-
DikitsisoTirelo ya Bogosi—1990 | December
-
-
ya 1991 le go Thulaganyo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, bakaulengwe ba kopiwa gore ba latele mmalo wa Bibela o o mo go Thulaganyo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo go na le gore ba latele e e mo khalendareng.
● Bethele e tlhoka mooki yo o tshwanelegang. Tsweetswee kwalela Mokgatlho o kopa foromo ya kopo ya Bethele.
● Dibuka Tse Disha Tse Di Gone:
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Motho?—Sepanishe
-
-
Letlole la DipotsoTirelo ya Bogosi—1990 | December
-
-
Letlole la Dipotso
● Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore go ithutiwe dibuka di le pedi ka botlalo le barutwa ba basha le eleng fa ba kolobediwa pele ga go fediwa buka ya bobedi?
Jehofa o segofatsa phuthego ya gagwe ka go tsena ga batho ba basha bao ba ologelang mo diphuthegong. Re itumelela go bona go phuthega go gogolo jaana. Lefa go ntse jalo, re lemoga gore batho bano ba seka dinku ba tlhoka go thusiwa go tswela pele le go kaelwa mo go ithuteng go direla Jehofa.
Batho bao ba saleng basha ba tlhoka go thusiwa gore ba tle mo kitsong e e tlhomameng ya boammaaruri. (Bakol. 1:9, 10) Re na le tshiamelo ya go ba thusa gore ba tlhaloganye dithuto tsa konokono tsa Bibela le gore re lemoge seo Bibela e re rutang sone malebana le ditekanyetso tsa boitsholo, go tshela ga Bokeresete, le dilo tse dingwe tse di leng malebana le seo. Seno se tla ba thusa gore ba tlhomame mo boammaaruring e le gore ba tle ba fenye diteko le fa e le dife fela tse di tlang.
Diithuti gape di tlhoka go nna batho ba ba godileng sentle mo dikgonong tsa bone tsa go tlhaloganya. (1 Bakor. 14:20) Boitemogelo bo bontshitse gore e le gore motho a tle a fitlhelele boemo joo jwa go nna yo o godileng sentle semoyeng, go molemo gore a tle a ithute Bibela ka namana le yoo a mo rutang. Ka gone le eleng lefa motho a ka kolobediwa pele ga a fetsa go ithuta dibuka di le pedi, se se botlhale ke gore thuto ya gagwe ya Bibela e tshwanetse ya tswelela go fitlhela a wetsa go ithuta dibuka tseno tsoopedi.
MORAGO GA KOLOBETSO
Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse ra dira barutwa—re ba kolobetse mme re ba rute. (Math. 28:19, 20) Tiro e ntsi thata ya go ruta morutwa e dirwa morago ga kolobetso. Kitso eo motho a ka e bonang go tswa mo bukeng e le nngwe fela gantsi ga e a lekana go digela thapiso ya gagwe ya semoya. O santse a tlhoka go rutiwa mo go oketsegileng gore a tshwanelegele tiro ya bodihedi le go mo dira gore a nne a etleetsegetse go ka emelana le dikgatelelo tseo di tlelang bao ba direlang Jehofa mo malatsing ano a bofelo. Fa re palelwa ke go neela seithuti katiso eo e lekaneng seno se ka nna sa mo tlogela a sa ipaakanyetsa semoyeng go ka kgona go ikemela a le nosi. Morago ga gore motho yo mosha a kolobediwe, re tswelela re ntse re mo thusa gore a dire botswelelopele go sa kgathalesege gore a o feditse go ithuta dibuka di le pedi kana nnya. Buka ya ntlha eo a ithutang yone e mo tlhalogantsha dithuto tsa konokono. Buka ya bobedi e tlotla ka dinonofo tsa Bokeresete. Dibuka tseno e ka nna ya bo e le Tshelela Ruri le buka ya Go Utlwana mo Kobamelong kana Kagiso ya Boammaaruri. Fa dibuka tseno di se gone, tse dingwe tseo di nang le tshedimosetso eo e tshwanang le eo di ka nna tsa dirisiwa. Fa o tsweletsa thuto eno ya Bibela go fitlhelela buka ya bobedi e fediwa seno se neela thuto eo e utlwalang malebana le maikaelelo a ga Jehofa le ditekanyetso tsa gagwe tse di kwa godimo tsa Bokeresete le dipatlafalo tsa gagwe. Seno se thusa motho yo mosha yono gore a tlhaloganye seo se bolelwang ke melaometheo ya Bokeresete mme a nne a tsepame mo tumelong. (Bakol. 2:7) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go bega dithuto tsa go nna jalo, bona Letlole la Dipotso le le mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1987.
Gone ke boammaaruri gore morago ga kolobetso batho ba basha ba tshwanetse ba lebelelwa gore ba dire tswelopele semoyeng. (Baheb. 6:1-3) Gantsi ga go ko go tsaya sebaka se seleele go fetsa buka ya bobedi. Ka gone motho yo mosha yono o newa motheo o o tiileng.
-
-
Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Malatsi a BoikhutsoTirelo ya Bogosi—1990 | December
-
-
Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Malatsi a Boikhutso
1 Lemororo mekete e le mentsi eo eleng malebana le Keresemose le Ngwaga o Mosha e simolotse mo boheitaneng, batho bao ba fetang bilione bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ba keteka malatsi ano a boikhutso ngwaga mongwe le mongwe. Batho ba le bantsi ba dumela ka bopeloephepa gore mekete eno Modimo o a e amogela. Re ka fitlhelela jang dipelo tsa batho ba ba ntseng jalo ka mafoko a a molemo ka dinako tsa malatsi a boikhutso?
NNA MOTHO YO O AKANYETSANG LE YO O TLOTLANG
2 Bagolwane ba dira dithulaganyo tse di kgethegileng tsa gore go neelwe bosupi ka malatsi a boikhutso, ereka ba le bantsi ba rona ba sa bereke mo ditirong tsa boitshediso. Nako ya go simolola tiro ya ntlo le ntlo e tshwanetse ya bewa go akanyediwa beng ba matlo bao ba ka nnang ba bo ba robetse morago ga nako e e tlwaelegileng ya go robala mo malatsing ao.
3 Jaaka fa re ntse re tswelelapele ka bodihedi jwa rona, go tlile go direga thata gore re kopane le batho ba le bantsi bao ba tshwaregileng thata ka baeng ebile ba apeile. Ereka re lemoga gore eno ke nako e e kgethegileng mo go bone, re ka nna ra dira dikakgelo tsa rona gore e nne tse dikhutshwanyane fela ebile e le tse di opang kgomo lonaka. Fa re bontsha maitseo a Bokeresete seno se ka nna sa bula tsela ya gore re neele bosupi gape mo isagweng.
4 Ga re nne le seabe mo meketeng ya lefatshe, ebile fa batho ba re dumedisa ka tsela e ba tlwaetseng go dumedisa ka yone ka malatsi a boikhutso ga re ba arabe ka tsela yone eo. Ka gone go tlhokafala gore re nne botlhale malebana le tsela eo re arabelang ka yone fa batho ba re dumedisa ka tsela e e ntseng jalo. Ga go tlhokafale gore o tseye kgang ka tsela eo ya go dumedisa, mme mo mabakeng a le mantsi seo re ka se dirang fela ke go leboga mong wa ntlo ka dikeleletso tsa gagwe tse di molemo. Fa batho ba re botsa kaga seo re se dumelang, re ka ba tlhomamisetsa gore re tlotla Keresete Jesu, ereka bao ba tlotlang Modimo ba tshwanetse ba dira jalo. (Yoh. 5:23) Lefa go ntse jalo, meetlo e le mentsi ya malatsi a boikhutso ga e tlotle Keresete kana Modimo. Fa batho ba eletsa go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka nako eo kana moragonyana, re ka nna ra tlotla le bone ka tshedimosetso eo eleng mo bukeng ya Go Fetolana ditsebe 254-6 le 259.
DIKETAPELE
5 Ereka malatsi a boikhutso a Keresemose e le a bodumedi, re ka nna ra fitlhela batho ba le bantsi bao ba ratang thata go bua ka Modimo ka nako eno go na le ka nako epe e nngwe ya ngwaga. Re ka nna ra dirisa seno ka tsela e e molemo mo diketapeleng tsa rona. Ka sekai, re ka nna ra re: “Batho ba le dimilionemilione go ralala lefatshe ba keteka Keresemose le Letsatsi la Ngwaga o Mosha. A o akanya gore mekete eno e atametsa batho gaufi le Modimo?” Go sa kgathalesege gore a mong wa ntlo o akanya gore mekete eno e siame kana ga e a siama, morago ga gore re bontshe gore re anaanela dikakgelo tsa gagwe, re ka nna ra bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba eletsa ekete ba ka bo ba na le kamano e e molemo le Modimo, gongwe ba ikutlwa gore ekete Modimo o kgakalanyana le bone. A o akanya gore tota Modimo o a amega ka rona le ka polanete eno eleng lefatshe?” Morago ga moo tswelela ka Setlhogo sa Motlotlo.
6 Fa re simolola ka tsela e e farologaneng, re ne re ka nna ra bolela jaana: “Ka setlha seno sa Keresemose, gantsi re utlwa ka batho ba bolela gore ba na le tsholofelo ya gore go tlile go nna le kagiso mo lefatsheng le gore go tla nna molemo mo bathong. A o akanya gore Modimo o tla lere kagiso mo lefatsheng mo motlheng wa rona?” Morago ga moo re ka nna ra tswelela ka go bontsha gore Jesu Keresete ke “Kgōsana ea Kagishō” eo e boleletsweng pele. (Isa. 9:6, 7) Jaaka Mmusi yo o tlhomilweng mo pusong ya Modimo, go ise go ye kae Keresete o tla tsaya kgato go tlisa kagiso eo e tla nnelang ruri mo lefatsheng.—Dan. 2:44; Tshen. 21:3-5.
7 Lemororo batho ba le bantsi ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi mme ba itumelela malatsi a bone a boikhutso ao eleng a bodumedi jwa maaka, eleruri Jehofa o tla segofatsa maiteko ao re a dirang a go bona batho bao ba batlang boammaaruri, ka gonne ene ka boene “o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè,” mme o tla ba kaela kwa phuthegong ya gagwe.—Yoh. 4:23, 24.
-
-
Dikgang Tsa BolegodimoTirelo ya Bogosi—1990 | December
-
-
Dikgang Tsa Bolegodimo
◆ Alaska e ne ya fitlhelela tlhora ya yone e nts̆ha ya baboledi ba le 2 053 ka July, eo eleng koketsego ya 12 lekgolong go feta ya ngogola. Bao ba neng ba le gone kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Puo E E Itshekileng” ka July e ne e le ba le 2 929 mme ga kolobediwa ba le 50.
◆ Ka July, Brazil e ne ya fitlhelela tlhora ya yone e e di fetang tsotlhe ya baboledi ba le 293 466, eleng tlhora ya yone ya borobongwe mo ngwageng wa yone wa tirelo. Go ne ga begwa gape le tlhora e ntšha ya dithuto tsa Bibela di le 369 999.
◆ Fiji e nnile le tlhora ya yone ya bo 67 ya ditlhora tse di neng tsa latelelana ka July fa go ne go bega ba le 1 534. Dithuto tsa Bibela di ne tsa oketsega go nna di le 2 605.
◆ Go tloga ka September 1990, naga ya French Guiana kwa karolong e e kwa bokone ya Amerika Borwa e nnile le ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower. Ba ne ba na le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 660 ka July, mme kopano ya bone ya kgaolo e ne e na le ba le 1 479 ga kolobediwa ba le 41.
◆ Kwa dikopanong di le nnè tsa kgaolo tsa kwa Guadeloupe go ne go na le ba le 13 021 mme ga kolobediwa ba le 259. Tlhora ya bone ya baboledi e ne e le 6 233.
◆ New Caledonia e nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 134 ka July, eleng koketsego ya 12 lekgolong.
◆ Papua New Guinea e ne ya bega tlhora ya yone ya borataro ya ditlhora tse di neng tsa latelelana ya baboledi ba le 2 471 bao ba nnileng le seabe mo tirelong ya tshimo ka July, eo e dirang koketsego ya 18 lekgolong.
◆ Tahiti e nnile le koketsego ya 17 lekgolong ka July ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 133, tlhora ya bone ya bo 33 ya ditlhora tse di neng tsa latelelana.
◆ Ka July, ba Thailand ba ne ba na le tlhora ya bone ya borataro mo ngwageng wa tirelo ka ba le 1 142 bao ba neng ba bega, koketsego ya 10 lekgolong go feta ya ngwaga o o fetileng.
◆ Vanuatu e nnile le koketsego ya 36 lekgolong ka July ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 140. Ba ne ba tshwara dithuto di le 360, eo le yone eleng tlhora e nts̆ha.
-
-
Pego ya Tirelo ka SeptemberTirelo ya Bogosi—1990 | December
-
-
Pego ya Tirelo ka September
Palo Babul. Babul.
ya Bab. Thus. Metlha
Botswana 518 13 27
Lesotho 1 491 90 159
Namibia 559 13 29
St. Helena (Aug.) 103 1 -
Swaziland 1 255 27 137
South Africa 47 757 1 787 3 596
-