Nka Dira Jang Gore Batho ba Reetse?
1 Kwa toropongkgolo ya Filipi, “mosadi mongwe, yo go tweng Lidia, morekisi wa dikhai tse di bohibidu jo bo mokgona . . . [a reetsa, NW], mme Morena a bula pelo ya gagwe, gore a tlhokomele dilo tse di buiwang ke Paulo.” (Dit. 16:14) Pego eno e re ruta eng? Fa motho a reetsa ke tsela ya gore a ithute boammaaruri. Gore re atlege go bolelela batho ba bangwe molaetsa wa Bogosi go ikaegile thatathata ka gore a mongantlo o iketleeditse go reetsa. Fa fela motho a reetsa, go motlhofonyana gore re fetise molaetsa wa rona. Lefa go ntse jalo, go dira gore motho a reetse e ka nna kgwetlho. Re ka dira eng?
2 Pele ga re tswela tirelong, re tshwanetse go ela tlhoko kafa re lebegang ka teng le dilo tse re tla bong re di dirisa. Ka ntlha yang? Gantsi batho ba reetsa motho yo o nang le seriti. A re apere sentle mme e le ka tsela e e bori? Le mororo go apara ka tsela ya go latlhelela fela e ka tswa e le tsela e e ratiwang thata mo lefatsheng, rona re tila go nna boatla ka gonne re badiredi ba ba emelang Bogosi jwa Modimo. Fa re lebega re le phepa e bile re le bothakga le gone go dira gore molaetsa wa Bogosi o re o rerang o amogelwe.
3 Supa Botsalano le Tlotlo: Le mororo mekgwa ya batho e fetogile gompieno, batho ba bantsi ba santse ba tlotla Baebele e bile ba tla reetsa sentle fa go tlotliwa ka tsela e e tlotlegang le e e botsalano ka se se leng mo Baebeleng. Go nyenya ka lorato go ka dira gore mongantlo a ritibale mme se bo se dira gore lo tlotle ka tsela e e itumedisang. Maitseo a rona a mantle a tshwanetse go bonala mo puong ya rona le mo boitshwarong jwa rona, se se akaretsang go reetsa ka tlotlo se mongantlo a se bolelang.
4 Maikaelelo a rona ke go bolelela batho ba bangwe ka tsholofelo ya Baebele. Re ntse re akantse ka seo, re tshwanetse go tlhomamisa gore motlotlo wa rona o a kgatlha, ga o ganetse kana ga se o o gwetlhang. Ga go tlhokege gore re ganetsane le motho yo go bonalang sentle gore o a ganetsa. (2 Tim. 2:23-25) Re ka nna ra tlhopha nngwe ya dipuisano tse dintsi tse di tshwanelang tse re di filweng tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi le mo bukeng ya Go Fetolana. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go ipaakanyetsa sentle gore re tle re kgone go bua ka tsela e e lorato le e e tlhatswang pelo.—1 Pet. 3:15.
5 Morago ga loeto lwa rona lwa ntlha, ke beng ba matlo ba le mmalwa ba ba santseng ba gakologelwa sentle se re se buileng. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang botlhe ba gakologelwa tsela e re neng re bua ka yone. Ga re a tshwanela le ka motlha go nyatsa nonofo e bomolemo le bopelonomi bo nang le yone. Tota go na le batho ba le bantsi ba e leng ba sekadinku ba ba leng mo tshimong ya rona ba ba tla reetsang boammaaruri fela jaaka Lidia wa lekgolo la ntlha la dingwaga a ne a dira. Fa re ela tlhoko thata tsela e re lebegang ka yone le tsela e re buang ka yone go ka kgothatsa batho ba ba peloephepa go reetsa Lefoko la Modimo le go le amogela sentle.—Mar. 4:20.