‘Lo ba Rute . . . Dilo Tse ke Di lo Laoletseng’
1 Go dira barutwa go kopanyeletsa go ruta. Pele ga motho a ka nna morutwa wa ga Keresete, o tshwanetse a rutwa go “tlhōkōmèla dilō” tse Jesu a di laotseng. (Math. 28:19, 20) Tsela e e molemo thata ya go dira seno ke ka thuto ya Bibela ya legae.
2 Go simolola dithuto tsa Bibela ga se selo se se motlhofo ka dinako tsotlhe. Fa e le gore o na le bothata mo go simololeng thuto ya Bibela, o se ka wa kgobega marapo. Gore o tle o atlege mo go simololeng dithuto tsa Bibela o tshwanetse wa bo o ititeile sehuba ebile o na le keletso e e phepa ya go abela batho ba bangwe boammaaruri.—Bagal. 6:9.
3 Go Dira Gore Kgatlhego E Nne Teng: Puisano ya lona ya kwa tshimologong e ka nna ya dira gore go nne le kgatlhego fela e sekae. Bontsinyana jwa bakaulengwe ba rona ba itlwaeditse gore ba dire maeto a go boela fela fa e le gore ba ile ba tlogelela batho dibuka kana fa fela e le gore batho ba bontshitse kgatlhego e e kgethegileng. Mo mabakeng a le mantsi re tshwanetse go tlhagolela gore mong wa ntlo a kgatlhegele boammaaruri. Gongwe mong wa ntlo o ne a amogetse fela pampitshana, boroutšhara, kana dimakasine. O ka nna wa kgona go dirisa nngwe ya tseno go simolola thuto ya Bibela ya legae. Fa e le gore mong wa ntlo o tswelela a ntse a bontsha kgatlhego mo molaetseng, o ka nna a lebisiwa kgatisong e nngwe e e tshwanetseng mo loetong lo lo latelang moragonyana.
4 Go ipaakanyetsa ke gone selo se segolo se se tlisang katlego. Ke eng fa o sa tlhophe go sa le nako temana nngwe mo Dikwalong eo e nopotsweng mo pampitshaneng, mo boroutšhareng, kana mo makasineng eo o rulaganyeditseng go tla go e dirisa mo loetong lwa gago lwa go boela? Ka tsela eo o tla kgona go lomaganya dikakgelo tsa gago go tswa mo kgatisong le puisano ya gago. Mme ebile o ka nna wa kgona le e leng go bala serapa se le sengwe kana di le pedi ka tlhamalalo go tswa mo kgatisong.
5 O ka nna wa bua jaana:
◼ “Re ntse re abalana tshedimosetso nngwe kaga polelelo pele nngwe e e gakgamatsang e e diragadiwang gone jaanong.” Bala Mathaio 24:3, go tswa foo o bo o lomaganya ditshwantsho le dikakgelo tse di mo tsebeng ya 149-54 mo bukeng ya Tshelela Ruri. Go ka nna ga dirisiwa dikakgelo tse di tshwanang le tseno koo mong wa ntlo a neng a amogela makasine fela, boroutšhara, kana pampitshana.
6 Re tshwanetse go nna bofefo go boela ba ba bontshitseng kgatlhego. Leka go boela motho beke e ise e fele gore mong wa ntlo a bo a santse a gakologelwa sentlentle motlotlo o lo ileng lwa nna le one la bofelo. Nako le nako fa o etile, tlotla ka dirapa disekae go tswa mo kgatisong eo o neng wa e tlogela.
7 Gompieno go santse go na le namane e tona ya tiro ya go roba eo e neng ya bolelelwa pele ke Jesu. (Math. 9:37, 38) Jaaka fa re ntse re tsweletse ka go ruta batho ba ba dipelo tse di ikanyegang, re na le mafoko a a kgothatsang a ga Jesu a gore ‘o na le rona ka metlha yotlhe go ya go fitlha kwa bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’