Dikgang Tsa Bolegodimo
Afrika Borwa: Ka March 28, 1992, Phuthego ya Seshego Zone 1 kwa Teransefala bokone e ne e phephetha ka boitumelo ka ntlha ya go kgakola Holo e ntšha ya Bogosi. Mo go one mafelobeke ao Phuthego ya Kimberley Central le yone e ne ya kgakola Holo ya yone ya Bogosi e e ntšhafaditsweng ebile e okeditswe.
Congo: Re itumelela go bega gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya amogelwa semmuso kwa People’s Republic ya Congo ka November 1991.
Ethiopia: Go nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 3 185 ka December. Go ne go na le ba ba fetang 7 000 bao ba neng ba le teng kwa kopanong ya bone ya ntlhantlha ya kgaolo kwa Addis Ababa mme ga kolobediwa ba le 328.
Haiti: Go begilwe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 7 248 ka December. Baboledi ba phuthego ba dirile palogare ya diura di le 15,2, mme go nnile le ditlhora tse disha mo maetong a go boela le mo dithutong.
Peru: Palogotlhe ya teng ya baboledi ba le 39 104 ka December ke koketsego ya 12 lekgolong go feta ya ka yone kgwedi eo ngogola. Se se tlhomologileng ke ntlha ya gore babulatsela ba le 8 842 ba bopa 23 lekgolong ya palogotlhe ya baboledi.