‘Nnang lo Totafale mo Kitsong ya Boammaaruri’
Kitso ya boammaaruri ka Modimo e isa botshelong jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3) Re tshwanetse gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang gore re oketse kitso ya rona ya boammaaruri ka Jehofa. (Bakol. 1:9, 10) Go tloga ka April 29, re tla bo re ithuta buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego. Re tla bo re sa tlhaloganye Lefoko la Modimo botoka fela mme gape go tla re iketleeletsa sentle go ruta batho ba bangwe. Wena le lelapa la gago lo tla segofadiwa fa lo ipaakanyetsa go sa le gale, go nna teng kwa dipokanong le go nna le seabe mo go tsone beke nngwe le nngwe lo bo lo dirisa tshedimosetso eo mo bodireding.