LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/91 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo ka October

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka October
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka September 30
  • Beke E E Simololang ka October 7
  • Beke E E Simololang ka October 14
  • Beke E E Simololang ka October 21
  • Beke E E Simololang ka October 28
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 10/91 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo ka October

Beke E E Simololang ka September 30

Pina 199

12 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona, le Dikitsiso tse di tshwanetseng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Ereka October e tla bo e le yone kgwedi ya bofelo ya tlhabano ya tshimo e e sa abiwang, kgothatsa ka tsela e e botsalano gore ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ba tseye karolo mo tirong eno. Lekang go fetsa tshimo ya lona fa kgwedi e fela. E tshwanetse ya neelwa ke molebedi wa tirelo yo gape a tshwanetseng a tlhalosa dithulaganyo tsa phuthego tsa go dira tshimo e e sa abiwang.

18 mets: “Go Lemoga Bokao jwa Ditiragalo tsa mo Malatsing Ano.” Dipotso le dikarabo. Fa lo sena go tlhatlhoba serapa 6, neela pontsho eo mo go yone go dirisiwang Setlhogo se sesha sa Motlotlo. Gatelela kgang e e rileng go tswa mo makasineng wa bosheng wa Tsogang!

15 mets: Kafa makasine wa Tsogang! o re thusitseng ka teng motho ka namana. Mokaulengwe yo o tshwanelegang o botsolotsa baboledi ba le bararo kana ba le bane. Akaretsa bobotlana mosha a le mongwe yo o tsenang sekolo.

Pina 174 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 7

Pina 27

5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona.

15 mets: “Dirang ka Moya Otlhe mo Bodiheding jwa Tshimo—Karolo 4.” Puo. Kgothaletsa ditlhogo tsa malapa go thusa botlhe mo lelapeng go nna ba rulagantse le gore ba itlhomele mekgele e ba ka e fitlhelelang ya tirelo.

15 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka Go Dirisa Dikgatiso ka Botlhale.” Dipotso le dikarabo. Dira gore tshedimosetso e tshwanele lefelo la lona. Gatelela ntlha ya gore baboledi ba se ka ba tsamaya ba tlogela dimakasine gongwe le gongwe fela kafa tlase ga mojako fa beng ba matlo ba seo mo gae, kana ba di fa batho bao ba senang kgatlhego ya mmatota ba ba bolelang gore ga ba na madi.

10 mets: “Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?” Polelo e e kgothatsang e e thailweng mo setlhogong se se go Tora ya Tebelo, July 15, 1991, ditsebe 27-30.

Pina 92 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 14

Pina 107

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona, Dikgang tsa Bolegodimo, pego ya tsa madi, le dipego tsa gore go amogetswe meneelo. Itsise phuthego ka pego ya tirelo ya tshimo ya September.

20 mets: Go Senka le go Ruta Bao ba Tshwanelegang. Puo le dipotsolotso. Gatelela Mathaio 10:11. Go fitlhela batho mo malapeng ke bothata jo bo golelang pele mme kwantle ga pelaelo go ka ama matswela a o ka a bonang mo tirong ya rona le tsela e o e ipelelang ka yone. Go ka dirwa eng? (kmTN 6/85 ts. 4) Atamela batho mo malwapaneng a bone. Boloka rekoto ya bao ba seong mo gae o bo o boele teng ka bofefo. Bangwe ba ile ba atlega fela thata ka go fitlhela batho ba ba ntseng jalo mo magaeng mo maitseboeng, ka jalo nna le seabe mo go neeleng bosupi jwa maitseboa. (kmTN 6/87 ts. 4) Bosupi jwa mo mmileng bo ka nna le matswela. Fa go kopanwa le batho ba ba kgatlhegang mo mmileng, tsaya leina le aterese. Dira dithulaganyo tsa gore o ba etele kwa magaeng a bone. (Botsolotsa ka bokhutshwane baboledi kana babulatsela bao ba ileng ba atlega mo go neeleng bosupi jwa maitseboa kana jwa mmila.) Satane o tla dirisa mokgwa ope fela o a ka o kgonang go dira gore re se ka ra bona bao ba tshwanelegang. Re tshwanetse go ba senka. “Dinku” ke tsa ga Jesu Keresete. O re laetse gore re di bone re bo re di hudise. (Yoh. 21:15-17) Seno se re thusa go lemoga ka mo go tlhokegang ka gone gore fa go kgonega re buisane le banni ba legae lengwe le lengwe.

15 mets: Go Solegelwa Molemo ke Dipolelo tsa Matshelo A Basupi ba ga Jehofa. Motlotlo ka bakaulengwe ba babedi. Gangwe le gape dipolelo tsa matshelo a batlhanka ba segompieno ba Modimo di fitlhelwa go Tora ya Tebelo le Tsogang! Di thathamisitswe ka leina le setlhogo go Watch Tower Publications Index. (Bontsha kafa ditlhogo tse di rileng di ka bonwang ka gone.) Go botlhokwa gore re bale ditlhogo tseno ka kelotlhoko mme re bone nonofo le kgothatso go tswa mo go tsone. Dirisa tshedimosetso eno go kgothatsa bakaulengwe ba rona le diithuti tsa Bibela. Ka bokhutshwane boeletsa setlhogo se se reng “Abo go Ipedisa Jang Ne go Nna mo Tafoleng ya ga Jehofa!” se se go Tora ya Tebelo, ya August 1, 1991, dits. 25-9. Gatelela dintlha dingwe go tswa mo setlhogong seno tseo di re thusang (a) mo bodiheding jwa rona jwa tshimo, (b) go itshokela diteko, (c) go anaanela Jehofa le phuthego ya gagwe botoka, le (d) go anaanela bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara. Re solegelwa molemo tota fa re nna “baetsi ba bōnè ba ba ruileñ dipolèlō tsa choloheco ka tumèlō le ka bopelotelele.”—Baheb. 6:11, 12.

Pina 18 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 21

Pina 59

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Ka bokhutshwane umaka dintlha tse di ka buelelwang mo dimakasineng tseo di ka dirisiwang fa go neelwa bosupi mo bekeng eno.

20 mets: “Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego—Karolo 4.” Dipotso le dikarabo. Gatelela botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a bontshe kgatlhego mo go yo mongwe motho ka namana mo setlhopheng sa thuto ya buka.

15 mets: “Go Aga Botho jwa Bokeresete mo Baneng ba Rona.” Motlotlo ka bakaulengwe ba babedi ba tlotla ka setlhogo se se go Tora ya Tebelo, ya July 1, 1991, ditsebe 24-7. Gatelela kafa go tlhokegang ka gone gore batsadi ba dire boiteko jo bogolo. Dira gore tshedimosetso e tshwanele dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya lefelo la lona.

Pina 116 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka October 28

Pina 164

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Ka bokhutshwane tlhatlhobang mpho ya kgwedi ya November.

12 mets: Botlhokwa jwa boroutšhara ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa. Puo, fa go kgonega e nne ka mogolwane yo e leng motsadi. Gatelela kafa boroutšhara eno e leng botlhokwa ka gone go tlwaelanya balaodi ba sekolo le ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa le go thusa batsadi mmogo le basha ba Bakeresete ka dikgang tseo di amanang le ditiro tsa sekolo. Tshedimosetso eo e kwadilweng e tshwanetse ya boelediwa le basha gangwe le gape. Fa go tsoga mathata kana dipotso, leba boroutšhara go bona kaelo. Bontsi jwa mathata ao a ileng a tlhaga le balaodi ba sekolo a ile a bakiwa ke go tlhoka go buisana ga batsadi le barutabana pele ga nako. Go ka tilwa mathata ka go latela kaelo e e mo boroutšhareng. Lebisa tlhokomelo go tshedimosetso e e kgethegileng e e kwadilweng kafa tlase ga “Melaometheo ya Boitsholo E E Utlwalang” le “Malatsi a Boikhutso le Mekete.” (Dits. 9-11, 17-21) Diphuthego di tshwanetse go nna le diboroutšhara tseno e le gore batsadi ba tseye dikaelo tseo ba tla di tsamaisetsang barutabana. Kwa bokhutlong, gatelela kafa go tlhokegang ka gone gore batsadi ba nne le kgatlhego ka namana mo dithutong tsa bana ba bone le gore ba dirisane mmogo le batsamaisi ba sekolo.—Dits. 30-1.

15 mets: “Basha Ba Bakeresete—Nnang Lo Nonofile mo Tumelong.” Motlotlo ka lelapa, o theilwe mo setlhogong se se go Tora ya Tebelo, ya July 15, 1991, ditsebe 23-6. Rre o etelela pele mo motlotlong, a akaretsa mosadi le bana. Tlhomolola ditsela tseo ka tsone basha ba ka lepalepanang le diteko tse di farologaneng tsa tumelo kwa sekolong ka katlego.

8 mets: Go tlhatlhobiwa Letlole la Dipotso. Puo. Bala o bo o tlhalose tshedimosetso fa nako e letla.

Pina 183 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela