Go Bolela Boammaaruri Letsatsi le Letsatsi ka go Etsa Jesu
1 Jesu o ne a na le tiro e e kgethegileng e a neng a tshwanetse go e dira fa a ne a tla mo lefatsheng. E ne e le motlhofo thata: ‘Go supa ka ga boammaaruri.’ (Joh. 18:37) O ne a bolelela boammaaruri ka dinonofo tse di gakgamatsang tsa ga Rraagwe le ka maikaelelo a gagwe. Tiro eno e ne e ntse jaaka dijo mo go ene; botshelo jwa gagwe jotlhe bo ne bo ikaegile ka yone. (Joh. 4:34) Luke o ne a bega gore Jesu o ne a nna a “ruta letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng.” (Luke 19:47, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jesu o ne a dirisa nako e a neng a na le yone ka botlalo. (Joh. 9:4) Pelenyana fela ga loso lwa gagwe, o ne a kgona go bolelela Rraagwe jaana: “Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira.”—Joh. 17:4.
2 Fa re anaanela thata dilo tsotlhe tse Jehofa a di re diretseng, le rona re tla ikutlwa re patelesega go bua kaga gagwe letsatsi lengwe le lengwe. Re tla bua fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba bolela jaana ka bopelokgale: “Ga re na sepe fa e se go bua fela dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.” (Dit. 4:20) Ba ne ba nna ba bua kaga Jehofa ka gonne pego e bontsha gore “ka malatsi otlhe . . ba se ka ba bakela.” (Dit. 5:42, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke etsa Morutisi wa me e bong Jesu?’
3 Go Rera ka Potlako: Jesu o ne a bolelela pele gore fa molaetsa wa Bogosi o sena go bolelwa mo lefatsheng lotlhe, “ke gone bokhutlo bo tla tlang.” (Math. 24:14) Seno se tshwanetse go re thusa go bona kafa tiro ya rona e leng botlhokwa ka teng le kafa e potlakileng ka teng. E re ka matshelo a batho ba ba dimilione a le mo kotsing, ga go na sepe se se botlhokwa kana se se mosola go feta tiro eno. E re ka tsamaiso eno ya dilo e tla tloga e fela, nako ya gore re fetse tiro eno e fokotsegile!
4 Dipego di bontsha gore Jehofa o ntse a akofisa tiro ya go phutha batho ba sekadinku. (Isa. 60:22) Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, batho ba ntse ba thologela mo boammaaruring mme ba bile ba itumela go bolela jaana: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona”! (Seka. 8:23) Mafoko ano a ga Jesu a boammaaruri thata mo nakong eno go feta lefa e le leng mo nakong e e fetileng: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela. . . . Rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) A seo ga se re tlhotlheletse gore re tlhoafale jaaka barutwa ba ga Jesu ba ba neng “ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo”? (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Luke 24:53.
5 Itsise Boammaaruri Letsatsi le Letsatsi: Re tshwanetse gore re batle ditsela tse ka tsone re ka bolelang batho ba bangwe ka boammaaruri letsatsi le letsatsi. Go na le ditshono tse di nang di ntse di le gone. A o ka dirisa metsotso e se mekae o founela tsala kana motho mongwe yo o mo tlwaetseng yo o akanyang gore o tla reetsa? Kana o akanyang kaga go kwalela motho yo o sa mo fitlhelang kwa gae lekwalo? A o kile wa akanya go neela mong wa lebenkele pampitshana fa o ile go reka? Gongwe o ka nna wa akanya ka ditshono tse dintsi tse ka tsone o ka bolelelang batho ba bangwe ka tsholofelo ya gago. Fa o dira maiteko mme o nna le bopelokgalenyana, Jehofa o tla go thusa.—1 Bathes. 2:2.
6 Ka jalo, fa re simolola tiro ya letsatsi lengwe le lengwe, re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke tla simolola go bolelela mongwe ka tsholofelo ya me fa ke bona tshono ya go dira jalo gompieno?’ Nna le boikutlo jwa ga Jesu, fa a ne a tlhalosa lebaka la go bo a romilwe mo lefatsheng: ‘Ke [tshwanetse, NW] go rera . . . mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.’ (Luke 4:43) Fa e le gore re batla go tshwana le Morutisi wa rona, re tla dira fela jalo.—Luke 6:40.