LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/94 ts. 1
  • Bakang Motsalwapele wa ga Jehofa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakang Motsalwapele wa ga Jehofa!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • ‘Naya Bosupi ka Botlalo Jwa Dikgang Tse di Molemo’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Jehofa o Segofatsa Maiteko a Rona a go Tshwara Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 2/94 ts. 1

Bakang Motsalwapele wa ga Jehofa!

1 Ka Sontaga, Nisane 9, 33 C.E., boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne jwa baka Morwa wa ga Jehofa wa motsalwapele, Morena Jesu Keresete, ba tshotse makolane ka diatla, ba re ke “Kgosi e e tlañ ka leina ya ga Yehofa!” (Luke 19:38; Baheb. 1:6) Ka Mantaga le Labobedi, ka Nisane 10, le 11, Jesu o ne a tshwaregile thata ka bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa, a dira gore malatsi ao a bofelo a gagwe e nne mangwe a malatsi ao a tshwaregileng go feta ape fela mo botshelong jwa gagwe jwa mo lefatsheng.

2 Gompieno, boidiidi jwa batho jo bo leng bogolo le go feta, bo goeletsa jaana ka lentswe le legolo bo tshotse makolane a tshwantshetso ka diatla: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tshen. 7:9, 10) Ka March 26, re tla kopana go keteka Segopotso sa Loso lwa ga Keresete mmogo. Fa letlha leo le ntse le atamela, a re ka oketsa tiro ya rona mo bodiheding e le gore re godise modumo ono o mogolo wa lefatshe lotlhe wa pako?

3 Oketsa Tiro ya Tshimo: Baboledi ba le bantsi ba setse ba ikwadiseditse go dira tiro ya bobulatsela jo bo thusang ka kgwedi ya March. A o ka rata gore le wena o ba pate? Fa go ntse jalo, isa lokwalokopo lwa gago kwantle ga go diega. Mongwe wa bagolwane a ka rata go araba potso epe fela e o ka tswang o na le yone tebang le tiro eno.

4 E ka ne e le gore o tla nna mmulatsela yo o thusang kana ga o ne o nna ene, o tla batla go nna le seabe ka botlalo mo bodiheding ka March. Phuthego e ka nna ya dira dithulaganyo tsa gore go neelwe bosupi ka ditlhopha letsatsi lengwe le lengwe la kgwedi eo. Lo tlhophe tshimo nngwe e e lekaneng go e dirisetsa seno.

5 Diphuthego tsotlhe di tshwanetse go rulaganyetsa go nna le pokano e e kgethegileng ya tirelo ya tshimo ka Matlhatso wa March 26. Le mororo lo tla tshwanelwa ke go dira go le gontsi go baakanyetsa Segopotso, mongwe le mongwe yo o ka kgonang o kgothalediwa go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo mo mosong wa Matlhatso ao. Fa o ntse o tsweletse ka tiro ya ka ntlo le ntlo, tlhomamisega gore batho ba o ba laleditseng go tla Segopotsong ba na le sepalangwa le gore ba itse nako le lefelo la dipokano sentle.

6 Laletsa Batho Ba Bangwe O Bo O Ba Kgothatse: Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Dihañ mo lo nkgopolè ka gōna.” (1 Bakor. 11:24) Jaaka fa balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba tla bo ba tsweletse ka go ikobela taolo eno, motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa o lalediwa go nna gone le go keteka moletlo ono wa Segopotso. Batho ba bangwe ba o ka ba laletsang ke ba o ithutang Bibela le bone, balosika, ba o kileng wa tlotla le bone ka Bibela, balekane ba e seng basupi, le ditsala tsa kwa tirong. Ba kwale gore o se ka wa lebala ope.

7 O tla kgona go bona sebaka se sengwe gape kwa Segopotsong sa gore o kgothatse batho ba ba kgatlhegang. Dira gore o goroge go sa le gale gore o tle o kgone go dumedisa batho ba basha ba e leng lekgetlho la ntlha ba nna gone. Fa e le gore diithuti tsa gago tsa Bibela tse di tla nnang gone e tla nna tse di mokawana, go ka nna molemo gore mmoledi yo mongwe a nne le bangwe ba bone ka nako ya dipokano. Laletsa baeng gore ba nne gone mo Dipokanong tsa Botlhe tsa ka metlha tsa phuthego. Mogolwane yo o tlhophilweng gore a neele puo ya phatlalatsa, o tshwanetse go ipaakanyetsa sentle gore a neele puo ka tsela e e tlhotlheletsang.

8 A ke e re kwa bofelong jwa moletlo wa Segopotso, fa re tla bo re kopanya mantswe a rona re opela pina 105, “Bakang Motsalwapele wa ga Jehofa!,” re kgone go leba kwa morago re kgotsofaletse go galaletsa Jehofa ka go bereka ka tlhagafalo mo kgweding eno ya tiro ya puso ya Modimo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela