Dirang ka Moya Otlhe mo Bodiheding Jwa Tshimo
Karolo 5—Melemo e Mentsi eo e Nnang Gone ka Ntlha ya Go Dira ka Moya Otlhe
1 Jehofa o naya batlhanka ba gagwe bao ba dirang ka moya otlhe melemo eo e seng kana ka sepe. (Pes. 116:12) Re ka ipelela jang ka botlalo masego ao a tswang kwa go Jehofa mo bodiheding jwa rona? Ke melemo efe eo a tlileng go re direla yone? Ke eng seo re tshwanetseng go se dira e le gore re tle re tlhomamisege gore o a re amogela ebile o a re rata?
2 Go Tlhokega gore Motho a Iteke ka Namana: Selekanyo se o tla ipelelang melemo eo o e filweng ke Modimo ka sone se ikaegile ka gore o iteka go le kana kang ka namana mo go direng go rata ga Modimo. Paulo o ne a kwala jaana malebana le bodihedi: “Moñwe le moñwe o tla amogèla tuèlō ea gagwè kaha tihoñ ea gagwè.” (1 Bakor. 3:8) Ka gone a re nneng le seabe mo bodiheding ka botlalo ka moo re ka kgonang ka gone. Moaposetoloi Paulo o ne a duelwa ka namana a duelelwa go thusa batho ba le bantsi, le eleng go thusa diphuthego tsotlhe, gore di itse Modimo. Abo a ne a ikutlwa a itumetse jang ne fa a ne a ba bona ba nonofile mo tumelong! (1 Bathes. 2:19, 20) Go ka nna ga diragala gore maemo a gago a se ka a go letla gore o nne le seabe ka botlalo mo bodiheding jaaka fa go ne go dira Paulo. Mme lefa go ntse jalo, a e ne e se kitla e nna lesego le legolo go thusa motho kana le eleng go thusa lelapa la batho ba sekadinku gore ba tlhomame mo tseleng e e isang botshelong? Abo go kgothatsa jang ne go dira ka natla mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo le go boelela gape o dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Bibela!
3 Melemo E Mengwe E E Oketsegileng: Molemo o mongwe o o seng kana ka sepe wa go dira ka moya otlhe ke wa gore, jaaka modirimmogo, motho o atamalana thata le Jehofa le Jesu Keresete. (Math. 11:29, 30; 1 Bakor. 3:9) Abo go itumedisa thata jang ne go utlwa moya wa Modimo o go thusa mo bodiheding! (Math. 10:20; Yoh. 14:26) Mo godimo ga moo, go dira ka tlhagafalo ka moya o le mongwe fela le ba bangwe mo phuthegong go nonotsha go ratana ga rona le go utlwana ga rona.
4 Ga re kake ra ipelela melemo e le mentsi e e tswang kwa go Jehofa fa re sa tshegetse ka botlalo phuthego eo a e dirisang gore a fitlhelele go rata ga gagwe mo malatsing ano a bofelo. (Bapisa 2 Dikgosi 10:15.) Fa re latelela thata kaelo eo re e amogelang ka mosele wa Modimo le go dira jalo ka pelo yotlhe ebile re nna le seabe ka tlhagafalo mo ditirong tsa phuthego, re sirelediwa mo maanong a a boferefere a ga Satane ka tsela ya semoya. Re thusiwa gore re kgone go nna le seabe ka mo go oketsegileng mo bodiheding ka tsela e e nang le matswela.
5 Thulaganyo eno e e nang le dikarolo di le tlhano ya ditlhogo tse di leng malebana le go dira ka moya otlhe mo bodiheding jwa tshimo e tlhomolotse dintlha di le mmalwa tseo di akarediwang mo go direng ka moya otlhe. A o a gakologelwa gore dintlha tsa konokono tsa go anaanela Jehofa ke dife, tseo di tlhotlheletsang motho gore a dire ka moya otlhe? (July) Ke ka ntlha yang fa go baakanyetsa go le botlhokwa gore motho a nne matlhagatlhaga mo bodiheding jwa tshimo? Re ka baakanyetsa jang? (August) Baboledi ba ba nang le maitemogelo ba ka thusa ba bangwe jang gore le bone ba dire ka moya otlhe? (September) Ke jang go dira thulaganyo e e molemo ka namana go ka re thusang gore re nne ba ba dirang ka moya otlhe mo bodiheding? (October) A o dirisa dikakantsho tseno?
6 Jehofa o batla gore re ikamogelele molemo ka go mo utlwa. (Isa. 48:17) Mo godimo ga moo, melemo eo o e bonang ka ntlha ya go dira ka moya otlhe e bonwa le ke bao ba go reetsang. (1 Tim. 4:15, 16) Lo ka tlhomamisega gore jaaka fa lo ntse lo iteka ka tlhagafalo mo tirong eno e e dirwang, Jehofa o tla lemoga seno ebile ‘lo tla amogela tuelo [e e tshwanetseng] ea boswa’ ebong botshelo jo bo sa khutleng.—Bakol. 3:23, 24.