Go Thusa Batho ba Bangwe go Bona Botlhokwa Jwa Buka ya Matsapa a a Tserweng Ke Motho go Batla Modimo
1 “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga.” (Baheb. 4:12) E re ka dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Bibeleng di thusa batho gore ba solegelwe molemo ke maatla a Lefoko la Modimo, re di dirisa go tlhotlheletsa batho go kgatlhegela Bibela fa re neela bosupi ka tsela e e seng ya ka tlwaelo kana fa re ba etela ka ntlo le ntlo.
2 Ka January re tla bo re tsamaisa buka ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R4,50. Re sale re simolola go dirisa kgatiso eno go tloga ka 1991 mme e bile re setse re itse sentle dikgang tse di mo teng ga yone tse di kgatlhang. Lefa go ntse jalo, go tla tlhokega gore o baakanyetse dikakgelo tsa gago tsa molaetsa wa Bogosi e le gore o tle o kgone go di lomaganya le ntlha nngwe mo bukeng. Seno se ka dirwa jang?
3 Kafa O Ka Ipaakanyetsang ka Teng: Simolola ka go tlhopha kakgelo nngwe mo bukeng ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo e e ka nnang ya kgatlha batho ba ba dipelo di phepa mo tshimong ya lona. Morago ga moo, akanya ka tiragalo nngwe ya bosheng kgotsa selo sepe fela se se ngokileng kgatlhego ya batho se o ka kgonang go tlotla ka sone le mong wa ntlo ka bokhutshwane pele o mmontsha kakgelo e o e tlhophileng mo bukeng. Gongwe go ka tswa go na le lokwalo lo lo umakilweng kana lo lo nopotsweng lo o ka lo balang go tswa mo Bibeleng kgotsa wa lo bala ka tlhamalalo go tswa mo bukeng go tshegetsa dikakgelo tsa gago. Leka go mo tlogela ka potso kgotsa ntlha nngwe fela e e tla nnang yone motheo wa motlotlo wa lona fa o mmoela gape.
4 Tsamaisetsa Batho Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo: O ka nna wa simolola motlotlo ka go umaka sengwe se go buiwang ka sone mo dikgannyeng se gongwe se bontshang kafa bodumedi bo nnang le seabe mo dipolotiking ka teng kgotsa se bontsha ka tsela e bodumedi bo tlhotlheletsang matshelo a batho ka teng.
Go tswa foo, o ka nna wa botsa jaana:
◼ “O akanya gore Modimo o tsaya jang ditumelo tse gompieno di tlhotlheletsang dikgang tsa lefatshe? [Mo letle gore a arabe.] A o tla gakgamadiwa ke go itse gore dithuto tsa konokono tsa ditumelo tseno tsotlhe di tshwana tota e bile di farologane gotlhelele le dithuto tsa Bibela?” Fa mong wa ntlo a kgatlhegela go reetsa, mmontshe lenaane la diteng, mme o mo tlhalosetse ka bokhutshwane gore e ka ne motho ke wa bodumedi kana ga se ene, botshelo jwa gagwe bo amiwa ke tlhotlheletso e e maatla ya bodumedi. Mo tlhokomedise gore a ka solegelwa molemo ke go ithuta gore ke ka ntlha yang fa matsapa a motho a a tsereng go batla Modimo a dirile gore go nne le ditsela tse dintsintsi jaana e bile di mo fapositse mo go ithuteng ditsela tsa go lemoga bodumedi jo bo siameng.
5 Fa re le mo bodiheding, motho mongwe a ka nna a ikaya e le wa setlhopha sengwe sa madumedi a magolo. Re ka nna ra bontsha fa re lemoga seo, mme gongwe re bue jaana: “Go a itumedisa go kopana le batho ba ditumelo tse di farologaneng. Matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo a ile a dira gore go nne le ditsela tse di farologaneng. [Fa o bona go tshwanela, o ka nna wa umaka Ditihō 17:26, 27.] A ga o dumalane le nna gore gantsi batho ba sala ditumelo tsa batsadi ba bone morago go na le go dira matsapa a go batla Modimo ka bobone? Ka mafoko a mangwe ba tsalelwa mo bodumeding jo bo rileng. Go buiwa ka kgang eno mo kgaolong ya ntlha ya buka eno ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo. [Mmontshe tsebe 8, serapa 12.] Go ithuta go le gontsi ka ditumelo tsa batho ba bangwe go baya motho mo leseding e bile go a ruta. Buka eno e tlhalosa madumedi a magolo a lefatshe, gore a simologile jang, a dira dilo jang, le gore a ruta eng.”
6 Ka dinako tse dingwe go ka nna molemo thata gore o abele motho makasine kana pampitshana. Go na le dilo di le dintsi tse di ka re dirang gore re tlhoafale le go nna matlhagatlhaga fa re kgothaletsa batho ba bangwe go bala kgatiso eno gore e ba thuse gore ba iponele maatla a Lefoko la Modimo mo matshelong a bone ka go tsibogela kaelo ya lone.