Kgwetlho ya go Dira Maeto a go Boela
1 Jaaka badihedi ba mafoko a a molemo, re laelwa gore re dire barutwa. (Math. 28:19, 20) Seno se kopanyeletsa go dira maeto a go boela. A o leba karolo eno e e botlhokwa ya bodihedi jwa rona jwa Bokeresete ka tsela e e molemo? Go dira maeto a go boela ka tsela e e bontshang bokgoni e ka nna kgwetlho e e tlhotlheletsang thata.—Dia. 22:29.
2 Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng o tshwanetse a lemoga boikarabelo joo a nang le jone jwa go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. Seno se ka nna sa tlhoka gore re beele dilo di le dintsi tseo re di ratang kwa thoko gore re ke re bolelele ba bangwe ka tsholofelo ya Bogosi. Maeto a go boela a re neela sebaka sa gore re thuse batho ba ba peloephepa gore ba bone dilo tseo ba di tlhokang semoyeng.
3 Boela kwa go Botlhe Bao Ba Bontshitseng Kgatlhego: Maeto a go boela a tshwanetse a dirwa mo go botlhe bao ba bontshang kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi, le eleng le fa ba ka nna ba gana go amogela dikgatiso tsa rona. Go na le batho ba le bantsi bao ba bontshang kgatlhego ka go dumela go tlotla le rona ka ditlhogo tseo di tswang mo Bibeleng. Jesu le baaposetoloi ba ne ba bontsha kafa go ka tlhagolelwang kgatlhego ka gone mo molaetseng wa Bogosi ka go tlotla le batho ka dilo tse di tlhamaletseng go tswa mo Dikwalong.—Mar. 10:21; Dit. 2:37-41.
4 Boikaelelo jwa rona fa re dira maeto a go boela e tshwanetse ya nna go simolola thuto ya Bibela. Re ka nna ra kgona go bontsha mong wa ntlo kafa thuto ya legae ya Bibela e tshwarwang ka gone. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla reetsa thapelo ya gago ya go mo kopa gore a go thuse go bona motho mongwe yo o nang le pelo e e ikanyegang gore o mo rute. Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago ao o a dirang ka tlhoafalo mo tirelong ya gagwe. Ke ka ntlha yang fa o sa kope thuso mo go Jehofa mme o bo o itirela mokgele wa gore o simolole thuto ya Bibela?
5 Dirisa Dipampitshana Thata: Dipampitshana di ka dirisiwa ka tsela e e nang le katlego go simolola dithuto tsa Bibela. Ba le bantsi ba ile ba kgona go simolola motlotlo fela ka go tlotla ka setshwantsho seo se leng kafa ntle mo go tsone. Bala serapa se le sengwe ka nako e le nngwe le mong wa ntlo. Fa go bodiwa potso mo go sone, ema mme o letle mong wa ntlo gore a ntshe maikutlo a gagwe. Lebang dikwalo mme o bontshe kafa di ka dirisiwang ka gone. E ka nna ya re morago ga moo motlotlo o ka nna wa lebisiwa go kgatiso eo thuto e ka tshwarwang ka yone.
6 Dirisang Buka ya Go Fetolana: Go ka dirwa maeto a go boela a a nang le katlego ka buka ya Go Fetolana. Fa o ka boeletsa lenaneo la ditlhogo tse dikgolo kana index seo se ka go thusa gore o tlhophe tshedimosetso e e tshwanetseng eo o ka tlotlang ka yone fa o tsweletsa seo lo ileng lwa tlotla ka sone mo nakong e fetileng pele. Karolo e e reng “Dikwalo Tse Gantsi Di Sa Dirisiweng Sentle” se ka thusa go araba diipato tseo di ka nnang tsa tsoga. Babulatsela ba bega kafa ba nnileng le katlego e kgolo ka gone go simolola dithuto tsa Bibela ka go dirisa tshedimosetso e e tshwanang le eo e fitlhelwang mo bukeng ya Go Fetolana mo tsebeng 58 “Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelela tlhaloso ya bone ya Bibela jang?” Ba bontsha motho yo o kgatlhegang kafa re dirang ka gone gore Bibela e itlhalose yone ka boyone. Seno se na le katlego mme se ile sa felela ka gore go simololwe dithuto tsa Bibela di le mmalwa.
7 Jaaka Jesu le baaposetoloi, re tshwanela go bontsha kgatlhego ka bopeloephepa mo dinkung tsa ga Jehofa. (Luke 9:11) Lorato loo re nang le lone mo bathong lo tla re thusa gore re ba fitlhelele ka boammaaruri jwa Bogosi. (2 Bakor. 2:17) Fa re leka thata go intsha setlhabelo ka ntlha ya pholo ya batho ba bangwe ya semoya, re tla kgona go lebana le kgwetlho ya go dira maeto a go boela.