Dirang ka Moya Otlhe mo Bodiheding Jwa Tshimo
Karolo 4—Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi Jwa Rona ka Tsela e e Nang le Matswela
1 Motho ka namana o tlhoka go dira thulaganyo e e molemo fa a batla go dira bodihedi jwa phatlalatsa ka moya otlhe. Jesu o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng sa tiro ya rona ya bodihedi gompieno. (Luke 10:1, 2; Dit. 1:8) Gape re ka tsaya malebela mo tseleng eo balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba diragatsa bodihedi jwa bone ka yone. (Dit. 5:42; 2 Tim. 4:5) Mme lefa go ntse jalo o ka rulaganya mabaka a gago botoka jang mme wa nna le matswela a a molemo jalo gompieno?
2 Rulaganya Nako ya Tirelo ya Tshimo: Bodihedi jwa rona ga se karolo e e itiragalelang fela kana e e dirwang fela e sa rulaganyediwa ya botshelo jwa rona. Go ka se ke go lebelelwe gore nako eo re e dirisang go dira bodihedi jwa rona ka botlalo e tla itlela fela. Gore re rulaganye bodihedi jwa rona ka tsela e e nang le matswela, re tshwanetse ra beela nako kwa thoko go dira dikarolo tsa jone tse di farologaneng. (Baef. 5:15, 16) Baboledi ba le bantsi ba go fitlhela go thusa go itlhomela mokgele wa diura tseo ba tla di senyang mo bodiheding kgwedi le kgwedi. Gantsi seno se tlhoka gore ba rulaganye mabaka a bone gore ba tseye karolo mo tirelong ya tshimo beke nngwe le nngwe. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go thusa bana ba bone go rulaganya nako gore ba tseye karolo ka metlha mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodihedi jwa tshimo.—Dute. 6:7; Dia. 22:6.
3 Tlhoma Mekgele E O Ititeileng Sehuba Gore O Tla E Fitlhelela: Mekgele e e ka kgonang go fitlhelelwa e tla dira gore o nne le sengwe seo o ikaeletseng go se dira. Fa o fitlheletse mokgele wa gago, o tla ipelela go bo o fitlheletse sengwe. (Dia. 13:12) Moaposetoloi Paulo o kgothaditse jaana: “Me hèla, kwa re setseñ re hitlhile gōna, a re kè re nneñ re sepelè [ka thulaganyo mo tsamaisong yone eno].” (Bafil. 3:16) Fela jaaka mo dikarolong tsotlhe tsa kgatelopele ya gago ya semoya, tiro ya gago ya tshimo e tshwanetse ya bontsha gore o e dira ka thulaganyo.
4 Ka sekai, a o na le dipampitshana tse di lekaneng? A o nna o tshotse dimakasine tsa bosheng tse di lekaneng, le gone a di lebega sentle? A o dirisa direkoto tsa ntlo le ntlo ka botlalo, o dirisa e nngwe go kwala bao ba bontshitseng kgatlhego mme e nngwe o bontsha bao ba seong kwa gae?
5 Pele ga fa o simolola mo bodiheding, tsaya nako o boeletsa Setlhogo sa Motlotlo sa bosheng. Tlhaola dintlha tseo di ka buelelwang mo kgatisong e e tsamaisiwang, mme o nne o ipaakanyeditse go di dirisa ka tsela e e nang le matswela go tsosa kgatlhego. Gape, nna o iketleeditse go dirisa buka e potlana ya tirelo ya tshimo ya Go Fetolana ka Dikwalo. Le eleng fa o tswa mo ntlong e nngwe o ya kwa go e nngwe, o ka tlhodumela ka bofefo dingwe tsa dikakantsho tsa yone tse dintsi. Go dirisa dintlha tseno tse di mosola go tla tokafatsa selekanyo seo ka sone bodihedi jwa gago bo nnang le matswela.
6 Go tsaya karolo ka botlalo mo ‘tirong e e boitshepo ya mafoko a a molemo’ mo malatsing ano a bofelo ke tshiamelo e e nang le masego. (Bar. 15:16) Re tshwanetse ra leka go swetsa bodihedi jwa rona ka go neela bosupi jo bo molemo kafa go ka kgonegang ka gone ebong “louño loa melomo.” (Baheb. 13:15; bapisa Hosea 14:2.) E le gore re dire seno, a re rulaganyeng nako gore re nne le karolo ka metlha mo tirelong ya tshimo mme re tlhome mekgele e re kgonang go e fitlhelela eo e tla dirang gore re kgone go swetsa bodihedi jwa rona jo bo tla galaletsang Jehofa.