Go Phatlalatsa Mafoko a a Molemo a Sengwe se se Botoka
1 Ka dingwaga tse 117 Tora ya Tebelo ile ya itshupa e tshegetsa boammaaruri jwa Baebele. Bosheng jaana go gatisitswe dikhopi tse 18 950 000 tsa tokololo nngwe le nngwe ka dipuo di le 125. Tsogang! le yone ke kgale e ntse e buelela Lefoko la Modimo, mme le yone jaanong go gatisitswe dikhopi tse 15 730 000 ka dipuo tse 80.—Bapisa Bakolosa 1:23.
2 Dimakasine di Kgotsofatsa se se Tlhokegang Semoyeng: Tora ya Tebelo le Tsogang! di solegetse batho ba ba dimilione ba ba dipelo di ikanyegang molemo ka go ba thusa go kgotsofatsa se ba se tlhokang semoyeng. Go gatisiwa ditlhogo tse di agang tumelo. Ka sekai, mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 1, 1996, re ithutile tshedimosetso e e buang ka gore go tlhokega gore re ikanye Jehofa le Lefoko la gagwe. Tokololo ya Tora ya Tebelo ya March 1, 1996, e re kgothaleditse go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa le go nna re mo lebeletse. Abo boporofeti jo bo tlhalositsweng ka botlalo jwa ga Sefania bo tlhotlheletsa thata jang ne! Mme morago go ne ga nna le motlotlo o o nonotshang tumelo wa boikanyegi jo bo nitameng jwa Bokeresete mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 1996. Tokololo ya May 15, 1996 e ne ya gatelela botlhokwa jwa go bala le go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha. Ditlhogo tseno di dirile gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo, mme di okeditse le kanaanelo ya rona ka Bogosi jwa gagwe.
3 Mo godimo ga moo, dimakasine tseno di na le ditlhogo tse di mo nakong tse di berekang, tse di buang ka boitshwaro jwa bomodimo, maitsholo a Bokeresete, le ditlhogo tse dingwe tse di botlhokwa thata. Di bua thata ka dikgang tse di amang matshelo a rona. Ka gone, re itumelela boleng jo bo kwa godimo jwa botshelo gone jaanong fa re santse re letile go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo tsa sengwe se se botoka mo isagweng.—Isa. 48:17; 1 Tim. 6:19.
4 Go tlhatlhoba ka bokhutshwane se se boletsweng mo go tsebe 4 ya tokololo nngwe le nngwe ya makasine wa Tsogang! go re naya lebaka le le molemo la go buelela makasine ono e le o o balwang thata ke batho gongwe le gongwe, basha le bagolo ka tsela e e tshwanang. O tlhalosa jaana: “Tsogang! e sedimosetsa lelapa lotlhe. E bontsha kafa go ka lwantshanwang le mathata a gompieno ka gone. E bega dikgang, e bolela kaga batho ba kwa mafatsheng a le mantsi, e sekaseka bodumedi le saense. Mme e dira go feta moo. E tlhatlhoba dilo e sa okole fela fa godimo e bo e bontsha gore dilo tse di diragalang jaanong di bolelang tota, mme legale ga e itshunye nko mo dipolotiking e bile ga e goleletse morafe o mongwe kwa godimo ga o mongwe. Sa botlhokwatlhokwa ke gore, makasine ono o dira gore batho ba nne le tsholofelo mo lefatsheng le lesha le Mmopi a le solofeditseng le le nang le kagiso le polokesego le le tlogang le tsaya sebaka sa tsamaiso ya gompieno e e boikepo le e e bosula ya dilo.”
5 Abela ba Bangwe Dimakasine: Nna pelotshweu fa o aba Tora ya Tebelo le Tsogang! (Bapisa 1 Timotheo 6:18.) Nna o ntse o na le tsone e le gore o ka kgona go di tsamaisetsa mongwe fela yo o ka nnang wa kopana le ene. (Mor. 11:6) Rotlhe, go akaretsa basha le baboledi ba ba sa tswang go simolola, re ka nna le seabe mo go tsamaiseng dipeeletso le go aba dimakasine mo kgweding eno ka go dirisa puisano e khutshwane e e theilweng mo ditlhogong tse di mo nakong tse di buang ka dikgang tsa bosheng. Itse diteng tsa tsone sentle, mme o di abe ka bopeloephepa e bile o ititeile sehuba.
6 Tora ya Tebelo le Tsogang! di tshwere tshedimosetso e motho mongwe le mongwe a e tlhokang. Go di aba ke nngwe ya ditsela tse di molemo tseo ka tsone re ka kgonang go thusa ba bangwe go ithuta mafoko a a molemo a sengwe se se botoka se se tlogang se tla!