LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 6/15 ts. 26-29
  • Go Tshwara Nako le Wena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshwara Nako le Wena
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnañ Baetsi ba Modimo”
  • “Ka Dipaka tsa Cōna”
  • Lebaka la go bo Ba Bangwe ba Fitlhela go se Motlhofo
  • Ke ka Ntlhayang fa o Tshwanetse go Tshwara Nako?
  • ‘Itse Metlha e e Laotsweng’
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshwara Nako?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Itlwaetse go Tshwara Nako
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Go Tshwara Nako
    Tsogang!—2016
  • Anaanelang Ntlo ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 6/15 ts. 26-29

Go Tshwara Nako le Wena

MO PHUTHEGONG nngwe ya Amerika Borwa go na le molebedi mongwe wa Mokeresete yo o nang le dinonofo tse dintsi tse di molemo. Mme tsala ya gagwe e e atamalaneng thata nae e ne e mmitsa Hara-Magedona e dira metlae fela. Ka ntlhayang? “Re a itse gore o e tla,” ba ne ba tlhola ba rialo, “mme ke Modimo fela yo o itseng gore o tla tla leng!”

Ee go tshwara nako—kana go se e tshware—go ka ama leina la gago thata. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tshwantsha seno ka tsela eno: “Dintshi tse di shuleñ di nkgisa setlōlō sa modiha dinkgisa monate sebodu: boeleele bo le bonnye bo heta yalo botlhale le tlotlō ka bokete mo selekanyoñ.” (Moreri 10:1) Mokeresete a ka nna le dinonofo tse dintsi tse di molemo, mme a ka senya leina la gagwe le le molemo fa a sa tlhokomele nako.

“Ke tshepa batho ba ba tshwarang nako,” molebedi mongwe o ne a bua jalo. “Ke bone batho ba ke ratang go dira nabo.” Le mo lefatsheng la kgwebo ba anaanelwa tota. “Tsena kwa tirong ka nako; tsena ka bonako kwa dipokanong; tlisa dipego ka nako ya tsone,” go gakolola jalo Emily Post’s Etiquette. The New Etiquette (1987) le yone ka mo go tshwanang e bolela gore ka kakaretso, “batho ba ba tlang thari ga ba supe maitseo.” Bakwadi bao ba oketsa jaana: “Ga go a tshwanelwa ga tsenwa thari le kwa ditirelong tsa bodumedi.”

Rotlhe re a itumela fa ba bangwe ba tla ka nako. Go lebega moaposetoloi Paulo a ne a ikutlwa ka tsela eo, ka go bo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa a re: “Ke na le lona mo moeeñ, ke itumèla ke bile ke lebile thulaganō ea lona.” (Bakolosa 2:5) Mme eleruri le rona re ikutlwa jaaka Kgosi Dafide, fa a ne a kwala jaana ka ditsholofetso tsa ga Jehofa: “U se ka ua dièga, Modimo oa me.”—Pesalema 40:17; 70:5.

“Nnañ Baetsi ba Modimo”

Totatota, Jehofa ga a ke a nna thari. O tlhomologile mo go tlhokomeleng nako. Seno se bonala mo dilong tsotlhe tse a di bopileng. Mo lobopong lo logolo go ya mo dilong tse dinnye tota, tsotlhe di dira jaaka ekete di tsamaisiwa ke tshupanako e e bonalang. Ka sekai, mofuta mongwe wa lily ya lewatle gaufi le Japane o ntsha disele tsa yone tsa sesadi kana tsa senna gangwe ngwaga mongwe le mongwe ka October mo e ka nnang ka nako ya boraro thapama mo letsatsing la ntlha la kwatara ya ntlha kana ya boraro ya ngwedi. Ditlhapi dingwe tse dinnye di simolola modikologo wa tsone wa go tsala ka dikgakologo mo metsotsong e sekae ya fa go na le moela o o kwa godimo mo lotshitshing lwa California.

Go lepa nako ga ga Jehofa le gone ga go ke go fosa fa go tla mo go diragatseng se a se solofeditseng. Ka sekai, re bala jaana mo go Ekesodo 12:41, “kwa boheloñ yoa dinyaga tse di makgolo manè, le mashomè mararo, ga dihala ea re ka letsatsi yeuō hèla, mashomōshomō aotlhe a ga Yehofa a cwa mo lehatshiñ ya Egepeto.” Jehofa o ne a boloka jalo tsholofetso e a neng a e dirile makgolokgolo a dingwaga pele le Aberame.—Genesise 15:13-16; Bagalatia 3:17.a

Jehofa o ne a romela Morwawe, Mesia, mo lefatsheng ka yone nako e e neng e boleletswe pele ke Daniele makgolo a a fetang a matlhano pele ga foo, mme o ile a “shwèla baikepi mo lobakeñ lo e leñ lōna.” (Baroma 5:6; Daniele 9:25) Bibela e bontsha gore Jehofa o itse “letsatsi yeuō, le nako euō” tsa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:36) Ga a kake a nna thari. Eleruri, re tshwanetse go etsa sekao sa ga Jehofa sa go tshwara nako.—Baefesia 5:1.

“Ka Dipaka tsa Cōna”

Jehofa o lebelela gore batlhanka ba gagwe ba bo ba ntse ba tlhokometse nako ka metlha, segolobogolo malebana le kobamelo ya gagwe. Baiseraele ba ne ba ntsha setlhabelo ‘sengwe le sengwe ka letsatsi la sone.’ Jehofa o ne a ba laetse jaana: “Dichupèlō tsa me . . . lo tlhōkōmèlè go di lere mo go nna ka dipaka tsa cōna.” O ne a laela Moshe gape jaana ka dipokano: “Phuthègō eotlhe e phuthègèlè kwa go wèna [ka nako e e tshwanetseng, NW].”—Lefitiko 23:37; Dipalō 10:3; 28:2.

Bajuda moragonyana ba ne ba boloka “lobaka loa go hisa mashwalō.” (Luke 1:10) Bajuda mmogo le ba bangwe ba ne ba boloka “lobaka loa thapèlō, e e leñ nako ea bohèra moñwe hèla ea maitsiboea.” (Ditihō 3:1; 10:3, 4, 30) Mme Paulo o ne a kwala jaana ka dipokano tsa Bokeresete: “Me a dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō.”—1 Bakorintha 14:40.

Baiseraele le Bakeresete botlhe ba pele ba ne ba tla tshwanela go dira eng malebana le sotlhe seno? Gore ba tshware nako fa ba beelane go kopana le ba bangwe, segolobogolo malebana le kobamelo ya bone. Ga go na lebaka le le akantshang gore Jehofa ga a kake a batla seo mo batlhankeng ba gagwe gompieno.

Lebaka la go bo Ba Bangwe ba Fitlhela go se Motlhofo

Tsela e batho ba ikutlwang ka yone ka nako e farologana thata go tswa mo karolong e nngwe ya lefatshe go ya go e nngwe. Morongwa mongwe kwa torotswaneng nngwe kwa Amerika Borwa o ne a bega gore ka nako nngwe mosadi wa gagwe e nna ene moreetsi fela fa a itsise pina e e simololang ya pokano ya Bokeresete. Mme fa a itsise pina ya bofelo go a bo go na le batho ba le 70. Mo letlhakoreng le lengwe, kwa nageng nngwe kwa Bophirima jwa Yuropa, batho bangwe ba le sekete ba ne ba bodiwa go re: “Fa o ne o laleleditswe dijo tsa maitseboa ka 7:00 p.m., a o tshwanetse go goroga metsotso e le metlhano kana e le lesome pele, kana metsotso e le metlhano kana e le lesome morago, kana o goroge fela ka nako?” Bontsi bo ne jwa araba ka gore go supa “maitseo a a molemo go tlhoka gore o tlotle molaletsi wa gago tota mme o goroge ka motsotso o o beilweng.”

Lefa go ntse jalo, go tshwara nako go feta fela seo se ratwang mo kgaolong nngwe. Ke mokgwa, fela jaaka go nna phepa, go nna matsetseleko, kana go nna le maitseo e le selo seo se tlwaelwang. Ee gone, ga re a tsholwa re na le mekgwa e e ntseng jalo; re tshwanetse go e tlhagolela. O lesego fa e le gore o ne wa rutiwa go tshwara nako fa o ne o santse o le ngwana. Mme bontsi bo tswa kwa malapeng ao go neng go se dinako tse dintsi tse di tlhomilweng tsa go fitlhelela sengwe mme ebile tiro ya ba bangwe e sa ikaega gotlhelele ka ya bone. Go tshwara nako go ne ga nna botlhokwa mo go bone fela fa ba simolola go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete le fa ba ne ba simolola go tsaya karolo mo dipokanong tsa yone le mo bodiheding jwa phatlalatsa. Ba ka nna ba fitlhela go se motlhofo go fetola mokgwa wa go nna thari o ba saleng ba o ithuta ba sa le babotlana. Lefa go ntse jalo, go rata Jehofa le go rata baagelani go tlhotlheletsa motho gore a fetoge. Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go fetoga?

Ke ka Ntlhayang fa o Tshwanetse go Tshwara Nako?

Benjamin Franklin o kile a botsa jaana, “A o rata botshelo?” “He o se ka wa senya nako, gonne tota botshelo bo dirilwe ka yone.” Rotlhe re lemoga gore polelwana eo e boammaaruri. Sengwe gape se se botlhokwa ka go tshwana mo Bakereseteng ke go se senyetse ba bangwe nako. “Yo o tlang morago ga nako,” go tlhokometse jalo morongwa mongwe, “go lebega a bua jaana ka ditiro tsa gagwe, ‘Nako ya me e botlhokwa go gaisa ya gago, ka jalo wena o ka leta go fitlha fa nna ke setse ke siame.’” Motho yo o sa tshwareng nako ga a lebege fela a tlhoka thulaganyo e bile a ka seka a ikanngwa mme gape o iteba a le botlhokwa thata ebile ga a akanyetse ba bangwe. Bakeresete ba boammaaruri ga ba “dihe sepè . . . ka go itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se gore, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.”—Bafilipi 2:3.

Bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore bone ga ba batle go tshela ba laolwa ke tshupanako, e laola kgato nngwe le nngwe ya bone. Lefa go ntse jalo, go tshwara nako ga se fela gore o laolwa ke tshupanako. Mme ke go akanyetsa dikgatlhego tsa batho ba bangwe le go batla gore ba solegelwe molemo go tswa mo pelong, ‘o sa tlhokomele dilo tse e leng tsa gago fela, fa e se gore, o tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’—Bafilipi 2:4.

Ka sekai tlhokomela kgakololo eno ya Bibela: “Cholanañ, hèla yaka Keresete le èna a lo chotse.” (Baroma 15:7) Seno tota se akaretsa go dumedisana, mme go phepafetse gore fa re tlwaetse go tla morago ga nako kwa dipokanong go tla nna bokete gore re dire seo. O ka kgona go oketsa moya wa lorato, botsalano le go amogelana thata kwa dikopanong tse di ntseng jalo fa o goroga go sale gale kwa dikokoanong. Mme eleruri seno se solegela botlhe molemo. Go goroga pele ga nako go tla go kgonisa gore o kopanele mo pineng le mo thapelong e e simololang—karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya phuthego e e utlwanang. O tla kgona go latela thulaganyo sentle fa e ntse e tswelela fa o utlwile setlhogo fa se itsisiwe.

Go tshwara nako go thusa ba bangwe go dumalanya maiteko a bone le a gago, mme seno se ka felela ka gore go fitlhelelwe go le gontsi. Joshua fa a ne a tlhasela motse wa Ai, o ne a romela karolo ya masole a gagwe go katosa baba mo motseng fa banna ba bangwe botlhe ba gagwe ba ne ba letetse go thopa motse. Morago, Joshua o ne a ba gwetlha ka motsotso wa makgaolakgang. Banna ba gagwe “ea re a sena go ōtlōlōla lecōgō ba siana,” mme motse oa senngwa. O akanya gore go ka bo go diragetse eng fa ba ne ba se kile ba tsaya kgato fela ka nako e e tshwanetseng?—Yoshue 8:6-8, 18, 19.

Badihedi ba Bakeresete gompieno ba na le mabaka a mantsi a a ba dirang gore ba tlhokomele nako. Go dira le ba bangwe mo go rereng ka bogosi, go boeletsa dikarolo tsa dikopano kana tsa dipokano, le eleng go phepafatsa Holo ya Bogosi, tsotlhe tseno di batla gore re dirisane le ba bangwe. Re ka kgona go fitlhelela go le gontsi fa re tshwara nako. Seno se boammaaruri le eleng mo sengweng se se motlhofo jaaka go bega tiro ya rona ya go rera fa kgwedi e fela. Go ka kgonwa go dirwa pego e e tlhomameng le e e kgothatsang ya lefatshe lotlhe fa mongwe le mongwe a supa tirisanommogo mme a dira seo ka bonako.

Go tshwara nako go akaretsa le go nna mo nakong fa le beelane go kopana le mongwe le dinako tsa dipokano, tseo di leng dintsi letsatsi le letsatsi. Dingwe di botlhokwa tota mme tse dingwe ga di botlhokwa. Ka sekai, lenyalo la gago le tshwanetse go simolola ka nako e e tlhophilweng. O ka nna wa batla gore lee la gago le apeiwe metsotso e e rileng fela. Lefa e ka ne e le eng, motho yo o tshwarang nako ga a tshwanela go bo a sianela kwa le kwa, a le thari nako le nako. Go na le moo o ritibetse ebile o rulaganya dilo sentle. O kgona go dira dilo tse dintsi ka gonne o rulaganya letsatsi la gagwe mme o simolola ka nako gongwe le pele ga nako.

Eleruri, go na le mabaka a mantsi ao ka one Bakeresete ba tshwanetseng go tlhokomela nako. Mo godimo ga moo, ke tsela e nngwe eo re bontshang gore re rata Bakeresete ka rona ka lorato lo lo seng bogagapa le gore re tlotla dithulaganyo tsa bolegodimo tsa kobamelo ya boammaauri ka yone.

‘Itse Metlha e e Laotsweng’

Bibela e bolela go re, “mogolodi . . . o itse metlha ea ōna e e laocweñ” ya go fuduga, le tshoswane e ‘kgobokanya dijo tsa yone selemo,’ gore mariga di bo di le gone. (Yeremia 8:7; Diane 6:8) Sephiri sa go tshwara nako le go dira dilo se letse mo go seno.

Le rona re tshwanetse go itse ‘metlha ya rona e e laotsweng.’ Lemororo re sa batle go nna ba ba sa fetogeng le ba ba gagametseng thata, re tshwanetse go tlhokomela nako. Re tlhoka go itse eseng fela gore re tshwanetse go dira eng mme le gore re tshwanetse go se dira leng. Re tshwanetse go itlwaetsa mokgwa wa go akanyetsa kwa pele, re tlogela nako nngwe ya fa go ka nna le tiego, mme re iketleetsa go kgaosetsa sepe fela se re se dirang go dira sengwe se se botlhokwa go gaisa, jaaka dipokano tsa rona, bodihedi jwa tshimo, le ditiro tse dingwe tsa bolegodimo.

Seno se tlhoka gore lelapa le dirisane mmogo. Go ile ga tlhokomelwa gore gantsi rre o dira gore mmè e nne ene yo o thusang balelapa go ipaakanya. Morago ga foo o tswa a le esi ka kgoro, a tlhaeletsa jaana a ba lebile kwa morago ka legetla, “Itlhaganeleng, go sa nneng jalo le tsile go tsena thari!” Jakobe o ne a sa nna jalo; o ne a thusa go “pagamisa bomorwawè le basadi ba gagwè mo dikameleñ” ka nako ya go tsamaya.—Genesise 31:17.

Jalo he, rre a ka thusa lelapa la gagwe jang? Bana ba ka rutiwa gore ba nne le nako e e siameng ya go baakanyetsa dilo tsa botlhokwa go na le go dira dilo tsotlhe ka motsotso wa bofelo. Ba ka thusiwa gore ba nne le boikarabelo le go itumelela go direla dilo ka bonako. Sekasekang dikai tsa Bibela tseo di bontshang botlhokwa jwa go ipaakanya sentle ebile e le ka nako jaaka lelapa. (Genesise 19:16; Ekesodo 12:11; Luke 17:31) Mme tota thuto e e molemo go gaisa le e e dirang tota e ka rutiwa ka sekao se se tshwanetseng sa batsadi.

Balebedi ba Bakeresete ba ka thusa phuthego ka go tlhoma sekao se se tshwanetseng. Ba ne ba ka se tlhophiwe fa e le gore ba ne ba se “mokgwa montlè.” (1 Timotheo 3:2) Bakaulengwe ba bangwe le bokgaitsadi ba tla tshwara nako fa ba itse gore bagolwane ba tla bo ba le teng go ba dumedisa le go ba etelela pele. Ka gone bagolwane ba ba kelotlhoko thata ba tla leka go ya kwa Holong ya Bogosi go sa le gale go thusa phuthego. Batlhanka ba bodihedi ba ba gorogang go sale gale kwa dipokanong go dumedisa bakaulengwe ba bone le go ba thusa ka tse ba di tlhokang ba anaanelwa thata.

Mme tota, go tshwara nako go tlhoka boikgapo le go ikgalemela. Mme eseng ka go batla go nna mo nakong tota, mme e le ka go rata Bakeresete ka rona le go tlotla thulaganyo ya bolegodimo. Seno ke karolo ya botho jo bosha jo re batlang go bo apara. (Bakolose 3:10, 12) Mo godimo ga moo, re batla go tshwana le rraarona wa selegodimo, Jehofa Modimo, yoo a re rutang gore “señwe le señwe se na le motlha oa shōna.”—Moreri 3:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tlhaloso e e tletseng ka boperofeti jono, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 460-1 le 776-7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela