O Bone go Ruta ga Gago
1 Thulaganyo e ntšha ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e tla simologa ka January 1995. Ke eng se sesha mo thulaganyong eno? Go tla bo go tlotlwa ka kgang e e buang ka hisitori e e kgatlhang ya phuthego ya motlha wa segompieno ya ga Jehofa mo dipuong tse dintsi tsa tao. Fa ngwaga o ntse o tsweletse, go tla bo go sekasekiwa ditsebe tse 178 tsa buka ya Basupi Ba Ga Jehofa—Baboledi Ba Bogosi jwa Modimo. E re ka go tla bo go sena dipotso tsa poeletso morago ga puo ya tao e e tserweng mo bukeng ya Baboledi, ke eng se re ka se dirang gore re ele tlhoko tsela e re rutang ka yone le go re leretse melemo e e oketsegileng?—1 Tim. 4:16.
2 Le mororo batho ba le bantsi ba ka tswa ba setse ba badile buka ya Baboledi, fa tshedimosetso eo e sekasekiwa mo thulaganyong ya sekolo seo se tla ba thusa gore ba anaanele boswa jwa bone jwa puso ya Modimo le go feta. (Pes. 71:17, 18) Ke eng o sa beele nako nngwe kwa thoko beke nngwe le nngwe gore o sekaseke tshedimosetso e e tserweng go tswa mo bukeng ya Baboledi?
3 Dipuo Tsa Tao Tse Di Matlhagatlhaga le Tse Di Kgatlhang: Puo ya tao e e tserweng go tswa mo bukeng ya Baboledi e tshwanetse gore e neelwe ka tsela e e matlhagatlhaga le e e kgatlhang. Di tshwanetse gape tsa gatelela tsela e tshedimosetso eo e leng mosola thata ka gone, di dirisiwa go re thusa gore re tlotle phuthego ya ga Jehofa thata le gore re anaanele ditshiamelo tse re nang le tsone jaaka batlhanka ba Modimo. Fa lelapa lengwe le lengwe le le nnang teng mo Sekolong le tla ka kopi ya lone ya buka ya Baboledi fa le tla pokanong, mongwe le mongwe yo o mo lelapeng o tla kgona go latela puo ya tao mme ditshwantshiso le ditshwantsho tse di mo bukeng di tla ba solegela molemo thata.
4 Mmalo wa Baebele O O Dirang Gore Motho A Akanye: Go bala sentle le go gatelela mafoko le go tsenya boikutlo ke dilo tse di botlhokwa tse di dirang gore motho a rute ka tsela e e molemolemo. Mo godimo ga moo, tshedimosetso e motho a abetsweng go e bala e e mo Puong No. 2 ga e ke e nna ntsi mo go kalo, mme gantsi sebui se fiwa nako e e lekaneng go dira dikakgelo tse di simololang le tse di konelang. Ketapele ya yone e tshwanetse go dira gore bareetsi ba kgatlhegele tshedimosetso eo mme e nne e e tla dirang gore ba bone botlhokwa jwa yone. Sebui se ka konela ka go akaretsa dikakgelo tse di tlhalosang le tse di supang gore tshedimosetso e re ama jang, se tshwanetse go dirisa nako yotlhe e se e abetsweng.
5 Tshedimosetso e e oketsegileng e e malebana le thulaganyo ya sekolo le gore dikabelo di dirwe jang e ka bonwa mo “Thulaganyong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 1995.” Re ela tsela e re rutang ka yone tlhoko ka go bala ditaelo tse di mo tshedimosetsong eno, ka go baakanyetsa dikabelo tsa rona sentle le ka go dirisa kgakololo e re e fiwang gore re tle re tokafatse bokgoni jwa rona jwa go bua le jwa go ruta. Batho ba ba iseng ba ikwadise mo sekolong ba lalediwa ka lorato gore ba dire jalo.