Go Ipaakanyetsa—Tsela ya go Bona Katlego
1 Go ipaakanyetsa bodiredi go sa le gale go tla re thusa go fenya ketsaetsego epe e motho a ka nnang le yone fa a le mo tirelong ya tshimo. Fa o ntse o atamela kgoro ya mongantlo, o tla bo o itse se o batlang go se mmolelela. Ga o ne o itshosa ka dikgwetlho tse o ka nnang wa rakana natso. Fa o boela gae morago ga tirelo, o tla utlwa o kgothatsegile ka go itse gore o ne o ntshitse ga tshwene mo bodireding. Ee, go ipaakanyetsa sentle ke selo se se ka tokafatsang bokgoni jwa rona jwa go rera le go ruta.
2 Paulo o ne a gatelela kgang ya go ipaakanyetsa ka go re kgothaletsa gore “mo dinaong [re] bo [re] rwele iketleetso ya Mafoko a a Molemo a kagiso.” (Baef. 6:15) Seno se akaretsa go baakanya mogopolo wa rona le pelo le go nna le maikutlo a a siameng le moya wa go rata. Fa re ipaakanyeditse go abela ba bangwe boammaaruri, tiro ya rona e tla duelwa ka maungo a Bogosi mo go tla dirang gore re itumele.—Dit. 20:35.
3 Kafa re ka Ipaakanyetsang Tiro ya go Rera ka Teng: Re tshwanetse go tlhopha puisano e re bonang go le motlhofo go e dirisa, gongwe go tswa mo go tse di akantshitsweng mo bukeng ya Go Fetolana kana tse di mo tsebeng ya bofelo ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akanya sentle ka lokwalo lo o ikaeletseng go le dirisa o tlhopha mafoko kana dipolelwana tse o tlileng go di dirisa go gatelela ntlha ya konokono. Ga go tlhokege gore o tshware puisano eo ka tlhogo; go na le moo, go botoka gore o e tlhaloganye o bo o e bua ka mafoko a gago le go e tlhalosa ka tsela e o akanyang gore e tla kgatlha motho yo o go reeditseng.
4 Sekaseka kgatiso e o tla e tsamaisang o bo o tlhopha dintlha tse di kgatlhang tse di tshegetsang kgang eo. Tlhopha dilo tse o akanyang gore di ka kgatlha batho ba mo tshimong ya lona thata. Akanyetsa kafa o ka fetolang puisano ya gago ka teng fa o kopana le beng ba matlo ba ba farologaneng—monna, mosadi, mogodi kana mosha.
5 A o kile wa leka thulaganyo ya go ithapisa? Kopana le ba bangwe mo lapeng kana baboledi ba bangwe go tlotla ka dipuisano tse di ka nnang le matswela morago ga foo lo bo lo di boaboeletsa lo buela kwa godimo gore mongwe le mongwe a di gakologelwe sentle. Lekang go etsa maemo le dilo tsa mmatota tse lo ka kopanang le tsone mo tshimong. Go ipaakanyetsa jalo go tla tokafatsa tsela ya gago ya go bua ka thelelo, ga oketsa botswerere jwa gago mo tirong ya go rera le go dira gore o itshepe.
6 Mo godimo ga go ipaakanyetsa le go ithapisetsa puisano ya gago, o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A diaparo tse ke ikaeletseng go di apara di tshwanela bodiredi? A ke na le dilo tse di tlhokegang mo kgetsaneng ya me ya dibuka, go akaretsa le dikgatiso tse ke ikaeletseng go di dirisa? A e mo maemong a a siameng? A ke na le buka ya me ya Go Fetolana, dipampitshana, dipego tsa ntlo le ntlo le phensele?’ Go ipaakanyetsa sentle jalo go sa le gale go tla dira gore o nne le letsatsi le le nang le matswela mo tirelong.
7 Morago ga go ipaakanyetsa jalo ka natla, re tshwanetse go rapelela moya wa ga Jehofa gore o re thuse go atlega. (1 Joh. 5:14, 15) Go tlhoafalela go ipaakanyetsa jalo go tla dira gore re itumelele tiro ya rona thata fa re ntse re ‘swetsa tirelo ya rona.’—2 Tim. 4:5.