LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/91 ts. 1-2
  • Karolo 1—Molemo wa Go Nna le Kanaanelo mo go Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Karolo 1—Molemo wa Go Nna le Kanaanelo mo go Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DITSELA TSA GO DIRA GORE RE NNE LE KANAANELO
  • Karolo 5—Melemo e Mentsi eo e Nnang Gone ka Ntlha ya Go Dira ka Moya Otlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Karolo 4—Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona ka Tsela e e Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Jehofa o Rata Tirelo E o E Dirang ka Moya Otlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Goreng re Tshwanetse go Bontsha Gore re a Leboga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 7/91 ts. 1-2

Dirang ka Moya Otlhe mo Bodiheding Jwa Tshimo

Karolo 1—Molemo wa Go Nna le Kanaanelo mo go Jehofa

1 Go dira ka moya otlhe mo bodiheding go nna gone ka ntlha ya go anaanela Jehofa le tsotlhe tseo a re di diretseng ka tsela e e boteng tota. (2 Sam. 22:2, 3) Go nna pelotlhomogi kaga seemo seo setho se se itomolotseng mo Modimong se leng mo go sone go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dire ka natla mo tirelong ya rona. (Math. 9:36; 2 Bakor. 5:14, 15) Fa re ineela ka mo go oketsegileng go Jehofa ebile re amega ka mo go oketsegileng ka batho, he re tla ikutlwa re tlhotlheletsega go feta gore re tseye karolo ka matlhagatlhaga mo tirelong ya tshimo. (Math. 22:37-39) Jalo he bodihedi jwa rona e nna khumo eo e ka tseelwang kwa godimo. (2 Bakor. 4:7) Mme go anaanela bodihedi ka tsela e e ntseng jalo go ka tlhagolelwa jang?

DITSELA TSA GO DIRA GORE RE NNE LE KANAANELO

2 Thuto ya Bibela ya botho le ya phuthego mmogo le go tlhatlhanya ka thapelo go re thusa gore re tlhagolele kamano e e gaufi le Jehofa. Re simolola go lemoga bontle jwa dinonofo tsa gagwe le botho jwa gagwe. A go na le thulaganyo nngwe eo o e salang morago ya go bala Bibela beke le beke? A ka metlha o beela nako kwa thoko gore o ithute dikgatiso tsa Mokgatlho? A o baakanyetsa dipokano tsotlhe tsa phuthego, o nna teng kwa go tsone, le go nna le seabe mo go tsone? (Baheb. 10:24, 25) Fa ekare o ntse o tsweletse o ithuta le morago ga lobaka longwe le longwe lwa thuto ya motho ka namana, wa tlhatlhanya ka tsela e e nang le bokao o tla anaanela go tswa pelong bomolemo jwa Modimo wa rona yo o pelontle le dithulaganyo tsa kobamelo ya gagwe ya boammaaruri.—Pes. 27:4.

3 Tsela e nngwe eo re ka godisang kanaanelo ya rona ka yone ke ka go ela tlhoko thata dikao tsa badiredi ba bangwe ba Modimo bao ba neng ba mo direla ka moya otlhe. Moperofeti Jeremia o ne a dira ka tlhagafalo e kgolo mo tirong eo a neng a e filwe. (Yer. 20:9) Jesu o ne a tlogela sekao, a bontsha moya wa go anaanela le tlhagafalo. (Yoh. 4:34) Ka ditiro tse a neng a di dira mo bodiheding, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha go lebogela kutlwelobotlhoko eo a neng a e bontshitswe ke Modimo. (1 Tim. 1:12, 13, 17) Fa re ntse re akanya ka dikao tse di ntseng jalo, mmogo le ka dikao tsa metlha ya segompieno, re ka aga kanaanelo eo e tla dirang gore re dire ka moya otlhe mo bodiheding.

4 Fa re ithuta ka ga boemo jo bo kwa godimo jo bo galalelang jwa ga Jehofa mme re bo re ela tlhoko thata ditiro tsa gagwe tse di molemo, re tlhotlheletsega gore re bolele kaga bogolo jwa gagwe le go goa ka boipelo re mmaka. (Pes. 145:5-7) Fa ka matlhagatlhaga re senka ditsela tseo re ka anamisang molaetsa wa Bogosi ka tsone re tla bo re bontsha gore re tseela kwa godimo ditshono tseo re ka nnang le tsone tsa go neela bosupi ka leina la Modimo.—Luke 6:45.

5 Mme a go na le dilo tse dingwe gape tseo di tla re tlhotlheletsang gore re tseye karolo ka moya otlhe mo bodiheding? Fa e le gore go ntse jalo, ke dife? Bagolwane, batlhanka ba bodihedi, babulatsela, le baboledi ba bangwe ba Bogosi bao ba nang le maitemogelo ba ka thusa jang? Mekgele e na le karolo efe mo go tlhagoleleng matlhagatlhaga? Go ka solofelwa melemo efe? Dipotso tseno mmogo le tse dingwe di tla arabiwa mo motseletseleng ono wa dikarolo tse tlhano, o o tla tswelelang mo ditokololong tse di latelang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela