Solegelwa Molemo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1996—Karolo 2
1 Ka bonako fela fa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se sena go simololwa ka 1943, lengwe la makala a Mokgatlho le ne la bega jaana: “Thulaganyo eno e e molemolemo e ne ya kgona ka bonako fela go thusa bakaulengwe ba bantsi ba ba neng ba akanya gore le ka motlha ba ka se ka ba nna dibui tsa phatlalatsa gore ba nne ditswerere mo seraleng le gore ba nne le matswela a a oketsegileng mo tshimong.” Sekolo seno se ntse se re neela thapiso e e molemo thata e rotlhe re e tlhokang.
2 Mmalo wa Baebele: Batho ba ba neetsweng dikabelo tsa dipuo ga se bone fela ba ba solegelang molemo mo sekolong seno. Tota e bile, rotlhe re na le kabelo—mmalo wa Baebele wa beke le beke. Thulaganyo ya sekolo e supa gore ke dikgaolo dife tsa Baebele tse di tshwanetseng go balwa beke nngwe le nngwe. Go na le dikgopotso tse dintsi tse di tswang mo Dikwalong tse di gatelelang botlhokwa jwa go bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Još. 1:8; Pes. 1:2; Dit. 17:11) Mmalo wa Baebele o botlhokwa gore re tle re nne le botsogo jo bo siameng jwa semoya; o otla mogopolo le pelo. Fa re bala Baebele bobotlana metsotso e le tlhano ka letsatsi, re ka kgona go tsamaisana le mmalo wa yone. Fa ngwaga o fela re tla bo re setse re badile dikgaolo tse di fetang 150 tsa Lefoko la Modimo. Fa re baya Baebele gaufi, re tla kgona go e bala letsatsi le letsatsi.
3 Puo ya Tao: Go tlhotlheletsa bakaulengwe gore ba ikanyege le go tlhoafala mo tirelong, sebui se se neelang puo ya tao se tshwanetse gore se dirise mokgwa o o molemo wa go ruta, gore se dire gore batho ba tlhaloganye le go dira gore ba anaanele Jehofa, Lefoko la gagwe, le mokgatlho wa gagwe. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ka kgona go dira seno fa ba ipaakanyetsa sentle, ba dumalanya puo ya bone le setlhogo, ba bua ba ititeile sehuba le go dira gore tshedimosetso e utlwale sentle. (Baheb. 4:12) Go botlhokwa gore sebui se dirise fela nako e se e abetsweng. Buka ya “Lokwalo Longwe le Longwe” e tletse ka ditemana tsa Baebele mme e na le tshedimosetso ya Dikwalo e e kgatlhang e e ka re solegelang molemo semoyeng. Buka ya Baboledi e tshotse hisitori ya mokgatlho o o bonalang wa ga Jehofa ya motlha ono wa rona mme e tlhalosa ka dilo tse di diragaletseng batho ba ba neng ba na le tumelo, ba tlhoafetse, ba ineetse e bile ba na le lorato. Go na le dilo tse dintsi tse re ka di ithutang ka boswa jwa rona jwa puso ya Modimo le ka tsela e Jehofa a segofaditseng batho ba gagwe mo motlheng ono wa rona.
4 Dintlhakgolo Tsa Baebele: Bakaulengwe ba ba filweng kabelo eno ba tshwanetse go tlhopha ditemana tse di kgethegileng tse ba tla di dirisang ka tsela e e molemo e e tla solegelang phuthego molemo. Se se tla tlhoka gore motho a bale dikgaolo tse a di abetsweng, a tlhatlhanye ka tsone mme a bo a dira dipatlisiso ka ditemana tse a di tlhophileng go bona dintlha tse a ka tlhalosang bokao jwa dikwalo tseo sentle ka tsone. Ka kwa morago ga Watch Tower Publications Index, go na le “Scripture Index,” e e ka thusang motho thata go bona tshedimosetso e e malebana le ditemana tse di rileng tsa Baebele. Bakaulengwe ba ba dirang karolo eno ba tshwanetse go tlhopha sentle mme ba tile go akaretsa tshedimosetso e e sa tlhokegeng. Ga ba a tshwanela go ipaakanyetsa tshedimosetso e ntsi go gaisa e ba ka kgonang go e neela mo metsotsong e le merataro.
5 Rotlhe re ka solegelwa molemo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Se ka re thusa go tokafatsa tsela ya rona ya go bua le ya go ruta. Fa re dirisa thuso e re e newang ka botlalo tota go tla re thusa gore re dire gore ‘botswelelopele jwa rona bo bonatshege mo go botlhe.’—1 Tim. 4:15.