Bua ka Bopelokgale
1 Mo dingwageng tsa bosheng jaana baboledi ba fitlhela go le boima thata go bua le batho kwa magaeng a bone. Batho ba le bantsi ba bolela gore kwa tshimong ya bone go na le batho ba ba fetang diperesente di le 50 ba ba seyong kwa gae fa go tsamaiwa ka ntlo le ntlo. Ka ntlha ya seo, go senngwa nako e ntsi.
2 Mo dingwageng tse di fetileng batho ba le bantsi ba ne ba fitlhelwa kwa gae ka Sontaga, e leng letsatsi le batho ka kakaretso ba neng ba le leba e le la boikhutso. Dingwao di fetogile. Gompieno go tlwaelegile gore batho ba dire ditiro tsa boitshediso, ba dire dilo tse dingwe tse di tlhokang go dirwa mo lelapeng tse di tshwanang le go ya go reka, kana ba itapolose, e leng dilo tse di dirang gore ba bo ba seyo kwa gae. E setse e le bothata go kopana le batho fa o tsamaya ka ntlo le ntlo le e leng ka Sontaga.
3 Fa batho ba seyo kwa gae, go phepafetse he gore ba gongwe go sele. E re ka mokgele wa rona e le go bua le batho, ke eng fa re sa bue le batho ba re kopanang le bone—mo mebileng, kwa borekisetsong, kana kwa tirong. Paulo o ne a tlwaetse go atamela ‘bao a rakanang nabo,’ gore a ba neele bosupi. (Dit. 17:17) Tsela eno ya go neela bosupi e ile ya itshupa e le molemo ka nako eo mme e santse e le tsela e e molemo ya go neela bosupi mo motlheng wa rona.
4 Gantsi fa re tsamaya ka ntlo le ntlo re bona batho ba itsamaela fela kana ba letetse mongwe. Ka letsatsi le le monate ba ka tswa ba dutse mo ditulong tse di kwa parakeng kana ba baakanya kana ba tlhatswa dikoloi tsa bone. Re tlhoka fela go nyenya le go dumedisa ka botsalano gore re simolole motlotlo. Fa ba nna gaufi, re ka nna ra ba bolelela gore gongwe re ile ra fitlhela ba seo kwa matlong a bone mme re a itumela go bo gone jaanong re na le sebaka sa go ka bua le bone. Batho ba bantsi ba nnile le maitemogelo a a itumedisang fela ka go dira gore e nne bone ba simololang ba bontsha bopelokgalenyana jo bo oketsegileng.
5 Bopelokgale bo Lere Matswela: Mokaulengwe mongwe o ne a bolela gore o atamela batho ba ba emeng ba letile bese, ba ba iphetelang fela ka tsela, kana ba ba dutseng mo dikoloing tsa bone. O itira moagisani yo o botsalano yo o batlang fela go tlotla, a nyenya ka tsela e e lorato e bile a bua ka lentswe le le itumetseng. Ga a tsamaise fela dikgatiso tse dintsi mme gape o ne a kgona go simolola dithuto tsa Baebele di le mmalwa.
6 Mokaulengwe yo mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo fa ba kopana le mosadi mongwe yo o neng a feta a tshwere kgetsi e tona ya dikorosari. Ba ne ba simolola motlotlo, ba mo akgolela go bo a tlhokomela lelapa la gagwe sentle. Ba ne ba mmotsa ka gore, “mme ke mang, yo o tla kgonang go naya batho dilo tse ba di tlhokang?” Seo se ne sa tsosa kgatlhego ya mosadi yono. Motlotlo o mokhutshwane oo o ne wa dira gore mosadi yo a ba laletse kwa ntlong ya gagwe, koo ba neng ba simolola thuto ya Baebele gone.
7 Ka jalo, ka nako e nngwe fa o neela bosupi ka ntlo le ntlo, e ka tswa e le ka Sontaga kana ka letsatsi le lengwe fa gare ga beke mme o sa fitlhele batho kwa gae, ke eng o sa oketse bopelokgale jwa gago mme o bue le batho ba o kopanang le bone—mo mebileng kana gongwe go sele? (1 Bathes. 2:2) Bodiredi jwa gago bo ka nna le matswela a a oketsegileng mme o tla itumelela tirelo ya gago ka mo go oketsegileng.