Dira Gore ba Bangwe ba Nne le Tsholofelo ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
1 Le fa batho ba ntse ba senka ditsela tse ba ka fokotsang ka tsone go tsofala le go lelefatsa matshelo a bone, botsofe le loso di sa ntse di sa kgone go tilwa. A bo re leboga jang ne go bo Baebele e tlhalosa gore Ke Ka Ntlha Yang fa batho ba tsofala ba bo ba swa le kafa tshenyo e e bakilweng ke botsofe e tla dirololwang ka gone le kafa loso lo tla fedisiwang ka teng. Boammaaruri jono bo tlhalosiwa ka tsela e e tlhatswang pelo mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo Bo Sa Khutleng. Buka eno e tlhalosa ka phepafalo dipotso tse di kopanyang tlhogo ka botshelo le loso, e lebisa mmadi kwa nakong ya fa paradaise e tla bo e tsosolositswe sesha.
2 Ka March re tla tsamaisa buka ya Kitso, mokgele wa rona e le go simolola dithuto tsa Baebele tsa legae. (Math. 28:19, 20) Morago ga moo re tla dira maeto a go boela mo go botlhe ba ba bontshitseng gore ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi. Ka go dira jalo re tla dira gore ba bangwe ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Tito 1:2) Gore o fitlhelele seno, o ka nna wa fitlhela dikakantsho tseno di thusa thata.
3 Fa o dira loeto lwa ntlha, o ka nna wa botsa potso eno:
◼ “A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba eletsa go tshela lobaka lo loleelenyana? [Mo letle gore a arabe.] Babuda, Bakeresete, Bahindu, Bamoseleme le ba bangwe botlhe ba na le tsholofelo ya go tshela morago ga loso.” Bula buka ya Kitso mo go kgaolo 6, “Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala Re bo Re Swa?,” o bo o bala serapa 3. Tlhalosa ditemana tse di umakilweng. O mmontsha dipotso tse pedi tse di kwa bokhutlong jwa serapa, botsa mong wa ntlo gore a a ka rata go iponela dikarabo tsa tsone. Fa a rata, tswelela ka go tlotla ka dirapa di se kae tse di latelang. Go simololwa thuto! Mo tsamaisetse buka ka moneelo wa R4,00, o bo o rulaganya go boa gape, fa go kgonega e nne morago ga letsatsi kana a mabedi, go tla go tlotla ka dikarabo.
4 Fa o boela koo o tsamaisitseng buka ya “Kitso” gone, o ka nna wa re:
◼ “Ke boile gore re tle go tlotla ka dipotso tse pedi ka ga loso tse re sa di arabang.” Gakolola mong wa ntlo ka dipotso tseo. Morago ga moo o bo o tlotla ka tshedimosetso e e mo go kgaolo 6 mo tlase ga setlhogwana se se reng “Maano a a Bosula.” Go ikaegile ka gore maemo a ntse jang, o ka nna wa tswelela ka thuto kana o dirise potso ya bofelo kwa bokhutlong jwa serapa 7 go thaya motheo wa thuto e e latelang. Dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go boa. Naya mong wa ntlo pampitshana ya taletso o bo o mo tlhalosetsa ka bokhutshwane kafa dipokano tsa phuthego di tshwarwang ka gone. Mo laletse ka lorato gore a nne gone.
5Fa o dira tiro ya ka ntlo le ntlo kana bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo, o ka simolola motlotlo ka go re:
◼ “A o kile wa ipotsa gore isagwe e tshwaretse rona le lefatshe leno eng? [Mo letle a arabe.] Baebele e sobokanya isagwe ka lefoko le le lengwe fela—Paradaise! E tlhalosa gore kwa tshimologong, Modimo o ne a dira gore karolo nngwe ya lefatshe e nne paradaise e ntle koo a neng a baya batho ba babedi ba a neng a ba bopile teng. Ba ne ba tshwanetse go tlala ka lefatshe, ka iketlo ba le fetola go nna paradaise. Ela tlhoko tlhaloso eno e e bontshang gore go tshwanetse ga bo go ne go ntse jang.” Bula buka ya Kitso mo go tsebe 8, o bo o bala serapa 9 tlase ga setlhogwana se se reng “Botshelo mo Paradaiseng.” Morago ga moo o bo o tlotla ka dintlha tse di mo go serapa 10, o bo o bala temana e e umakilweng, Isaia 55:10, 11. Mmolelele gore o tla rata go tswelela o tlotla le ene kafa botshelo bo tla nnang ka gone mo Paradaiseng e e tsosolositsweng lo bo lo bale dirapa 11-16 mmogo. Mo tsamaisetse buka ka moneelo wa R4,00. Kgothaletsa motho yoo go ipalela yone, o bo o rulaganya gore lo kopane gape go tla go tlotla ka gone.
6 Fa go sa simololwa thuto mo lekgetlhong la ntlha, o ka leka go dira jalo mo loetong lwa go boela ka go re:
◼ “Jaaka re buile fa re ne re tlotla mo nakong e e fetileng, ke maikaelelo a Modimo gore lefatshe lotlhe le fetolwe le nne paradaise. Seo se tsosa potso ya go re, Paradaise e tla nna jang?” Bula buka ya Kitso mo kgaolong 1, lo bo lo ithuta dirapa 11-16 tlase ga setlhogwana “Botshelo mo Paradaiseng e e Tsosolositsweng.” Morago ga moo o bo o mmontsha setshwantsho se se mo go ditsebe 4-5, o bo o botsa motho yoo gore a o ka rata go tshela mo tikologong e ntle jaana. Morago ga moo o bo o bala serapa 17 mo go tsebe 10. Go ikaegile ka maemo, o ka nna wa tswelela ka thuto kana o mmolelele gore nako e e tlang fa o tla o tla mo tlhalosetsa gore ke eng se se batlegang gore motho a tshele mo Paradaiseng e e tsosolositsweng. Mo tlogelele pampitshana ya taletso, o mo tlhalosetsa thulaganyo ya dipokano o bo o mo laletsa ka lorato gore a ye kwa Holong ya Bogosi.
7 Buka ya Kitso ke sedirisiwa se se molemo thata se re ka se dirisang go senolela ba bangwe “botshelo jo bo sa khutleng” jo bo solofeditsweng ke Modimo. Fa o tshwara dithuto tsa Baebele tsa magae le batho seno se ka dira gore ba nne le tsholofelo eno e e molemolemo e e tlhotlheleditsweng ke Modimo “o o sa ka keng wa aka.”