LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/96 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa February

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa February
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka February 5
  • Beke e e Simololang ka February 12
  • Beke e e Simololang ka February 19
  • Beke e e Simololang ka February 26
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 2/96 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa February

Beke e e Simololang ka February 5

Pina 96

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: “Go Bolela Boammaaruri Letsatsi le Letsatsi ka go Etsa Jesu.” Dipotso le dikarabo. Bala serapa 5.

20 mets: “Tshenolo—Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota.” Tlotla ka dipuisano tse di akantshitsweng mme o bo o dira gore go dirwe pontsho e le nngwe kana di le pedi.

Pina 14 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 12

Pina 191

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

13 mets: “Ipaakanyetse Tiro ya Dimakasine ka April.” Tlhalosa kafa Tora ya Tebelo le Tsogang! di leng botlhokwa ka gone mo go itsiseng mafoko a a molemo. Bala setlhogo seo se se nang le dirapa tse pedi mme o tlhalose se phuthego ya lona e tla se dirang gore April e nne kgwedi e e kgethegileng ya go tsamaisa dimakasine.

22 mets: “Nka Dira Jang Gore Batho ba Reetse?” Dipotso le dikarabo. Dira gore baboledi ba babedi ba buisane ka gore ba tla leka jang go bontsha lorato ka mo go oketsegileng fa ba bua kwa matlong ba dirisa dikakantsho tse di leng mo bukeng ya Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 165-7, dirapa 10-21.

Pina 133 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 19

Pina 72

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

15 mets: “Solegelwa Molemo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 1996—Karolo 2.” Puo e e neelwang ke molebedi wa sekolo. Gatelela botlhokwa jwa go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.

20 mets: “Ba Thuse go Tlhaloganya.” Sekaseka dipuisano tse di akantshitsweng tsa go dira maeto a go boela. Mogolwane o tlotla le baboledi ba le babedi kana ba le bararo ka dikarolo tsa buka ya Tshenolō le kafa di ka buelelwang ka teng. Dira pontsho e le nngwe kana di le pedi tsa dipuisano tseo. Neela dikakantsho tsa kafa go ka tsosiwang kgatlhego ka teng mo e leng gore go simololwa thuto ya Baebele mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.

Pina 53 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 26

Pina 28

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gopotsa baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya February ka bonako. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhatlhoba go bona gore a dipego tsotlhe tse di neng di sa tsenngwa tsa dikgwedi tse di fetileng di a tsenngwa. Dipego tseno tse di tlileng morago ga nako di tshwanetse go tsenngwa mmogo le pego ya phuthego ya February.

15 mets: Go Baakanyetsa Dipuisano Tse di Kgatlhang. Molebedi wa tirelo kana mogolwane yo mongwe o tlotla le baboledi ba babedi kana ba bararo ka melemo ya go nna le dipuisano tse di buang ka sengwe se se kgatlhang batho ba ba mo tshimong ya lona kwa matlong. Ka sekai, dipego tsa dikgang mo tikologong ya lona tse di buang ka maiteko a bosheng a go tokafatsa tsela e batho ba tshelang ka yone; mathata a lenyalo a a ntseng a oketsega, bana ba diganana, kana bothata jwa go bona tiro; kana ntlha nngwe mo dikgannyeng e e bontshang gore ke ka ntlha yang fa batho ba belaela thata ditharabololo tse boradipolotiki le baruti ba di neelang. Umaka dintlha dingwe tsa bosheng tsa dikgang tsa motse wa lona mme o bo o tlotla ka gore di ka nna tsa dirisiwa jang go simolola motlotlo.

20 mets: Go Tsamaisa Buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka March. Tlhalosa dikarolo dingwe tse di kgatlhang tsa buka eno tse di ka dirisiwang go simolola motlotlo. (1) Lebisa tlhokomelo ya bareetsi mo ditshwantshong tsa yone tse di kgatlhang, tse di jaaka tse di mo ditsebeng 4-5, 86, 124-5, 188-9. (2) Supa kafa kgaolo nngwe le nngwe e felelang ka teng ka lenaane la dipotso tsa poeletso mme o bo o tlhalosa gore di ka dirisiwa jang go simolola dipuisano. Mongantlo a ka nna a bodiwa gore a o ka rata go bona dikarabo tsa tsone. Tlhopha dipotso dingwe mo go tse di leng mo ditsebeng 11, 22, 61, 149. (3) Mmontshe lebokoso le le mo tsebeng 102 mme o bo o neela dikakantsho tse di bontshang gore “Dikarolo Dingwe Tsa Metlha ya Bofelo” di ka dirisiwa jang go tsosa kgatlhego. (4) Gatelela kafa buka eno e diretsweng segolobogolo go tshwara dithuto tse di gatelang pele ka teng. Dikgaolo tsa yone di dikhutshwane, go motlhofo go tlhaloganya tshedimosetso ya yone, go umakilwe dikwalo tse di nonofileng mme go na le dipotso tse di dirang gore motho a akanye tse di thailweng mo dintlheng tse dikgolo. Kgothaletsa botlhe gore ba tsamaise buka eno ka mokgele wa go simolola dithuto.

Pina 151 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela