Dira Gore go Ikatisa ka Tsela ya Poihomodimo E Nne Boikaelelo jwa Gago
1 Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se tswelela pele se re thapisetsa go ‘dirisa lefoko la boammaaruri ka tshiamo.’ (2 Tim. 2:15) A o setse o ikwadisitse mo go sone? Fa o sa dira jalo mme o tshwanelega, ke ka ntlha yang o sa ikwadise gone jaanong gore o solegelwe molemo ke paakanyetso eno e e molemo?
2 Karolo e nngwe e e botlhokwa ya sekolo seno ke thulaganyo ya mmalo wa Bibela wa beke le beke. Thulaganyo ya thuto ya gago ka namana e tshwanetse ya akaretsa go bala dikgaolo tse di supilweng tsa Bibela e tle e re kwa bofelong o bo o setse o badile Bibela yotlhe.
3 Go simolola ka thulaganyo ya sekolo ya 1993, mmalo wa Bibela o o akarediwang mo Puong ya No. 2 o tla balwa otlhe fela o sa kgaosediwe fa gare go tlhalosa dintlha tse di tsenelelang. Seno se raya gore moithuti yo o tla bong a neela puo eno o tla akaretsa tshedimosetso e e tlhalosiwang mo ketapeleng le mo konelong ya gagwe fela. Mokaulengwe yo o abetsweng go dira kakaretso ya mmalo wa Bibela o tshwanetse gore a akgele ka bokhutshwane mo ditemaneng tsa Puo ya No. 2 gore mong wa puo eo a kgone go atolosa tshedimosetso ya gagwe mo mmalong wa Bibela.
4 Molebedi wa sekolo o tshwaya fela bao ba neelang Dipuo tsa No. 2, 3, le 4 mo pampitshaneng ya Kgakololo ya Puo. Ga go tlhokege gore a latele thulaganyo ya pampitshana ya kgakololo jaaka e ntse mme lefa go ntse jalo o ka nna a naya moithuti kgakololo e e rileng mo dintlheng tse a tlhokang go tokafatsa mo go tsone. Ga go tlhokege gore pampitshana ya kgakololo ya sebui se se neetswe Kabelo ya No. 1 e tshwaiwe, le mororo se ka nna sa neelwa kgakololo mo sephiring fa go tlhokega.
5 Botlhe bao ba tshwanelegang ba tshwanetse go dirisa dipaakanyetso tsa semoya ka botlalo tseo di tswang kwa go Jehofa, go akaretsa le thapiso e e neelwang go tswa mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Thapiso e e ntseng jalo e ka re gogela kwa bodiheding jo bo ungwang go feta.—1 Tim. 4:7.