Rera ka Botlhale
1 Go nna botlhale go raya gore re tshwanetse go tlhaloganya sengwe ka batho ba re ba rerelang. Ka ntlha yang? Ka gonne gore re atlege go fitlhelela dipelo tsa batho go ikaegile ka bokgoni jwa rona jwa go ba bolelela ka molaetsa wa Bogosi ka tsela e e ba kgatlhang. Ka kgwedi ya January, re tla bo re tsamaisa buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R10,50. Mo godimo ga dikakantsho tse re di filweng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December, o ka nna wa rata go leka go dirisa nngwe ya ditsela tse di latelang.
2 Fa o sena go ikitsise, o ka nna wa bua jaana ka mafoko a gago:
◼ “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore Jesu o ne a ntse jang fa a ne a tshela jaaka motho mo lefatsheng leno. Wena o akanya gore o ne a farologane ka ditsela dife le batho ba bangwe? [Letela karabo.] Buka e e kgatlhisang eno ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e bua ka dinako tse di botlhokwa tsa botshelo jwa gagwe le bodiredi jwa gagwe mme e bile e re tlhalosetsa gore e ne e le monna wa mofuta ofe. Batho ba bangwe fa ba sena go e bala, ba ikutlwa e kete ba kile ba kopana le ene tota, ba boga le ene le go mmona ka matlho mo bodireding jwa gagwe.” Mmontshe setshwantsho sa ntlha mo bukeng se se buang ka setlhogo sa yone. Morago ga foo bula ketapele mme o bo o bala serapa sa bobedi se se kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Solegelwa Molemo ke go Ithuta Kaga Gagwe.” Tsamaisa buka ka moneelo wa R10,50.
3 O ka nna wa rata go dirisa puisano e e tshwanang le eno:
◼ “Dumelang. Re ntse re bua le bangwe ba baagisani ka gore ba ne ba ka rata go bona dinonofo dife mo mothong yo o busang ba bangwe. A nka botsa gore wena o akanya gore ke nonofo efe e le nngwe kana di le pedi tse di botlhokwa thata? [Letela karabo. Lemoga dintlha dingwe. Dumalana fa go tshwanela.] A o ne o itse gore Baebele e tlhalosa ditshwanelego tsa Motho yo o amogetsweng go nna mmusi wa batho? Di tlhalosiwa mo go Isaia 9:6, 7. [E bale.] O akanya gore go tla nna jang go busiwa ke mmusi yo o ntseng jalo?” Letela karabo mme morago ga foo o mmontshe Pesalema 146:3, 4. Bula kgaolo 133 mo bukeng ya Monna yo Mogolo go tsweletsa motlotlo pele.
4Dirisa Pampitshana go Buelela Buka ya Monna yo Mogolo: Dipampitshana di thusa thata go simolola metlotlo. Di thusa go dira gore beng ba ntlo ba reetse ka gonne dipampitshana di na le ditlhogo tse di buang ka dilo tse di ba amang.
Ka sekai, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Fa re ntse re bua le batho, re lemogile gore ba le bantsi ba bolela kafa ba tshwenyegileng ka teng ka . . . [tlhopha tiragalo nngwe mo dikgannyeng tsa bosheng]. Go bonala e kete maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele. Batho ba bangwe ba bile ba ipotsa gore a lefatshe leno le tla falola. Wena o ikutlwa jang? [Leta gore mongantlo a arabe. Batho ba le bantsi ba na le tsholofelo.] Ke badile sengwe se se kgothatsang se nka ratang go go bolelela ka sone. Se mo pampitshaneng eno. [Naya mongantlo pampitshana ya A Lefatshe Leno Le Tla Falola? o ntse o tshwere pampitshana e e tshwanang mo letsogong la gago.] Ela tlhoko gore Jesu o ne a bolelela pele jang gore . . . ” Bala serapa sengwe mo tsebeng ya 4 kana ya 5 se se buang ka tiragalo nngwe ya bosheng e o e umakileng fa o simolola. Bontsha mongantlo buka ya Monna yo Mogolo. Fa go bonala go tshwanela go ka dira jalo, mmontshe tshedimosetso e e oketsegileng ka polelelo pele ya ga Jesu e go buiwang ka yone mo kgaolong 111. Tsamaisa buka. Mme gape, tlhomamisa gore o botse ka kgang e o tla tlotlang ka yone fa o boa.
5 Fa re le botlhale tota re tla kgona go lemoga gore batho ba re kopanang le bone ba tlhoka eng e bile ba kgatlhegela eng. Diane 16:23 e re tlhomamisetsa seno ka go bolela jaana: “Pelo ya yo o tlhalefileng e ruta molomo wa gagwe, e be e okeletse dipuonama tsa gagwe kitso.”