Ga re Ise Re ko Re Nne le Dilo Tse Dintsi Jaana Tsa Semoya!
1 Batho ba le bantsi ba eletsa thata go bona letsatsi lengwe ba bua ba re “Ga re ise re ko re nne le dilo tse dintsi jaana tse di molemo!” Bone ba akanya gore letsatsi leo e tla nna fa ba tla bo ba na le dithoto tse dintsi, tse di tla dirang gore ba kgone go ‘iketla, ba je, ba nwe, le go ijesa monate.’ (Luke 12:19) Go farologana le bone, gone jaanong rona re setse re kgona go bolela jalo ka tsela ya semoya, ga re tlhoke sepe se se molemo. (Pes. 34:10) Seo se kgonega jang?
2 Diane 10:22 e bolela gore “tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa.” Rona ba Modimo a re ratang ka tsela eo tota re ka re Modimo ‘o re naya dilo tsotlhe ka letlotlo, gore re di je monate.’ (1 Tim. 6:17) Se se dira gore re nne batho ba ba humileng go gaisa botlhe mo lefatsheng!
3 Go Anaanela Masego a re Nnang le One: Ke ba le mmalwa fela mo go rona ba ba nang le dithoto tse dintsi. Lefa go ntse jalo, re sego ka gonne ga re tshwenyege thata ka dilo tse re di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi. Jehofa o itse gore re tlhoka eng, mme o solofetsa gore o tla re di naya. (Math. 6:31-33) Go re tlhomamisetsa jalo ga gagwe go dira gore re ritibale tota mo mogopolong.
4 Lefa go ntse jalo, masego a rona a semoya a magolo le go feta. Matshelo a rona a ikaegile ka dijo tsa semoya tse di tswang kwa go Jehofa. (Math. 4:4) Batho ba ba ikantseng metswedi ya lefatshe gore e nne yone e ba otlang semoyeng ba bolawa ke tlala fa rona re ja re bo re nwa gore re itumele. (Isa. 65:13) ‘Motlhanka yo o boikanngo’ o re dira gore re bone kitso e ntsi e e ka dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Math. 24:45; Joh. 17:3.
5 Bokaulengwe jwa rona jo bo botlhokwa thata jwa lefatshe lotlhe bo dira gore re nne le botsalano jo bo lorato jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang ba ba leng mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. (Joh. 13:35) Phuthego ya rona ke lefelo la kagiso, koo re gomodiwang gone le koo re lapolosiwang gone. Bagolwane ba disitse meya ya rona, ba re thusa go emelana le mefuta e mentsi ya mathata. (Baheb. 13:17) Fa re atamalana le bakaulengwe ba rona go dira gore re kgothatsane, e leng selo se se dirang gore re nonofe gore re itshoke.—Bar. 1:11, 12.
6 Tota le tiro ya rona ke tshegofatso. Ditiro tse dintsi tsa boitshediso di a lapisa e bile ga di itumedise. Go bolelela batho ba bangwe mafoko a a molemo go dira gore ba ipele e bile go a re itumedisa. (Dit. 20:35) Eleruri re kgona go bona molemo mo letsapeng la rona.—Mor. 2:24.
7 Mo godimo ga tsotlhe, re na le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe. (Bar. 12:12) Re lebeletse pele go bona lefatshe le lesha le le itekanetseng la tshiamo, le mo go lone re tla tshelang le baratiwa ba rona ka boitumelo le ka kagiso goyagoile! Tsholofelo eno e gaisa letlotlo lepe fela le lefatshe leno le ka re le nayang.—1 Tim. 6:19.
8 Re ka Supa Jang Kanaanelo ya Rona? Le ka motlha re ka se kgone go duelela Jehofa dilo tse a re di diretseng. Re ka kgona fela go bontsha kanaanelo ya rona ka go (1) mo leboga letsatsi le letsatsi ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwaneleng (Baef. 5:20), (2) go supa gore re a mo rata ka go nna kutlo (1 Joh. 5:3), (3) go tlotlomatsa leina la gagwe ka go rera mafoko a a molemo (Pes. 83:18) le (4) go ema phuthego ya Bokeresete nokeng ka go dira mmogo ka pelo yotlhe.—1 Tim. 3:15.
9 Re na le mabaka a a utlwalang a gore re bo re le batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng. (Pes. 144:15b) E kete maikutlo a rona, boitsholo jwa rona le tirelo ya rona di ka supa boitumelo jo re nang le jone mo paradaiseng eno ya rona ya semoya. Ga re ise re ko re nne le dilo tse dintsi jaana tsa semoya!