LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/94 ts. 1
  • Anaanelang Ntlo ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Anaanelang Ntlo ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlotla Dikokoano Tsa Rona Tse di Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshwara Nako?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Anaanela Dikokoano Tsa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Itshware ka Tsela e e Tshwanelang Mafoko a a Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 12/94 ts. 1

Anaanelang Ntlo ya Modimo

1 Mo metlheng ya Baebele Jehofa o ne a laela batho ba gagwe gore ba kopane mmogo ka metlha kwa ntlong ya gagwe. (Lef. 23:2) Dikokoano tseno di ne di ba thusa gore ba tlhome megopolo ya bone mo lefokong la Modimo, go ba thusa gore ba tlhatlhanye, ba kopane mmogo, le gore ba buisanye ka Molao wa ga Jehofa. Ditlhaloganyo tsa bone di ne di tlala ka megopolo ya Modimo, mme seno se ne sa ba leretse masego a mantsi a semoya. Dinako tseno ruri e ne e le tse di itumedisang tota. Thulaganyo eno e ne e dira gore go nne le kutlwano le kobamelo e e phepa. Dikokoano mo ntlong ya Modimo gompieno di botlhokwa fela jalo le tsone.

2 Re Ka Bontsha Jang Gore Re Anaanela Dipokano? Diphuthego dingwe di bega palo e e kwa tlase ya batho ba ba nnang teng kwa dipokanong. Ka dinako tse dingwe boemo jwa motho bo ka nna jwa dira gore a se ka a ya pokanong. Mme gone a o letla mathatanyana a a sa reng sepe gore a go thibele gore o nne teng ka metlha kwa dipokanong? Batho bangwe ba ka nna ba swetsa go nna kwa gae fa ba opiwa ke tlhogo go sekaenyana fela kana fa ba ikutlwa ba lapile morago ga tiro ya letsatsi. Ba bangwe ba tsaya gore ba a patelesega go itisa le ba losika ba ba sa dumeleng ba ba ba etetseng. Bangwe ba bile ba tlogela go ya dipokanong gore ba tle ba lebelele thulaganyo nngwe ya thelebishene e ba e ratang thata kana motshameko mongwe. Mofuta wa kanaanelo o o kailweng mo maemong a a tlhalositsweng ano a tlhaelela kgakala le mafoko a bomorwa Kora a a neng a supa keletso e e tswang pelong a a bolelang jaana: “Mowa wa me o tlhologeletswe, ee, o idibalela fela malwapa a ga Jehofa.”—Pes. 84:2.

3 Le mororo re amogela dijo tse dintsi tsa semoya mo dipokanong, batho ba bangwe ga ba kgone go tlhwaya tsebe. Ba ka nna ba iphitlhela ba akgaakgega mogopolo, ba akanya ka dilo tse ba neng ba di dira ka letsatsi leo, kana le eleng go otsela. Batho ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore go kwala dintlha tse dikhutshwane go ba thusa gore ba nne ba thantse le gore ba reetse se se buiwang. Go kwala dilo gape go gatelela tshedimosetso mo mogopolong. Mo godimo ga moo, go baakanyetsa go sa le gale ke selo se se ka thusang gore motho a solegelwe molemo ka botlalo. Fa re ipaakanyetsa sentle, re tla kgona go “tlhokomela segolo thata.”—Baheb. 2:1.

4 Bana mmogo le bagolo ba tshwanetse go tsaya tsia taolo e e neelwang kwa dipokanong. Bana ba tla ithuta go le gonnye fa batsadi ba ba fa ditshamekisi kana dibuka tsa ditshwantsho tse di tshasiwang mebala gore ba nne le sengwe se ba se dirang le gore ba nne ka tidimalo. Seno se supa gore bana ga ba gagamalediwe taolo fa ba letliwa gore ba tshameke, ba bue, ba lele, kana ba dire dilo tse dingwe tse di itayang batho ba bangwe ba ba dutseng gaufi tsebe. Ngwana o tla fokotsa go nnela go batla go ya kwa matlwaneng kana go ya go nwa metsi go sa tlhokege ka nako ya dipokano fa a itse gore mongwe wa batsadi o tla tsamaya le ene nako le nako.

5 Go Fitlha ka Nako go Botlhokwa: Ka dinako tse dingwe go a direga gore ka ntlha ya maemo a re sa kgoneng go a tila, re palelwe ke go fitlha ka nako kwa dipokanong, mme fa e nna tlwaelo go fitlha morago ga pina e e bulang le thapelo go supa gore ga re tlotle boikaelelo jo bo boitshepo jwa dipokano le boikarabelo jwa rona jwa gore re tile go itaya batho ba bangwe tsebe. Gakologelwang gore go opela le go rapela le bakaulengwe ba rona kwa dipokanong tsa phuthego ke karolo ya kobamelo ya rona. Go fitlha morago ga nako ka metlha go supa gore motho ga a na thulaganyo kana o palelwa ke go dira dithulaganyo go sa le gale. Go fitlha ka nako go supa gore re tlotla e bile re anaanela dipokano tsa rona.

6 Jaaka fa letsatsi le ntse le atamela, go nna botlhokwa le go feta gore re kopane mmogo. (Baheb. 10:24, 25) A re bontsheng kanaanelo ka go nna teng ka metlha, ka go baakanyetsa go sa le gale, go fitlha ka nako, go reetsa ka kelotlhoko, mme re bo re dirisa se re se ithutileng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela