Dirisang Dimakasine ka Botlalo
1 Fa o etela lefelo le go rekisiwang dipampiri tsa dikgang gone, o bona mokowa wa dimakasine di beilwe sentle tse di bontshang sengwe le sengwe go simolola ka tse di tshegisang go ya go tsa boranyane jwa saense. Le ka motlha o ka se kgone go di bala tsotlhe. Lefa gone dimakasine tse dingwe di na le tshedimosetso e e mosola, bontsi jwa tsone ke tse go bonalang di sena molemo o montsi. Dimakasine di le dintsi ke tse di tlhabisang ditlhong mme di tshwanetse go tilwa.
2 Abo seo se fapaane jang ne fa se bapisiwa le Tora ya Tebelo le Tsogang! Boikaelelo jwa dimakasine tseno ke go batla le go bolela boammaaruri joo bo ka dirang gore botlhe ba ba arabelang go lorato la Modimo ba bolokwe.
3 Tsogang! e ka fitlhelela mefuta yotlhe ya batho ka katlego ka go bo e na le ditlhogo tse di atologileng le tse di farologaneng. Jaaka e tlhalositswe go tsebe ya 4 ya tokololo nngwe le nngwe ya yone, “e sedimosetsa lelapa lotlhe.” E bontsha ditlhogo tse di malebana le dikgang tse di farologaneng, tse di akaretsang batho, bodumedi, le saense. E tlhatlhoba dilo e sa okole fela fa godimo e bo e bontsha gore dilo tse di diragalang gone jaanong di bolelang tota. Mo godimo ga tsotlhe, “e dira gore batho ba nne le tsholofelo mo lefatsheng le lesha le Mmopi a le solofeditseng le le nang le kagiso le polokesego.”
4 Tokololo ya Tsogang! ya October 8 e bontsha setlhogo se se reng “O Ka Fenya go Sula Moya.” Batho ba le bantsintsi ba ile ba tlhaselwa ke maikutlo a a ntseng jalo. Fa re tsamaisa makasine ono re bo re tlhokomedisa batho kgakololo ya one ya Bibela e e gomotsang ba ka nna ba nna le boikutlo jo bontle. Malebana le tokololo ya November 8, re tla kgona go bona batho ba ba reetsang fa re ba tlhokomedisa dintlha tse di gomotsang tse di mo motseletseleng wa setlhogo se se reng “Lefatshe Le Lesha Le Le Kgotsofatsang Botlhe.”
5 Tora ya Tebelo e itshupile e le mmueledi o o tumileng thata mo lefatsheng wa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le gore bo tla tlisa masego a Paradaise. Tokololo ya October 1 e tla araba potso e e reng “A Tota Batho Ba Tlhoka Mesia?” E tla re neela sebaka se se molemo sa gore re bue ka tsholofelo ya rona ya Bogosi. Tshedimosetso e e bontshitsweng mo tokololong ya October 15 e e reng “Botshelo jwa Lelapa Bo Fenya Kgwetlho Gompieno,” e tla re thusa gore re simolole metlotlo le maloko a lelapa ao a eletsang go ipona a gololesegile mo dikgatelelong di le dintsi tsa botshelo.
6 Re batla gore batho ba ba kgatlhegang ka peloyotlhe ba ikamogelele makwalopaka ano a a botlhokwa ka metlha. Fa o tlotla ka melemo e mentsi ya dimakasine tseno, leka go dira gore mong wa ntlo a di kgatlhegele. Nna le boikutlo jo bo siameng fa o tsamaisetsa mongwe le mongwe peeletso. Koo motho a ganang go dira peeletso gone, tsamaisa dimakasine di le pedi, o bo o mmolelela gore o tla boela gape mo dibekeng tse pedi o tla ka ditokololo tse disha. Fa o dira jalo o ka kgona go simolola tselana ya dimakasine ya ka metlha. Fa batho ba sena madi a go dira peeletso ya ngwaga, ke ka ntlha yang o sa tsamaise ya dikgwedi tse thataro?
7 Re ka akantsha gore botlhe ba nne le makwalopaka a rona, ereka re tlhatswegile pelo ka botlhokwa jwa one. Re tshotse sengwe se se molemo, mme re tla bo re etsa Keresete fa re se abalana le ba bangwe.—Dia. 3:27; Baheb. 13:16.