Nnang Pelotelele Mme lo Dira ka Botlalo mo Bodiheding
1 Moaposetoloi Paulo o ne a dira gore ka metlha a ikutlwe a na le boikarabelo tota fa pele ga ga Jehofa jwa gore a nne pelotelele mme a dire ka botlalo fa a ntse a rera mafoko a a molemo go botlhe bao ba neng ba tla mo utlwa. O ne a bolelela balebedi bao ba neng ba kokoane go tswa kwa Efeso ka bopelokgale a re: “Botshelō yoa me ga ke bo kaee sepè, go re, ekete ke bo rata thata, e le gore ke tlè ke wetsè sebaka sa me sa tshianèlō, le tihèlō e ke e amogetseñ mo go Morèna Yesu, ea go shupa Mahoko a a Molemō a tshegōhaco ea Modimo.” (Ditihō 20:24) A re lemoga gore le rona re rwesitswe boikarabelo jwa gore re dire ka mo go tshwanang?—1 Bakor. 9:16.
MO TSHIMONG E E BEREKIWANG KGAPETSAKGAPETSA
2 Bopelotelele bo a tlhokega segolobogolo fa e le gore tshimo ya rona e berekiwa kgapetsakgapetsa. Go sa kgathalesege gore tshimo ya rona ke e potlana, re tshwanetse go ikutlwa re tlhotlheletsega gore re boele gangwe le gape. Dira boiteko jwa gore o kopane le batho botlhe bao ba nnang mo legaeng lengwe le lengwe, mme fa nako e ntse e ya o thuse batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba lemoge tsholofelo e e thailweng mo Bibeleng ya Bogosi jwa Modimo.
3 Fa e le gore tshimo ya rona e berekiwa gantsi, molemo o mongwe wa go nna pelotelele ke gore re ka kgona go itse beng ba matlo ka namana. Seno se ka dira gore ba ikutlwe ba phuthologile gore ba re bulele mejako ya bone. Go na le dikakantsho tse di molemolemo mo bukeng ya Go Fetolana tseo re ka di dirisang gore re nne le diketapele tse di farologaneng fa re dira tshimo eo e berekiwang kgapetsakgapetsa.—Bona Go Fetolana, ditsebe 9-15.
4 Go ka nna ga bo go na le makgetlo ao ka one re etelang batho bao, lemororo ba bontsha kgatlhegonyana, ba ka se keng ba amogele dibuka tsa rona. Ke eng seo re tshwanetseng go se dira? Lebaka la go bo re leka go dira ka botlalo le tla re tlhotlheletsa gore re tswelele pele re tlhagolela kgatlhego eo. Go tlhagolela seo se setseng se jadilwe mo dipelong tsa bone go ka nna ga ba tlhotlheletsa gore e re kgabagare ba bo ba amogela thuto ya
Bibela. Mokaulengwe mongwe o ne a boela mong wa ntlo yo o neng a kgatlhega ka lobaka lwa dibeke tse tlhano tse di latelelanang a sa tsamaise dibuka. E ne ya re mo loetong lwa borataro, mong wa ntlo a amogela dibuka mme kgabagare thuto ya Bibela e ne ya simololwa.
GO TSAMAISA DIBOROUTŠHARA
5 Ka July le August Setlhogo sa rona sa Motlotlo se tla bo se re “Lefatshe le Lesha le Tla Tlisiwa ke Mang?” Setlhogo seno se ka kgona go dirisiwa mo mabakeng otlhe fa go neelwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang: Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” A O Tshwanetse wa Dumela Tharo-Nngwe?, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Fa re tsaya nako gore re tlwaelane le diboroutšhara tseno, re tla fitlhela dintlha tse di tshwanelang di le mmalwa tseo re ka buang ka tsone mmogo le Setlhogo sa Motlotlo.
6 Ka sekai, re ka nna ra ikitsise go tswa foo re bo re re: “O akanya eng ka tsholofetso ya motho ya gore o tla tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe? [Letela karabo.] Tlhokomela gore Bibela e akgela jang malebana le dikgono tsa motho tsa go ka dira jalo. [Bala Yeremia 10:23.] Go ralala makgolo a dingwaga a a fetileng, motho o ile a itshupa gore eleruri ga a kgone go ipusa. Lefa go ntse jalo, tlhokomela tsholofetso e re ka e ikanyang ya Modimo. [Bala 2 Petere 3:13.] Ka jalo tsholofetso ya Modimo e e tlhomameng kaga lefatshe le lesha eleruri e tla diragala.” Fa e le gore re dirisa boroutšhara ya “Bōnañ,” re ka lebisa tlhokomelo ya mong wa ntlo go seo se bolelwang mo tsebeng 30 serapa 58. Fa re neela boroutšhara ya Puso, re ka tlotlomatsa seo se bolelwang mo serapeng sa 3. Setshwantsho se se kafa ntle sa boroutšhara ya Botshelo mo Lefatsheng se tsosa kgatlhego mme ebile se nyalana le Setlhogo sa Motlotlo. Mo godimo ga moo, serapa sa boraro go tsebe 31 ya boroutšhara ya Leina la Modimo se ka dirisiwa.
7 Go akaretsa tshimo ya rona ka botlalo le ka bopelotelele ka mafoko a a molemo go tla felela ka gore bao ba re reetsang ba bolokwe. (1 Tim. 4:16) Nako e setse e ile! Ka jalo, a re nneng pelotelele mme re neeleng bosupi ka botlalo jaaka fa re ntse re nna le seabe ka botlalo mo go rereng molaetsa ono wa poloko.