Molaetsa O o Mo Nakong
Jaaka go ne ga itsisiwe mo tokololong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 1993, puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ya nako ya Segopotso monongwaga e tla bo e neelwa mo diphuthegong di le dintsi ka March 28. Molaetsa wa yone o o mo nakong o na le setlhogo se se reng “O Leba Jang ‘Ditiro tsa Modimo?’” Lo tshwanetse lwa dira maiteko otlhe a gore lo laletse batho ba ba kgatlhegang. Bao ba tla bong ba le gone kwa puong ba ka nna ba kgothalediwa go nna gone go keteka Segopotso ka April 6.