Thusa Bana go Direla Jehofa go Tswa mo Pelong
1 Solomone o ne a bolela gore “bana ke boshwa yoa ga Yehofa.” (Dipes. 127:3-5) Eleruri, ke boswa jwa tlhwatlhwa e e sa lekanngweng le sepe. Batsadi ba na le boikarabelo jo ba bo neilweng ke Modimo jwa go ruta bana ba bone, go ba katisa, le go ba otlhaya. Seno se akaretsa go ba katisetsa mo bodiheding, go kgothaletsa bana go bua kaga Jehofa le Bogosi go tswa mo pelong.—Baef. 6:4.
2 Batsadi ba tshwanetse go simolola go katisa ngwana a na le dingwaga di le kae? Karabo ya Bibela e phepafetse: E tshwanetse ya nna go tswa bonyenyaneng. (2 Tim. 3:14, 15) Go ka kgonega gore bana ba nne le motheo o o tiileng mo boammaaruring le gore ba dire bodihedi tiro ya bone, fa o simolola go ba katisa ba le babotlana. Gape go ba katisa ba sa le babotlana go tla ba thusa gore ba se ka ba nna le kakanyo le maikutlo a lefatshe.
3 Bana ba le bantsi ba ba iseng ba simolole sekolo ba ile ba itshupa ba na le bokgoni jo bogolo jwa go ithuta ditiro tse di thata. Bokgoni jono jwa bone jwa go ithuta ba sa le babotlana bo tshwanetse jwa dirisiwa go ba katisetsa go dira ditiro tse di amogelwang ke Jehofa. (wTN88 8/1 ts. 15; wTN89 12/1 ts. 31) Basha ba le bantsi ba ile ba bontsha botswelelopele go fitlhela ba nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Bana ba bangwe ba dira boineelo le go kolobediwa ba ise ba tsene mo dingwageng tsa bolesome. Seno se ile sa ba neela sebaka sa go direla jaaka babulatsela ba ba thusang mme tota le go nna ba ka metlha pele ba fetsa sekole. Gore ba tle ba fitlhelele mekgele eno, ba tlhoka gore ba rutiwe go buisana le batho ka dikgang tsa Bibela tse di farologaneng.
4 Bagolo bangwe ba ba nang le tshekamelo ya go leba basha botlhe ba segompieno jaaka ba ba senang maitseo le ba ba senang tlotlo ba ka nna ba se ka ba kgatlhegela go buisana le mosha yo o tla bong a etetse ntlo eo. Mmoledi yo mmotlana o ka nna a reng fa a tsena mo ntlong eo gore a ntshe sekgoreletsi se se ntseng jalo mme a gape tlhokomelo ya mong wa ntlo yono yo mogolo? Mmoledi mongwe yo mmotlana o ne a bua ka tsela eno: “Dumela, leina la me ke _______. Ke etela baagelani ba me gompieno ka gonne ba le bantsi ba bone ba tshwenyegile ka isagwe. Jaaka mogolo, eleruri o na le boitemogelo jo bontsi ka dikgang tsa botshelo go nkgaisa. Lefa go ntse jalo, go na le lokwalo fano le le re gomotsang.” Fa o sena go bala Tshenolō 21:3, 4, o ka lebisa motlotlo go pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha la Kagiso.
5 Kakantsho e nngwe e re: “Dumela, leina la me ke _______. Ke etela baagelani ba me ka bokhutshwane ka gonne ke itse gore bagolo ba le bantsi ba amegile ka tsela e basha ba e tsayang gompieno. Ka dinako tse dingwe basha ba nna le boikutlo jwa go sa bontshe tlotlo, tota le go tsuologa. Mme lefa go ntse jalo ke abalana le bone ka lokwalo lo lo bontshang gore ka letsatsi lengwe mongwe le mongwe o tla ithuta go tshela mmogo ka kagiso.” Morago ga moo bala Dipesalema 37:11 o bo o akgela ka tshwanelo. Fa beng ba matlo ba ba godileng ba utlwa ditlhaloso tse di ntseng jalo tse baboledi ba rona ba babotlana ba di bolelang ka bopeloephepa, eleruri ba le bantsi ba bone ba tla bontsha kgatlhego.
6 Baboledi ba babotlana ba le bantsintsi ba tswelela pele ba nna le seabe se se molemo mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. Ba tshwanetse ba akgolwa ka tsela e e lorato. Basha ba ba katisitsweng ke batsadi ba ba boifang Modimo go tswa bonyenyaneng ba amogela kgothatso e e dirwang ka bopeloephepa ka tsela e e motlhofo ya gore ba berekele go nna le seabe ka botlalo mo dikarolong tsotlhe tsa bodihedi. Bao ba ba tsenang sekolo ba na le sebaka se se kgethegileng sa go rerela bao ba tsenang sekolo le bone le barutabana ka mo go tshwanang. Basha ba le bantsi ba ile ba itumelela go nna le maitemogelo a a monate a go neela bosupi mo tshimong eno e e kgethegileng.
7 Ka jalo thusa baboledi ba babotlana ba ba mo phuthegong ya lona go sola sebaka molemo ka go direla Jehofa mo bosheng jwa bone, ba mo galaletsa go tswa mo pelong.—Mor. 12:1.