Amogela Boikarabelo Jwa go Dira Maeto a go Boela
1 Go na le mabaka a le mmalwa ao a re tlhotlheletsang gore re nne le seabe ka botlalo ka moo re ka kgonang ka gone mo go direng maeto a go boela. Re batla go swetsa ka botlalo tiro eo re e neetsweng go e dira, fela jaaka Paulo a ile a dira. (Dit. 20:21, 24) Fa e le gore re boela go mongwe le mongwe wa batho botlhe bao ba kgatlhegang, re tla nna re ntse re na le segakolodi se se molemo fa re ntse re kgaratlhela go swetsa bodihedi jwa rona ka botlalo.—2 Tim. 4:5.
2 Go Nna le Kitso go Re Dira Gore Re Nne le Boikarabelo: Ntlha ya gore matshelo a mo kotsing e tshwanetse ya re tlhotlheletsa gore re nne tlhaga mo go direng maeto a go boela. (Yoh. 17:3) Go itse ga rona katlholo ya ga Jehofa le gore Hara–Magedona e gaufi go tshwanetse ga re tlhotlheletsa eseng fela go tlhagisa batho ba ba bosula mme gape go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go thusa batho ba ba ‘fegelwang le ba ba sonelelang dilo tse di makgapha tseo di diragalang mo lefatsheng.’ (Esek. 9:4) Ba tlhoka gore ba leriwe mo phuthegong e e bonalang ya ga Jehofa.
3 Batho ba tlhoka go thusiwa gore ba tlhaloganye boammaaruri ka tlhomamo. (Dit. 8:30, 31; 18:26) Leno ke lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse ra amogela boikarabelo jwa rona jwa go boela le “go nosetsa” dipeo tsa boammaaruri tseo di neng tsa jalwa. Re ka bo re dirile kgatelopele e e kana kang ya semoya fa mongwe a ne a sa boela mo go rona gangwe le gape go tla go re thusa gore re nne le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa le kaga maikaelelo a Gagwe a a molemolemo?—Math. 7:12.
4 Bontsha Lorato O Bo O Nne Tlhaga: Go dira maeto a go boela ke tsela e e molemo ya go bontsha gore re rata batho. Mokaulengwe mongwe yo o foufetseng yo o direlang jaaka mmulatsela wa nako e e tletseng o ne a bolela jaana: “Go tloga fela fa e sale ke kolobediwa, ke ntse ke eletsa go bolelela batho ba bangwe kaga seo ke ileng ka se ithuta go tswa mo Bibeleng. Ke ne ka itumelela gore bofofu jwa me ga jwa ka jwa nthibela go dira seno. . . . Ebile gape ke ne ka ithuta go boloka pego ya ntlo nngwe le nngwe mo mmileng mo mogopolong wa me, mme ka tsela eno, ke ne ke kgona go dira maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegelang thuto ya Bibela.” Ruri mokaulengwe yo o foufetseng yono o kgona go bona ka pelo ya gagwe, ebile ga a ikgogone mo go direng maeto a go boela le go bontsha lorato lwa gagwe lwa Bokeresete mo bathong ba bangwe.
5 Gantsi re na le tshono ya go dirisa Bibela ka tsela e e molemo le go ntsha mabaka a tsholofelo e e mo go rona ka nako eo re dirang maeto a go boela ka yone. (1 Pet. 3:15) Seno ga se thuse mong wa ntlo fela mme gape se godisa go tlhoafalela ga rona boammaaruri le go bo anaanela. Go dira maeto a go boela go tlisa boitumelo jo go senang tsela epe e nngwe gape eo bo ka bonwang ka yone. Ebile ga re a tshwanela gore le ka motlha re letle nonofo ya boitumelo joo gore e ngotlege. Re ka e ntšhafatsa re sa kgaotse ka go dira ga rona maeto a go boela re le tlhaga.—Dia. 10:22.
6 Re tshwanetse gore re tseye boikarabelo jwa rona jwa go dira maeto a go boela ka bomasisi. Batho ba ga Jehofa ga ba ikgogone mo go direleng batho ba bangwe dilo tse di molemo, ebile seno se ka bonwa mo tirong ya rona ya lefatshe ka bophara eo re e dirileng mo ngwageng wa tirelo wa 1991. (Dia. 3:27) Re dirile maeto a go boela a le 344 926 952 mme re tsamaisitse dithuto tsa magae tsa Bibela di le 3 947 261. Go ne go na le barutwa ba basha ba le 300 945 bao ba neng ba ineela mo go Jehofa mme ba ne ba kolobediwa. Kgolo e e boitshegang eno e ka bo e se kile ya nna gone fa e ne e se ka ntlha ya go iketleetsa ga rona go amogela boikarabelo jwa go dira maeto a go boela.—1 Bathes. 2:8.