LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/94 ts. 2
  • Bophepa bo Tlotla Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bophepa bo Tlotla Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Rata Batho ba ba Phepa
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Bophepa—Bo Kaya Eng Tota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bophepa bo Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bophepa—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 4/94 ts. 2

Bophepa bo Tlotla Modimo

1 Mo Molaong wa ga Moshe go ne go na le ditekanyetso tse di gagametseng tse di neng di tlhomamisa gore go nne le bophepa. Di ne di tlhaola Baiseraele jaaka batho ba ba neng ba tshwanetse go ipoloka ba le phepa mo mmeleng le mo semoyeng. (Lefi. 11:35, 36; 15:1-11; Isa. 52:11) Boemo jo bo phepa jono bo ne bo tlotla Modimo e bile bo ne bo dira gore setšhaba se nne le botsogo jo bontle.

2 Le gompieno bophepa ke selo se se tlhaolang batho ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, le mororo seno se tlhaola batho ba ga Jehofa jaaka setlhopha, a go ntse jalo ka mongwe le mongwe wa rona? Tsela e re amegang ka bothakga le bophepa jwa rona ka yone e supa gore re anaanela ditekanyetso tsa ga Jehofa go le kana kang.

3 Go tweng ka tsela e malapa a rona a lebegang ka yone? A e dira gore batho ba nyatse molaetsa wa Bogosi o re o tshotseng? A go ka diragala gore batho ba bangwe ba belaele gore a tota re bua boammaaruri fa re bua ka go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise, fa malapa a rona a se phepa le jarata e na le bojang jo bo godileng thata jo bo sa segiweng kana go na le mefero? Fa malapa a rona a tlhakatlhakane kana go na le menkgo e e seng monate e e bakiwang ke go bo re itlwaeditse go sa nne phepa, a go ka twe re tlhagolela “mekgwa ya bophepa e e tshwanelang lefatshe le lesha kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo”?—om-TN dits. 130-1.

4 Go tweng ka koloi e re e dirisang mo tirelong ya tshimo? A e phepa sentle kafa teng le ka kwa ntle, gore tsela e e lebegang ka yone e tshwanele tiro ya rona ya go rera? Go tweng ka diaparo tsa rona, dikgetsi tsa rona tsa dibuka, le tsela e re ipaakanyang ka yone? A di bothakga e bile di a tshwanela, a ga di kgopisi ope? Re tshwanetse gore ka metlha re ipoloke re le phepa le diaparo tsa rona ka go tlhapa ka metlha le go tlhatswa diaparo.—wTN89 6/1 dits. 16-19.

5 Go tweng fa e le gore mokaulengwe mongwe o simolotse go nna botlhaswa mo e leng gore bophepa jwa gagwe jwa mmele le mo a nnang teng di lere kgobo mo phuthegong? Gongwe o tlhoka fela go thusiwa ka tsela e e lorato ka ntlha ya botsofe kana bokoa bongwe. Fa go ntse jalo, e tla bo e le go supa bopelonomi go mo thusa. Mongwe a ka nna a bo a na le bothata joo mme gongwe a sa bo lemoge; fa a gakololwa ka bonolo a ka nna a baakanya boemo. Batho ba ba nnelang go sa tlhome sekao malebana le seno ba ka se ka ba tshwanelegela ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong. Mme le gale, bagolwane ba tshwanetse gore ba tlhokomele gore ba se ka ba tlhoma ditekanyetso tse e leng tsa bone ka namana kana dilo tse bone ba di ratang.

6 Batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba lalediwa gore ba tle go itumelela moletlo wa semoya mo Holong ya rona ya Bogosi. Gantsi re rata go laletsa batho bao ka gore holo e ntle e bile e bothakga. Lefa go ntse jalo, go tlhoka gore go berekiwe gore e nne ka tsela eo. Lebelela holo ya lona. A ditulo tsa yone, bodilo jwa yone le mabota a yone a phepa? A matlwana a boithomelo a phepafadiwa ka metlha? Fa re tlwaela go bona khapete e e leswe le lebota le le obogang pente, go ise go ye kae re tla bo re di bona di siame fela. Lefa go ntse jalo, batho ba e leng la ntlha ba eta ba ka na ba se ka ba go leba ka tsela e e tshwanetseng. Re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go boloka holo e le phepa e bile e kgatlha, re dira seabe sa rona fa e le nako ya go e phepafatsa kana ya go e tlhabolola. Fa e le gore Holo ya lona ya Bogosi e na le tshingwana, le yone e tshwanetse go tlhokomelwa ka metlha. A e lebega e le bothakga e bile e le ntle? A bojang bo segiwa ka metlha?

7 Re ka kgona go galaletsa Modimo kwa ntle ga lefoko, ka tsela e re lebegang ka yone, le ka matlo a rona, dikoloi tsa rona, le Diholo tsa rona tsa Bogosi tse di bothakga. Fa re tlhoma sekao se se molemo ga re kitla re kgopisa ope, go na le moo re tla supa fa kobamelo ya rona e le e e itshekileng e bile e tshwanela.—1 Bakor. 10:31, 32; Yak. 1:27.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela