LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/95 ts. 3-4
  • Go Dira Gore Lesedi la Rona le Phatsime ka Metlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Gore Lesedi la Rona le Phatsime ka Metlha
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A Lesedi la Lona le Phatsime”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • “A Lesedi la Lona le Phatsime”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • ‘A Lesedi la Gago le Phatsime’ Gore Jehofa a Galalediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Latela Lesedi la Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 12/95 ts. 3-4

Go Dira Gore Lesedi la Rona le Phatsime ka Metlha

1 Lesedi ke eng? Bukantswe nngwe e tlhalosa gore ke “sengwe se se dirang gore motho a kgone go bona.” Mme tota, go sa kgathalesege botswelelopele jo batho ba bo dirileng jwa tegenologi, ga ba ise ba itse sentle karabo ya potso e Jehofa a neng a e botsa e e kwadilweng mo go Jobe 38:24. A re ka kgona go dira dilo kwantle ga lesedi? Fa go ne go sena lesedi re ne re ka se ka ra tshela. Lesedi le botlhokwa gore matlho a rona a kgone go bona mme Baebele e re bolelela gore ka tsela ya semoya, “Modimo ke lesedi.” (1 Joh. 1:5) Re ikaegile gotlhelele ka Ene yo o ‘re nayang lesedi.’—Pes. 118:27.

2 O re naya lesedi ka tsela ya senama mme o dira jalo segolobogolo ka tsela ya semoya. Bodumedi jwa maaka bo timeditse boidiidi jwa batho, bo ba tlogela mo lefifing la semoya, ba “apaapa lomota jaaka difofu.” (Isa. 59:9, 10) Ka ntlha ya lorato le boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le jwa ga ope, Jehofa o ne a ‘roma lesedi le boammaaruri jwa gagwe.’ (Pes. 43:3) Batho ba ba dimilione ba ba anaanelang ba ne ba arabela, ba tswa ‘mo lefifing ba tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’—1 Pet. 2:9.

3 Jesu Keresete o na le seabe se segolo mo go lereng lesedi leno mo lefatsheng. O ne a bolela jaana: “Ke tsile mo lefatsheng ke le lesedi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing.” (Joh. 12:46) O ne a dirisa nako ya gagwe yotlhe, maatla a gagwe le dilo tse a neng a na le tsone go itsise ka lesedi la boammaaruri. O ne a tsamaya mo nagagaeng ya gagabo yotlhe, a rera e bile a ruta mo e ka nnang mo motseng mongwe le mongwe le motsaneng mongwe le mongwe. O ne a itshokela pogiso e e botlhoko thata go tswa gongwe le gongwe, lefa go ntse jalo, o ne a nna a tlhomame mo tirong e a romilweng go e dira ya go anamisa lesedi la boammaaruri.

4 Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo go tlhopheng, a thapisa le go phutha barutwa, a na le boikaelelo jo bo kgethegileng ka bone. Mo go Mathaio 5:14-16 re bala jaana ka ditaelo tse a di ba fileng: “Ke lona lesedi la lefatshe. . . . A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.” Fela jaaka Jesu ba ne ba tshwanetse go nna “masedi mo lefatsheng,” ba phatsimisa lesedi la boammaaruri gongwe le gongwe. (Bafil. 2:15) Ba ne ba amogela boikarabelo joo ka boitumelo mme ba bo dira selo se segolo mo botshelong jwa bone. Sebakanyana se sekhutshwane morago ga foo, Paulo o ne a kgona go bolela gore mafoko a a molemo a ‘ne a reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ (Bakol. 1:23) Phuthego yotlhe ya Bokeresete e ne e dira ka kutlwano go dira tiro e kgolo eo.

5 Rona re tshwanetse gore re itumele gompieno go bo re le bangwe ba batho ba ba ileng ba ‘latlha ditiro tsa lefifi.’ (Bar. 13:12, 13) Re ka supa kafa re lebogang ka teng ka go etsa sekao sa ga Jesu le sa Bakeresete ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng. Go potlakile thata gone jaanong e bile go botlhokwa gore batho ba bangwe ba utlwe boammaaruri go na le nako epe fela mo hisitoring ya motho. Ga go na tiro epe e e ka tshwanang le eno ka botlhokwa jwa yone le ka melemo e mentsi ya yone.

6 Re ka Phatsima Jang Jaaka Masedi? Tsela e molemolemo ya go phatsimisa lesedi la rona ke ka go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Phuthego nngwe le nngwe e na le dithulaganyo tsa ka metlha tsa go rera mo tshimong e e e abetsweng. Go na le dikgatiso tse dintsi ka dipuo tse dintsi tse di farologaneng. Re rutiwa ka tsela e e tseneletseng kwa dipokanong mme batho ba ba nang le maitemogelo ba ithaopa go thusa go thapisa ba bangwe. Banna, basadi, batho ba ba godileng le e leng bana ba na le ditshono tsa go nna le seabe. Mongwe le mongwe mo phuthegong o kopiwa gore a nne le seabe go ya kafa a kgonang ka teng le ka selekanyo se maemo a gagwe a mo letlang ka sone. Dilo tse di dirwang mo phuthegong di dirwa go akantswe ka tiro ya go rera, mongwe le mongwe a thusiwa go nna le seabe ka tsela nngwe. Go kopanela ka metlha le phuthego ke tsela e e molemolemo ya go tlhomamisa gore lesedi la rona le nna le phatsima.

7 Re ka phatsima ka ditsela tse di sa tlhokeng gore re bue. Re ka kgatlha batho ba bangwe fela ka boitshwaro jwa rona. Ke sone se Petere a neng a akantse ka sone fa a ne a kgothatsa jaana: “Lo bo lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba; . . . ba bo ba galaletse Modimo . . . ka ditiro tsa lona tse di molemo, tse ba di bonang.” (1 Pet. 2:12) Batho ba le bantsi ba atlhola tiro kana mokgatlho mongwe ka boitshwaro jwa batho ba one. Fa batho ba bangwe ba bona batho ba ba nang le boitshwaro jo bo phepa, ba ba ikanyegang, ba ba ratang kagiso, le ba ba ikobelang molao, ba leba batho ba ba ntseng jalo e le ba ba farologaneng mme ba swetsa ka gore ke batho ba ba tshelang ka ditsela tse di kwa godimo thata go na le tse batho ba bangwe botlhe ba tshelang ka tsone. Ka jalo monna yo o nyetseng o dira gore lesedi la gagwe le phatsime fa a tlotla mosadi wa gagwe e bile a mo anaanela ka tsela e e lorato; mosadi le ene o tla dira jalo ka go tlotla botlhogo jwa monna wa gagwe. Bana ba supa fa ba farologane fa ba utlwa batsadi ba bone mme ba tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go dirisa diokobatsi. Mothapiwa yo o dirang tiro ya gagwe sentle, a ikanyega e bile a akanyetsa batho ba bangwe o anaanelwa thata. Fa re na le dinonofo tseno tsa Bokeresete, re dira gore lesedi la rona le phatsime, re dira gore batho ba bangwe ba rate tsela e re tshelang ka yone.

8 Go rera ke go bua le batho ba bangwe ka dilo tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo. Re dira seo ka go neela dipuo phatlalatsa go tswa kwa seraleng kana kwa matlong, mme lefa go ntse jalo ga re go dire fela mo makgetlhong ao. Ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi di dira gore re kopane le batho ba le bantsi. O bua ga kae ka letsatsi le baagisani ba gago? Batho ba kokota ga kae mo kgorong ya gago? O kopana le batho ba bantsi ba ba farologaneng go le kana kang fa o ile go reka, o palame bese, kana fa o le kwa tirong ya gago ya boitshediso? Fa o le mosha yo o tsenang sekolo, a o ka kgona go bala batho ba o buang le bone letsatsi le letsatsi? Ditshono tsa go bua le batho ba bangwe di dintsi thata. Se o tlhokang go se dira fela ke go akanya ka sengwe go tswa mo Dikwalong, go nna le Baebele le dipampitshana dingwe fa gaufi le go simolola motlotlo fa o bona sebaka.

9 Le mororo go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo e le selo se se motlhofo, batho bangwe ba itsemeletsa go bo leka. E ka nna ya bo e le batho ba ba ikgogonang, ba ba bolelang gore ba ditlhong thata go ka bua le batho kana ba boboi thata go atamela batho ba ba sa ba itseng. Ba ka nna ba bo ba sa rate go dira gore batho ba ba ele tlhoko thata kana ba ba arabe ka tsela e e seng monate. Batho ba ba tlwaetseng go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo ba ka go bolelela gore gantsi ga go na lebaka lepe la gore o tlhobaele. Batho ba bangwe ba tshwana fela le rona; le bone ba tlhoka dilo tse re di tlhokang, le bone ba amegile ka dilo tse di re tshwenyang, le bone ba batla dilo tse re di batlelang rona le malapa a rona. Batho ba le bantsi ba arabela ka tsela e e siameng fa o nyenya ka boitumelo kana o ba dumedisa ka tsela e e botsalano. Gore o tle o simolole, o tla tshwanela gore o ‘sosologe.’ (1 Bathes. 2:2) Lefa go ntse jalo, fa o setse o simolotse, o ka nna wa gakgamala e bile wa itumelela go bona matswela a gone.

10 Re Bona Masego fa re Phatsimisa Lesedi la Rona: Re na le dikai dingwe tse di itumedisang tsa matswela a go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo: Mosadi mongwe wa dingwaga tse 55 o ne a leka go kgabaganya tsela. Fela fa koloi e tla tloga e mo thula, kgaitsadi mongwe o ne a phamola letsogo la gagwe mme a mo gogela fa thoko, a re: “Tlhokomela tlhe. Re tshela mo nakong e e kotsi thata!” Morago ga foo ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa metlha eno e le kotsi jaana. Mosadi yoo o ne a botsa jaana, “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” E re ka a ne a bone nngwe ya dibuka tsa rona mo go mogolowe, mosadi yono o ne a batla go kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme tiragalo eno e ne ya dira gore a kgone go mmona.

11 Kgaitsadi mongwe o ne a simolola motlotlo le mosadi mongwe mo ofising ya ngaka fa ba ntse ba letile. Mosadi yono o ne a reetsa ka kelotlhoko mme morago ga foo a bolela jaana: “Ke na le nakonyana ke ntse ke kopana le Basupi ba ga Jehofa; mme fa le nna ke ka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e tlang, e tla bo e le ka ntlha ya se o sa tswang go se mpolelela. Fa ke ntse ke go reeditse go ntse jaaka e kete ke simolola go bona lesedi ke le mo lefifing.”

12 Go direla batho ba bangwe molemo e ka nna tsela nngwe ya go thusa batho ba bangwe gore ba ithute boammaaruri. Bokgaitsadi bangwe ba babedi ba ba neng ba ya gae ba tswa tirelong ya tshimo, ba ne ba bona mosadi mongwe yo o tsofetseng yo o neng a lebega a lwala a fologa mo beseng. Ba ne ba ema mme ba botsa mosadi yoo gore a o tlhoka thuso. O ne a gakgamala go bona batho ba babedi ba a sa ba itseng ba mo kgatlhegela mme a batla go itse gore ke eng se se dirileng gore ba mo direle molemo o o kalo. Seno se ne sa ba fa tshono ya go neela bosupi. Mosadi yono o ne a ba fa aterese ya gagwe mme a ba laletsa ka lorato gore ba mo etele. Go ne ga simololwa thuto. Go ise go ye kae mosadi yono o ne a simolola go tla dipokanong mme gone jaanong o bolelela batho ba bangwe ka boammaaruri.

13 Kgaitsadi mongwe yo o setseng a tsofetse o dirisa sebaka sa go neela bosupi phakela mo mosong kwa losing lwa lewatle mo lefelong le a leng mo go lone. O kopana le batlhokomedi ba matlo, batlhokomedi ba bana, botlelereke ba dibanka le batho ba bangwe ba ba iphokisang phefo mo mosong ka go tsamaya fa thoko ga tsela. O tshwara dithuto tsa Baebele a ntse mo dibankeng tse di fa losing. Go na le batho ba le mmalwa ba a ba rutileng boammaaruri mme ke Basupi ba ga Jehofa gone jaanong.

14 Kgaitsadi mongwe o ne a utlwa modirikaene kwa tirong a bua ka lekgotla lengwe la bopolotiki le a neng a dumela gore le tla rarabolola mathata a lefatshe. Kgaitsadi yono o ne a bua le ene, a mmolelela ka se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang. Motlotlo ono kwa tirong o ne wa dira gore go tshwarwe thuto ya ka metlha ya Baebele kwa gae mme kgabagare mosadi yoo le monna wa gagwe ba ne ba nna Basupi.

15 Le ka Motlha O se Ka wa Lebala Gore o Mosupi! Fa Jesu a ne a tlhalosa gore barutwa ba gagwe ke “lesedi la lefatshe,” o ne a bolela gore ba tshwanetse go thusa batho ba bangwe gore lesedi la Lefoko la Modimo le ba solegele molemo. Fa re dirisa kgakololo ya ga Jesu, re tla leba jang bodiredi jwa rona?

16 Batho ba bangwe ba batla tiro e e seng ya letsatsi lotlhe fa ba batla tiro. Ba baya melelwane ya gore ba tla dirisa nako e e kana kang le gore ba tla dira maiteko a a kana kang mo go yone ka gonne ba batla go dirisa bontsi jwa nako ya bone ba dira dilo tse di tla ba solegelang molemo thata. A le rona re leba bodiredi jwa rona ka tsela eo? Lefa re ka nna ra ikutlwa re patelesega mme e bile re batla tota go beela bodiredi nako nngwe kwa thoko, a go tshwanetse ga bo go na le dilo tse dingwe tse re batlang go di dira thata go feta seo?

17 E re ka re lemoga gore ga go na Mokeresete wa nakwana, re ineetse, ‘re iitatotse’ mme ra dumela go sala Jesu morago “ka metlha.” (Math. 16:24, NW) Re batla go tswelela pele re dira ka “pelo yotlhe,” re dirisa tshono nngwe le nngwe go phatsimisa lesedi la rona gore le fitlhe mo bathong gongwe le gongwe koo ba le teng. (Bakol. 3:23, 24) Re tshwanetse gore re gane mekgwa ya lefatshe, re nne re tlhoafetse fela jaaka kwa tshimologong mme re bo re tlhomamise gore lesedi la rona le phatsima ka metlha ka phatsimo e kgolo. Batho ba bangwe ba ile ba letla tlhoafalo ya bone go fokotsega le lesedi la bone gore le koafale, le nna lesedinyana le le sa bonaleng fa o le kgakalanyana. Motho yo o ntseng jalo o tlhoka go thusiwa gore a boe a tlhoafalele bodiredi.

18 Batho ba bangwe ba ka nna ba bo ba ikgogona ka gonne batho ba le bantsi ba sa rate molaetsa wa rona. Paulo o ne a re molaetsa o o buang ka Keresete ke “dinyana mo go ba ba senyegang.” (1 Bakor. 1:18) Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba ne ba reng, o ne a bolela jaana ka bopelokgale: “Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo.” (Bar. 1:16) Motho yo o tlhabiwang ke ditlhong o ikutlwa a nyatsega kana a sa tshwanele. Ke eng se tota se ka dirang gore re tlhabiwe ke ditlhong fa re bua ka Molaodi yo Mogolo wa lobopo le dilo tse di molemo tse a di dirileng gore re itumele ka bosakhutleng? Le ka motlha ga re a tshwanela gore re ikutlwe re nyatsega kana re sa tshwanele fa re bolelela batho ba bangwe ka boammaaruri jono. Go na le moo, re tshwanetse gore re ikutlwe re patelesega gore re dire bojotlhe jwa rona, re supa gore re tlhatswegile pelo gore ‘ga re na sepe go se tlhabelwa ditlhong.’ (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—2 Tim. 2:15.

19 Lesedi la boammaaruri le le phatsimang mo dinageng tsa lefatshe lotlhe le re neela tsholofetso e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la paradaise. A re itshupeng gore re utlwile kgothatso ya gore re dire gore lesedi la rona le phatsime ka metlha! Fa re dira jalo, re tla kgona go itumela fela jaaka barutwa bao letsatsi le letsatsi ba neng ba “se ka ba bakela go ruta le go rera ka [mafoko a a molemo kaga Keresete, Jesu, NW].” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Dit. 5:42.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela