Ema Nokeng ka Botlalo Thulaganyo ya Phuthego ya Lona ya Pokano ya Phatlalatsa
1 Dingwaga di sekae tse di fetileng lekawana lengwe le ne la bona pampitshana ya taletso e e neng e itsise ka dipokano tsa phuthego mo lefelong la bone. E re ka a ne a batla boammaaruri, o ne a swetsa ka gore a ye Pokanong ya Phatlalatsa ka yone Sontaga eo, mme a fitlha kwa holong go sa le gale. Mmoledi mongwe o ne a mo dumedisa ka botsalano mme, ka nako ya fa ba ntse ba tlotla jalo, a mo kopa gore a ithute Bibela le ene mme ene a gana. Lefa go ntse jalo, o ne a kgatlhiwa thata ke ka tsela e puo ya phatlalatsa e neng e baakanyeditswe sentle ka teng mo a bileng a fetola mogopolo wa gagwe, mme ya re morago ga dipokano a dumela gore a rutiwe. Lekawana leno le ne la gatela pele ka bofefo mme morago ga dikgwedi di sekae la kolobediwa. Bobotlana re ka ithuta dilo di le tharo tse di molemo mo tiragalong eno.
2 Santlha, Pokano ya Phatlalatsa e ne e phasaladitswe. A lo dirisa dipampitshana tsa taletso go phasalatsa dithulaganyo tsa dipokano tsa phuthego ya lona? Jaaka fa modulasetulo a itsise setlhogo sa puo ya phatlalatsa e e tla neelwang mo bekeng e e latelang, akanya ka batho bangwe mo tshimong ya lona ba ba ka nnang ba kgatlhiwa thata ke setlhogo seo, e ka tswa e le ba gone jaanong ba balang dibuka tsa rona kgotsa e se ba ba di balang. Batho ba bangwe ga ba rate go bala, kgotsa fa ba bala, ba bala ka bothata, lefa go ntse jalo ba ka nna ba rata go reetsa setlhogo sengwe se se buang ka Dikwalo.
3 Sabobedi, moeng yono o ne a amogetswe ka diatla tsoopedi. Fa o ka rulaganya gore o nne gone kwa holong go sa le gale ka mo o ka kgonang ka teng, o tla kgona go dumedisa bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi gape le batho bape fela ba ba kgatlhegang. (Baheb. 10:24) Fa e le lantlha moeng a tla dipokanong, a ka nna a se ka a itse gore a ka solofela eng. Mo tlhalosetse gore dipokano tsa rona di simolola ka pina le thapelo, mme o mmolelele kafa dipokano di tlileng go tshwarwa ka teng. Fa go tshwanela, mo kope gore a dule gaufi le wena gore o kgone go leba Bibela le buka ya dipina le ene. Mo kope gore a go botse dipotso dipe fela tse a ka nnang le tsone fa dipokano di tswa.
4 Saboraro, puo e ne e baakanyeditswe sentle. Bao ba nang le tshiamelo ya go emela phuthego e le dibui tsa phatlalatsa ba fetsa diura di le dintsi ba baakanyetsa le go boaboeletsa dintlha gore ba tle ba tlhotlheletse bareetsi mo loratong le mo ditirong tse di molemo. Rotlhe gompieno re na le mathata, mme boammaaruri jo bo lapolosang jo bo tswang mo Lefokong la Modimo ke jone jo bo re thusang go a itshokela. Ke boammaaruri gore, lefa puo e ka nna e e rutang thata go le kana kang, go tla bo go sa re thuse sepe ka namana fa re sa sekegele se se buiwang tsebe. A o a tle o nne le bothata jwa go eta mogopolo ka nako ya puo? O ka nna wa thusiwa ke go tla o kwala dintlha tse dikhutshwane, jaaka re tlhola re dira kwa dikopanong tsa rona. Tlhomamisa gore o e tle o phutholola Bibela ya gago fa Lekwalo lengwe le balwa le go tlhalosiwa.
5 Mokgatlho o rulagantse dipuo tsa phatlalatsa tse di nang le ditlhogo tse di farologaneng tsa Dikwalo. Setlhopha sa bagolwane se dira dithulaganyo tsa Pokano ya Phatlalatsa ya phuthego le molebedi yo o okamelang kana mongwe yo a mo tlhophileng. Go tlhophiwa ditlhogo tse di baakantsweng ke Mokgatlho go itebaganya le mathata a bosheng a a lebaneng lefelo leo. O se ka wa tlolwa ke epe ya tshedimosetso eno, mme o eme Pokano ya Phatlalatsa ya beke le beke ya phuthego ya lona nokeng ka botlalo.