LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/90 ts. 4
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GA DI TSHWANE LE DIMAKASINE TSA LEFATSHE
  • GO DIRA SEABE SA RONA
  • Buelela Dimakasine mo Tshimong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka a Boammaaruri A A mo Nakong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Dimakasine di Itsise Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 9/90 ts. 4

Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dimakasine

1 Ga go na makwalopaka ape a mangwe mo hisitoring ao a ileng a nna le matswela a a ntseng jalo a a molemo mo matshelong a batho jaaka fa go dirile Tora ya Tebelo le Tsogang! Tokololo nngwe le nngwe ya tsone e tletse ka dijo tsa semoya tseo di nayang botshelo. Matswela a patlisiso e e boteng ao a neelwang ka tshegetso e e nonofileng ya Dikwalo a otlelela molaetsa wa boammaaruri mo megopolong le mo dipelong tsa rona.

2 Tora ya Tebelo, ka ditsebe tsa yone, e tlhalosa dithuto tsa Bibela mme ebile e gogela tlhokomelo ya rona mo go diragadiweng ga dipolelelopele tsa Bibela. E kgothaletsa botlhe bao ba tshwerweng ke tlala ya semoya gore ba fetole mogopolo wa bone le gore ba apare botho jo bosha. (Bar. 12:2; Baef. 4:22-24) Tsogang! e tsibosa babadi ba yone ka ditiragalo tse di botlhokwa tse di diragalang mo lefatsheng. Ditshwantsho tsa yone tse di kgatlhisang thata tseo di bontshang dilo tse di jesang kgakge tsa popo di tsosa kgatlhego mo lefatsheng le lesha ebile di godisa kanaanelo mo Mmoping yo o lorato.

GA DI TSHWANE LE DIMAKASINE TSA LEFATSHE

3 Dimakasine tsa lefatshe ga di bontshe batho kafa ba ka nnang ka gone le matshelo a a kgotsofatsang mo lefatsheng leno. Ga di neele tsholofetso epe ka isagwe mme ebile di palelwa ke go ruta batho kafa ba ka bonang botshelo jo bosakhutleng ka gone. Dimakasine tseo tsa lefatshe di gatiseditswe gore di etleetse dilo tsa lefatshe. Abo Tora ya Tebelo le Tsogang! di farologane mo go tsone jang ne!—1 Yoh. 2:15-17.

4 Kwantle ga pelaelo wena ka bowena o ikutlwa o lebogela tokololo nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang! go tswa botennyeng jwa gago—tseo eleng dimakasine tseo di nang le monko o o monate wa boammaaruri o o tswang kwa go “Molebalebi eo o ikanyègañ.” (Luke 12:42) Ke eng seo re ka se dirang gore re tokafatse tsela eo re tsamaisang dimakasine ka yone mme ka gone re thuse ba ba oketsegileng gore ba bone molemo go tswa mo makwalopakeng ano a rona?

GO DIRA SEABE SA RONA

5 Pele ga re ka kgothatsa ka tshwanelo ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang gore ba bale dimakasine tsa rona, re tshwanetse ra itse gore ke eng seo se leng mo lekwalopakeng lengwe le lengwe. Seno se tlhoka gore re bale tokololo nngwe le nngwe pele ga re e dirisa mo bodiheding. Fa re tlwaelane ka botlalo le diteng tsa yone, re ka dirisetsa dikarolo tsa bodihedi jwa ka ntlo le ntlo, tiro ya mmila, mmogo le bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo go anamisa dimakasine.

6 Mo godimo ga moo, fa re na le dimakasine tsa bosheng jaana mo go rona ka nako ya fa re ya go reka, re palame dipalangwa tsa botlhe, re le kwa sekolong, re le kwa lefelong leo re berekang kwa go lone, kana lefa e ka nna kae fela koo re yang gone, re tla kgona go ka dirisetsa ditshono tse di tshwanetseng go ka neela bosupi. Ketapele e e tlhophilweng sentle go tswa mo bukeng ya Go Fetolana e patilwe ke ntlha nngwe e e tswang mo go nngwe ya ditlhogo di ka nna tsa tsosa keletso ya motho ya gore a bale dimakasine tsa rona.

7 Lemororo metlotlo ya rona e ka nna mekhutshwane fa re tsamaisa dimakasine, ga re a tshwanela go dira gore motlotlo wa rona e nne oo o felelang fela ka motsotso kana go feta. Re batla go ipha nako ya go tlhomamisa gore a motho yoo tota o kgatlhegela molaetsa le gore a o tla bala makasine oo kana nnyaa. Fa go tsoga dipotso, re tshwanetse ka metlha re leke go araba dipotso tseo ka go dirisa Bibela ya rona ka botlalo kana buka ya Go Fetolana. Fa re iketleeditse go femela tumelo ya rona, re ka roba ditshegofatso tse di gakgamatsang.—1 Pet. 3:15.

8 Fa motho yoo a dumalana go bala dimakasine tseo, re ka nna ra bua ka tiro ya rona gore ke ya mofuta mang le kafa dimakasine tseno di gatisiwang ka gone gabedi ka kgwedi e le bontlhanngwe jwa tiro ya go ruta Bibela ya lefatshe ka bophara. Tshedimosetso eo eleng mo tsebeng 2 ya Tora ya Tebelo kana e e mo tsebeng 4 ya Tsogang! e tlhalosa seno ka tsela e e molemo thata. Ereka diteng tsa tokololo e e latelang di seke di tlhoka go thathamisiwa, re ka nna ra botsa dipotso tseo di amanang le tsone kana ra mo lemotsha ditlhogo tse di santseng di tla. Seno se ka nna sa tsosa keletso ya motho yoo mme sa mo tlhotlheletsa gore a bontshe keletso ya go ka bona tokololo eo fa e tswa. Seno e ka nna ya nna tshimologo ya tselana ya dimakasine.

9 Jaaka fa bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ntse bo atamela jaana, ekete re ka akosa dinao tsa rona gore re thuse batho ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang gore ba falole mo go Babelona o Mogolo le gore ba tle mo boammaaruring. (Tshen. 18:4) Tora ya Tebelo mmogo le Tsogang! di na le seabe se segolo mo tirong ya rona ya go ruta Bibela lefatshe ka bophara. Re a leboga go bo Jehofa a dirile gore re kgone go ka nna le tsone gore re di dirise mo bodiheding. Ekete Jehofa a ka tswela pele a re segofatsa fa re ntse re dirisa makwalopaka ano ka kelotlhoko le go a dirisa thata!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela