LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/92 ts. 2
  • Dikgang Tsa Bolegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Bolegodimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 12/92 ts. 2

Dikgang Tsa Bolegodimo

Afrika Borwa: Go a kgothatsa eleruri go lo neela pego ya go kgakolwa ga Diholo tsa Bogosi tse dingwe di robabongwe. Go akarediwa diphuthego tse di latelang: Ellisras, Lorraine (kwa Port Elizabeth), Maclear, Makhamangeni (kwa Port Alfred), Maseru South, Palapye (Botswana), Phuthaditjhaba (kwa Qwa-Qwa), Turfspruit (kwa Potgietersrus), le Tshatshu (gaufi le King William’s Town).

Angola: Go ntse go tla dipego tse di begang ka koketsego e ntlentle. Ka July go ne go na le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 18 911, mme go ne ga tshwarwa dithuto tsa Bibela di le 56 075.

India: Palogotlhe ya baboledi ba ba neng ba bega ka July e ne e le 12 169, kana 14 lekgolong go feta palogare ya ngogola. Go fitlheletswe tlhora e ntšha ya dithuto tsa Bibela tsa magae ya 10 153.

Myanmar: Go fitlheletswe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 958 ka July.

São Tomé le Príncipe: Tlhora ya baboledi ba le 80 ba ba gatetseng pele ba ne ba tsaya karolo mo tirelong ya tshimo ka July. Palo ya dithuto tsa Bibela tse di neng tsa tshwarwa—ka July e ne e le 382—se se bontshang gore eleruri tshimo eno e budule go ka ntsha thobo e e nonneng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela