go araba ka mafoko a gago le go bontsha kafa tshedimosetso eo e ithutiwang e ka dirisiwang ka gone.
12 mets: Ditlhokafalo tsa lefelo la lona. Tlhatlhobang dintlha tseo bagolwane ba akanyang gore phuthego e tlhoka thuso mo go tsone. Lo ka dirisa Dikwalo go tlhatlhoba dintlha tseo di ileng tsa bolelelwa phuthego mo loetong lwa bofelo lwa molebedi wa potologo.
Pina 42 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JULY 29
Pina 56
15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le “Kafa Go Ka Berekanwang ka Gone le Dikopo Tseo Di Dirwang ka Diforomo.” E tshwanetse ya neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodihedi yo tshwanelegang. Fa nako e letla kopa maitemogelo a go tsamaisa diboroutšhara le go simolola dithuto tsa Bibela. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe se se kgotsofatsang mo bodiheding ka August, eo e leng kgwedi ya bofelo ya ngwaga wa tirelo. Batshwari ba Thuto ya Buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego tsotlhe di neelwa mokwaledi gore go tle go nne le pego e e feletseng go tswa mo phuthegong.
15 mets: “Go Sikara Morwalo wa Rona wa Boikarabelo.” Mogolwane o tlotla setlhogo seno le setlhopha sa lelapa. O gakologelwa kafa phuthego e ileng ya ipelela ya bo ya solegelwa molemo ke thulaganyo e e leng gone gompieno ya kopano ya potologo mme o dira gore go lebelelwe pele thulaganyong e ntšha ya kopano ya potologo. O botsa ditlhogo tsa malapa tseo di leng mo bareetsing gore thulaganyo ya 1991 e thusitse malapa a bone jang. O kgothaletsa botlhe gore ba dire dithulaganyo tse di tlhomameng tsa gore ba nne gone ebile ba solegelwe molemo ke thulaganyo e e rulaganyeditsweng ngwaga wa tirelo wa 1992. Fa e le gore letlha la kopano e e latelang le a itsiwe, le ka itsisiwe.
15 mets: “Go Tila go Boela mo Mekgweng E E Maswe.” Go tlotliwa ka setlhogo seo se leng go Tsogang! ya April 8, 1991.
Pina 132 le thapelo e e konelang.