Dirang Maeto a go Boela go Boloka Batho Bangwe
1 Ke go rata ga Modimo gore “batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ke eng se rona re ka se dirang go thusa? Re ka dira maeto a go boela ka boikaelelo jwa go ruta batho boammaaruri ka go ba tshwarela dithuto tsa ka metlha tsa Baebele. O tla reng? Dikakantsho tse di latelang di ka nna tsa go thusa.
2 Fa o dira loeto lwa go boela, fa go tsamaisitswe buka ya “Monna yo Mogolo” kana e sa tsamaisiwa, o ka nna wa rata go simolola thuto jaana ka tlhamalalo:
◼ O ka nna wa botsa jaana: “Ke eng se se neng sa dira gore Jesu e nne monna yo mogolo go gaisa botlhe mo lefatsheng?” O ka nna wa araba ka go bontsha motho dikgaolo di le mmalwa tsa di le 133 tse di buang ka botshelo jwa gagwe, botho jwa gagwe, dithuto tsa gagwe le ditiro tsa gagwe. Kgaolo 24 e tlhalosa lebaka la go bo a ne a tla mo lefatsheng. Kgaolo 35 e boeletsa Thero ya gagwe e e itsegeng thata ya mo Thabeng. Kgaolo 133 e tlhalosa ka bokhutshwane ka masego a batho ba tla a bonang fa a fetsa tiro ya gagwe. Bontsha mongantlo gore dipotso le dikwalo tse di kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe di re thusa jang go tlhaloganya dintlha tse di botlhokwa tse di mo kgaolong nngwe le nngwe. Tlhalosa dintlha di le mmalwa fela mme o bo o dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boa gape.
3 Tsela e nngwe e o ka simololang ka yone e ka nna gore:
◼ “Ke ile ka itumelela puisano ya rona thata beke e e fetileng. Batho ba le bantsi ba bolela kafa ba tshwenyegileng ka teng ka ntlha ya maemo a lefatshe a a nnang maswe le go feta. Ke ne ka akanya gore kgaolo 111 ya buka eno ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e tla go kgatlha. [Ipaakanyetse gore o akgele ka dikarolo tse di rileng tsa kgaolo 111 gore o arabe potso e le nngwe kana di le pedi tsa poeletso kwa bofelong jwa kgaolo, ka sekai: “Ke maemo afe a lefatshe a a tshwayang go nna gone ga ga Keresete?” kana “Ke sesupo sefe se Jesu a se neelang barutwa ba gagwe ba mo isagweng go bona fa bokhutlo bo tla bo bo le gaufi?”] Go ya ka se re se badileng fano, o ka re tsholofelo ya rona ya isagwe ke eng? [Letela karabo mme morago ga foo o bo o akgola mongantlo.] Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re batla go falola bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno?” Bala Johane 17:3 mme o buelele thuto ya legae ya ka metlha ya Baebele.
4Fa motho yo re mo etetseng a tshwaregile, re santse re ka nna ra nna le matswela ka go bolela jaana:
◼ “Ke a itse gore o na le metsotso e se mekae fela, mme lefa go ntse jalo go na le sengwe se o ka akanyang ka sone fa o ntse o fetsa tiro ya gago. [Bala Mathaio 5:3.]” Kana o ka nna wa re: “Ke go kwaletse dikwalo tse tharo tseno. E re ka e se nako e e siameng ya gore re bue, ke tla di go tlogelela mme fa ke boa ke tla rata go dirisa metsotso e le tlhano gore ke tlotle le wena ka tsone.” Fa go bonala gore nako e nngwe e tla tshwanela mongantlo, o ka nna wa botsa jaana: “A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla nna leng?” Morago ga foo o ka nna wa rulaganya go boa gore o tle go araba potso eo.
5 Gakologelwang gore boikaelelo jwa go dira maeto a go boela ke go simolola dithuto tsa Baebele. Re tla itumela thata fa batho ba ba ithutang ba ithuta go bitsa leina la ga Jehofa gore ba bolokwe.—Dit. 2:21.