LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/92 ts. 4
  • Tlhomamisa Gore o Boela Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhomamisa Gore o Boela Gape
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Galaletsang Modimo wa Popo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Nonotsha Tumelo mo Mmoping wa Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Go Thusa ba Bangwe go Tlotla Modiri wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 9/92 ts. 4

Tlhomamisa Gore o Boela Gape

1 “Ke godisitswe ke le Mokatoliki, ka tsena kereke ya Methodist fa ke santse ke le kwa kholetšheng, ka ratana le mosimane wa Mojuda, mme morago ka nyalwa ke Molutere. Ga ke ise ke ko ke itumelele lefa e le epe ya ditumelo tseno tseo ke neng ka nna ‘ka di tlhatlologanya jaaka nako e ntse e tsamaya.’ Ke ne ka simolola go bala buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ka go okaoka kwa tshimologong mme ke kgatlhwa ke ditshwantsho tsa yone tse dintle. Ke ne ka nwetsa mogopolo otlhe mo go yone ka ba ka bala sephatlo sa yone sa bofelo ka tlhoafalo mo diureng tse nne. [Ke leboga Modimo] ka ntlha ya kitso ya me e ntšha le kagiso e kgolo e e mo go nna.” Go ne ga kwala jalo lekgarebe lengwe la kwa U.S.A., jaaka go ne ga begiwa go Tora ya Tebelo ya February 1, 1988, tsebe 32.

2 Re na le bosupi jo ntseng jalo jo bo tletseng ka kgatiso eno, a mongwe le mongwe wa rona a ka se batle go tshegetsa ka pelo yotlhe go neela batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang buka eno ya Tshelela Ruri ka mo go ka kgonegang? He re tshwanetse go tlhomamisa gore re dira maeto a go boela gore re tsibose kgatlhego e e sa kgaotseng ka kgatiso eno e e tlhomologileng.

3 Ereka buka ya Tshelela Ruri e diretswe go tshwara dithuto tsa Bibela, re ka tsena mo tirong eno ka matlhagatlhaga ebile re na le tsholofelo. O seka wa diega go boela go batho bao ba bontshitseng kgatlhego. Le mororo ba ka tswa ba ikamogeletse buka eno, dikgatelelo tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi mmogo le ditlhodiego tse di itlhagelang fela di ka dira gore kgatlhego e nyelele ka bonako, fela jaaka go ne ga tshwantshiwa mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi. (Math. 13:18-23) Go ka nna ga dirwa maeto a go boela a le mmalwanyana gore thuto e simololwe.

4 Go Dirisa Buka ya Tshelela Ruri go Simolola Thuto ya Bibela: O ka nna wa rata go dirisa mokgwa ono ka nako ya fa o boela gape go batho bao ba bontshitseng kgatlhego: “Buka eno e araba dipotso di le dintsi tsa motheo tseo gantsi batho ba di botsang kaga Modimo le Bibela. Ka sekai, ditumelo di le dintsi di ruta gore dihele ke lefelo le le tukang molelo ka bosakhutleng le batho ba ba bosula ba tlhokofadiwang gone. Ke eng se wena o se dumelang ka namana malebana le ntlha eno? [Mo neye sebaka sa go araba.] A o ne o ka seke wa rata go utlwa karabo e e boammaaruri e e tswang mo Bibeleng ya potso eo?” Mo kope gore a bule tsebe 81 mo sekaelong sa gagwe sa buka ya Tshelela Ruri mme a bale setlhogo se se mo kgaolong ya 9. Laletsa mong wa ntlo gore lo sekaseke dirapa tse tharo tsa ntlha mmogo. O ka nna wa rata go refosana le ene go bala dirapa tseno. Bala dipotso tse di kwadilweng mme o thuse mong wa ntlo go bona dikarabo mo dirapeng tse di sa tswang go balwa. Fa lo sena go sekaseka dirapa tse tharo tsa ntlha, botsa mong wa ntlo gore a o ka boa gape beke e e latelang go tla go tsweledisa motlotlo wa lona. Mmontshe tsela e a ka baakanyetsang ka yone ka go thalela dikarabo tsa dipotso tse di kwadilweng le go leba dikwalo mo sekaelong sa gagwe sa Bibela.

5 Kgotsa o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Fa ke ne ke go etetse mo malatsing a sekaenyana a a fitileng re ne ra tlotla ka tsholofetso e e tswang mo Bibeleng ya gore loso ga lo kitla lo nna gone gape. A o kile wa tsamaya wa akanya kaga go tshelela ruri? [Mo neye sebaka sa go araba.] Ke boammaaruri, batho ba le bantsi ba ne ba ka seka ba itumedisiwa ke kgopolo e e ntseng jalo ka ntlha ya pogo, bothubaki le tlala tse di setseng di re padimola.” E ka nna ya re fa lo bula ditsebe 11-13 o bo o ka re: “Mme a re re gongwe o ne o ka kgona go tshelela ruri tlase ga maemo a a ntseng jalo—a seo se ne se ka seke sa itumedisa? [Mo neye sebaka sa go araba.] Lefa go ntse jalo, gore re dire jalo go tlhokega sengwe mo go rona. Ela tlhoko se serapa sa 19 se se bolelang. [Se bale.] E re ke go bontshe kafa buka eno e dirilweng ka gone go go thusa go dira fela jalo.”

6 Kgatiso eno e e molemo e ile ya thusa diketekete tsa batho go bona tsela e e isang botshelong. O seka wa palelwa ke go boela gape le go latedisa kgatlhego e o ileng wa e bona. Kopa Jehofa gore a go thuse, mme go tswa foo o bo o dira karolo ya gago ya go dirisa sedirisiwa seno se se molemo sa go ithuta Bibela ka botlalo mo go thuseng motho yo mongwe go ithuta ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise ka bosakhutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela