LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/92 ts. 1
  • Galaletsang Modimo wa Popo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Galaletsang Modimo wa Popo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?
    Tsogang!—2006
  • Tlhomamisa Gore o Boela Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Popo e re Ruta go le Gontsi ka Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 9/92 ts. 1

Galaletsang Modimo wa Popo

1 Dinaga tse dintle, go phirima ga letsatsi go go mebala e mentle, loapi lo lo tletseng ka dinaledi bosigo, melodi ya dinonyane—ke mang yo re mo neelang tlotlo ka ntlha ya dilo tseno tse di itumedisang thata jaana? Ee, re tlhotlheletsega go galaletsa Modimo wa popo. Re dumalana ka pelo yotlhe le polelo e e mo go Tshenolō 4:11. Go tlhokega gore re galaletse Jehofa Modimo ka go bo o bopile dilo tsotlhe.

2 Ka September, jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, re na le tshono ya go itsise boammaaruri kaga Mmopi wa rona le boikaelelo jwa gagwe jo bo gakgamatsang ka lefatshe leno. Buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ke nngwe ya dibuka tse di molemolemo go tse re kileng ra nna le tsone go ka thusa batho go tlhaloganya Bibela. Kgatiso eno e re thusa go buelela boammaaruri jwa Bibela jwa motheo ka bopelokgale.

3 Ditshono tsa go Tsamaisa Buka Eno: Re ka nna ra thusega fa re dira lenane la ditshono tse re ka tsamaisang kgatiso eno e e molemo mo go tsone. Kwantle ga pelaelo tiro ya ka ntlo le ntlo e tla nna tsela e e di fetang tsotlhe koo re tla bong re tsamaisa dibuka tsa Tshelela Ruri gone. September ke kgwedi ya ntlha ya ngwaga o mosha wa tirelo. A lo ka rulaganya nako e e oketsegileng mo kgweding eno gore lo nne le seabe mo tirong eno? Diphuthego di le dintsi le tsone di tla bo di bereka tshimo e e sa abiwang. Ke ka ntlha yang fa lo sa dire boiteko jo bo oketsegileng go tsamaisetsa batho bano botlhe ba ba sa rerelweng kgapetsakgapetsa buka eno? Batho ba ba nnang mo dikarolong tse batho ba tsone ba humanegileng ba ka kgona go ikamogelela buka ya Tshelela Ruri ya selekanyo se sebotlana.

4 Basupi ba ba sa leng babotlana le bone ba tla rata go tsamaisetsa bao ba tsenang le bone mo tlelaseng buka eno mmogo le barutabana ba bone. Ke ka ntlha yang o sa buisane le mongwe le mongwe wa barutabana ba gago le bao o tsenang le bone mo tlelaseng bao o bonang ba ka itumelela go bala kgatiso eno e e molemo. Ke mo maemong afe a mangwe koo re ka tsamaisang buka ya Tshelela Ruri gone? Mokgweetsi mongwe wa dikoloi tse ditona o ne a tsamaisetsa batho ba a neng a kopana le bone mo maetong a gagwe buka eno. Neelano ya gagwe e ne e le motlhofo. O ne a bontsha batho buka eno a bo a ba tlhalosetsa gore o ile a ithuta dilo di le dintsi tse di molemolemo mo go yone le gore tota se a neng a se ithuta se ile sa fetola botshelo jwa gagwe. Mo dikgweding tse tharo fela, o ne a tsamaisa dibuka tsa Tshelela Ruri di le 200 ka tsela eno ya bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo.—wTN84 8/1 dits. 21-2.

5 Fa re le mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo, mo mebileng, mo maetong a go boela—go akantshiwa gore ekete mmoledi mongwe le mongwe a ka nna le sekaelo se le sengwe kana go feta sa buka eno ya Tshelela Ruri. O se ka wa tsena mo tshimong o sa e tshola! Boikutlo jwa gago jo bo siameng mabapi le go neelana ka buka eno, go tlhalosa diteng tsa yone le go e tsamaisa go tla bula tsela ya go simolola dithuto di le dintsi tsa magae tsa Bibela.

6 Ekete rotlhe re ka rapela gore Jehofa a re thuse gore re kgone go sola tshono nngwe le nngwe molemo go bolelela batho kaga Mmopi wa rona yo o molemolemo. Batlang ditsela tsa go dirisa buka ya Tshelela Ruri. Ekete sedirisiwa seno se se molemo se ka tsibosa batho ba le bantsi go nna le keletso ya go tshelela ruri mo kgalalelong ya Monei wa botshelo le ‘Modiri wa legodimo le lefatshe.’—Pes. 146:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela