LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/94 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa December

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa December
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka December 5
  • Beke E E Simololang ka December 12
  • Beke E E Simololang ka December 19
  • Beke E E Simololang ka December 26
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 12/94 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa December

ELANG TLHOKO: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka December. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tla di nayang sebaka sa go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” mme morago ga moo di nne le poeletso ya dintlhakgolo tsa thulaganyo eo ka metsotso e le 30 beke e e latelang. Poeletso ya letsatsi lengwe le lengwe ya thulaganyo ya kopano ya kgaolo e abelwe bakaulengwe ba babedi kana ba bararo ba ba tshwanelegang go sale gale gore ba tle ba kgone go tlhoma megopolo mo dintlheng tse di tlhomologileng. Poeletso eno e e baakanyeditsweng sentle e tla thusa phuthego go gakologelwa dintlhakgolo tse ba tla di dirisang bone ka namana le mo tshimong. Dikakgelo tsa bareetsi le maitemogelo a a amanang le seo di tshwanetse go khutshwafadiwa e bile di opa kgomo lonaka.

Beke E E Simololang ka December 5

Pina 68

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tshwanelang go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Bua ka setlhogo se le sengwe kana di le pedi tse di tlhomologileng tse di ka buelelwang fa go tsamaisiwa dimakasine tsa bosheng. Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho ya puisano nngwe, a dirisa nngwe ya ditlhogo tseo. Gakolola batho botlhe mo phuthegong gore go botlhokwa gore ba nne le seabe go sa le gale ka December le go tlhomamisa gore ba tlisa dipego tsa bone pele ga ba ya malatsing a boikhutso kana ba ya kopanong. Batshwari ba dithuto tsa buka ba tshwanetse gore ba gakolole botlhe mo ditlhopheng tsa bone ka seno.

15 mets: “Sekao Se Se Ka Latelwang ka Kelotlhoko.” Dipotso le dikarabo.

18 mets: “Kgothaletsa Batho ba Bangwe go Latela Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe.” Tlotla le bareetsi. Rulaganya dipontsho tse pedi tse dikhutshwane. Gatelela botlhokwa jwa go boloka direkoto tse di siameng tsa ntlo le ntlo; tlhalosa ka bokhutshwane gore ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go begiwa.

Pina 153 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka December 12

Pina 86

13 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikgang tsa Puso ya Modimo. Pego ya diakhaonto, go akaretsa le ditebogo dipe tsa moneelo o o ntshitsweng. Neela dikakantsho dingwe malebana le ka moo motho a ka arabang ditumediso tsa malatsi a boikhutso a lefatshe ka teng.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1990, tsebe 6.

14 mets: “O Bone Go Ruta Ga Gago.” Puo e e neelwang ke molebedi wa sekolo. Tlhalosa ka ditaelo tse di leng go “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 1995,” o tlhokomedisa phuthego ka dikgakololo tse e di tlhokang thata.

18 mets: “Anaanelang Ntlo ya Modimo.” Dipotso le dikarabo. Oketsa dikakgelo tsa gago ka go tlhalosa kafa go fitlha ka nako kwa dipokanong go leng botlhokwa ka teng.—Bona Tora ya Tebelo ya June 15, 1990, ditsebe 26-9.

Pina 99 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka December 19

Pina 78

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo ka nako ya malatsi a boikhutso a a ntseng a atamela. Neela dikakantsho tse di ka dirisiwang go buelela dimakasine tsa bosheng mo tshimong ya lona.

20 mets: “Elang Lefoko La Polelelopele Tlhoko.” Tsenyeletso. Dipotso le dikarabo go tswa mo dirapeng 1-8, e tshwanetse go tshwarwa ke mogolwane. Tlotla ka moo dikwalo tse di umakilweng di dirang ka teng.

15 mets: “Ba Kgothaletse Gore Ba Nne Balatedi Ba Gagwe.” Tlotla le bareetsi. Dira dipontsho tse pedi tse dikhutshwane. Kgothaletsa batho botlhe gore ba dirise nako nngwe fa ba le mo tirelong ya tshimo go dira maeto a go boela beke nngwe le nngwe.

Pina 22 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka December 26

Pina 74

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka setlhogo se se reng “A Dinako Tsa Dipokano Tsa Lona Di Tla Fetoga?” fa e le gore se a tshwanela mo phuthegong ya lona.

20 mets: “Ela Lefoko La Polelelopele Tlhoko.” Tsenyeletso. Dipotso le dikarabo go tswa mo dirapeng 9-13, e tshwanetse go tshwarwa ke mogolwane. Gatelela botlhokwa jwa go baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego, go nna teng ka metlha, le go nna le seabe. Bontsha kanaanelo mo taong ya semoya e re e amogelang, e re e tlhokang thata gore e re kaele mo metlheng eno ya bofelo.

10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e di tlhokang. Kana neela puo ka setlhogo se se reng “A O Thusa Ngwana wa Gago go Tlhopha Jehofa?” go tswa go Tora ya Tebelo ya October 1, 1994, ditsebe 26-30.

10 mets: Baakanyetsa kgatiso e e tla tsamaisiwang ka January. Dibuka tse di tla bong di tsamaisiwa e tla nna Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? Baakanyetsa puisano e e ka dirisiwang fa go tsamaisiwa kgatiso eno. Go ka bonwa dikakantsho tsa dipuisano mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 9-15. Dira gore mmoledi yo o nang le bokgoni a dire pontsho ya puisano nngwe.

Pina 94 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela