Dijo ka Dipaka Tse e Leng Tsone
Jaaka go itsisitswe mo tokololong ya January 1994 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, puo e e kgethegileng ya setlha sa Segopotso e tla neelwa mo diphuthegong tse dintsi ka April 10. Setlhogo sa polelo eo ke “Bodumedi jwa Boammaaruri Bo Kgotsofatsa Batho mo Dilong Tse Ba Di Tlhokang.” Go tshwanetse ga dirwa maiteko a a kgethegileng tota go laletsa ba ba tlang kwa Segopotsong ka March 26.