Tlhopha Dintlha Tse di Tshwanetseng Tse di Ka Buelelwang
1 Ke eng se re ka se dirang gore re kgothaletse batho go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha? Re tshwanetse ra bo re na le dintlha tse di kgatlhang tseo re ka di buelelang fa re tsamaisetsa ba bangwe dimakasine. Fa re tlwaelane sentle le batho ba ba mo tshimong ya rona ebile re akanya ka bone fa re ntse re bala dimakasine tseno, re ka kgona go leba dintlha tse re ka di buelelang gore re tsose kgatlhego ya bone.
2 Mo dikarolong tse dingwe batho ba ka nna ba bo ba tshwana le rona ka tsela ya botshelo, mo go tla dirang gore go nne motlhofo gore re lemoge sengwe seo se ka ba kgatlhang ka kakaretso. Mme lefa go ntse jalo mo mafelong a mangwe, re ka nna ra fitlhela batho e le ba ba farologaneng le rona ka tsela ya botshelo. Fa re gopotse ka dintlha di le mmalwanyana tse re ka di buelelang, re ka tlhopha e le nngwe e e tshwanelang thata motho mongwe le mongwe yo re kopanang le ene.
3 O se ka wa itlhaganelela go latlha ditokololo tse dikgologolo tsa dimakasine fa o setse o amogela tse disha. Gantsi mokaulengwe mongwe o ne a tle a tshwarele mong wa ntlo ditokololo di le tharo kana di le nne tsa Tora ya Tebelo mme a mo letle gore a itlhophele tse a batlang go di bala. Fa re fitlhela gore re amogela dimakasine di le dintsi mo re sa kgoneng go di tsamaisa tsotlhe, re tshwanetse ra akanya ka go fetola otoro ya rona.
4 Fa ka metlha re dirisa dintlha tse di tshwanetseng tse re ka di buelelang, re ka nna ra tlhotlheletsa ba bangwe go bala dimakasine tsa rona mme ka gongwe batho ba ba ntseng jalo le bone ba simolola go tsena mo tseleng e e isang botshelong. (Math. 7:14) Fa re sekaseka kgang eno e e botlhokwa ka kelotlhoko, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa.