“A Lesedi la Lona le Phatsime”
1. Re na le tshiamelo ya go phatsimisetsa batho eng?
1 Go tloga mo mosong go fitlha ka lotlatlana, bontle jwa lesedi bo tlisetsa Jehofa Modimo pako. Le fa go ntse jalo, e ne e le mofuta o mongwe wa lesedi o Jesu a neng a bolelela barutwa ba gagwe gore ba nne le one—“lesedi la botshelo.” (Joh. 8:12) Go nna le lesedi leno la semoya ke tshiamelo e e kgethegileng e e akaretsang maikarabelo a a masisi. Jesu o ne a laela jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho” mme le solegele batho ba bangwe molemo. (Math. 5:16) Mo lefifing la semoya le le tseneletseng le le leng teng gompieno, batho ba tshwanetse go phatsimisediwa lesedi leno mme ga go ise go ke go nne le tlhokego e e kalo go feta gompieno! Re ka dira jang gore lesedi la rona le phatsime fela jaaka Keresete a ile a dira?
2. Jesu o ne a bontsha jang botlhokwa jwa go bolelela batho ba bangwe ka lesedi la semoya?
2 Ka go Rera: Jesu o ne a dirisa nako, maatla le dithoto tsa gagwe go itsise batho ka lesedi leno la boammaaruri kwa matlong a bone, kwa dipatlelong le kwa godimo ga dithaba—gongwe le gongwe kwa batho ba neng ba le gone. O ne a tlhaloganya melemo e e nnelang ruri ya go bolelela ba bangwe ka lesedi leno la boammaaruri la semoya. (Joh. 12:46) Gore Jesu a fitlhelele batho ba ba oketsegileng, o ile a thapisa barutwa ba gagwe gore ba nne “lesedi la lefatshe.” (Math. 5:14) Ba ne ba dira gore lesedi la bone le phatsime ka go direla baagelani ba bone molemo le ka go ba bolelela ka boammaaruri jwa semoya.
3. Re ka bontsha jang gore re anaanela lesedi la boammaaruri go tswa pelong?
3 Batho ba Modimo ba tsaya masisi boikarabelo jwa gore ba ‘tswelele ba tsamaya jaaka bana ba lesedi’ mme ba rera gongwe le gongwe kwa go nang le batho gone. (Baef. 5:8) Go bala fela Baebele kgotsa dikgatiso dingwe tsa Bokeresete mo batho ba ka go bonang gone ka nako ya go ikhutsa fa o le kwa tirong kgotsa kwa sekolong, go ka dira gore o simolole motlotlo wa Dikwalo. Ka go dira jalo, kgaitsadi mongwe yo mosha o ne a simolola thuto ya Baebele mme a tsamaisetsa bana ba le 12 ba a tsenang tlelase le bone dibuka!
4. Ke eng fa go ‘dira gore lesedi la rona le phatsime’ go akaretsa go nna le boitshwaro jo bontle?
4 Ka Ditiro Tse di Molemo: Go dira gore lesedi la rona le phatsime go akaretsa tsela e re itshwarang ka yone letsatsi le letsatsi. (Baef. 5:9) Gantsi tsela e Bakeresete ba itshwereng ka yone kwa tirong, kwa sekolong le kwa mafelong a batho botlhe, e lemogiwa ke batho botlhe mme seo se ba bulela ditshono tsa go ba bolelela ka boammaaruri jwa Baebele. (1 Pet. 2:12) Ka sekai, boitshwaro jo bo siameng jwa mosimane yo o nang le dingwaga di le tlhano, bo ne jwa dira gore morutabana wa gagwe a letsetse batsadi ba gagwe mogala. O ne a re: “Ga ke ise ke ko ke tsamaye ke bone ngwana yo o tlhaloganyang sentle se se siameng le se se sa siamang jaaka ngwana wa lona!” Ee, bodiredi jwa rona le boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo ngokela batho mo ‘leseding la botshelo’ e bile bo tlisetsa Modimo wa rona pako.