LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/96 ts. 2
  • Dirang Tshimo ya Lona ka Botlalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirang Tshimo ya Lona ka Botlalo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Rerang ka Gone mo Tshimong ya Kgwebo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • A o Na le Tshimo ya Gago ka Namana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rera mo Tshimong ya Kgwebo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • A o Ka Solegelwa Molemo ke go Nna le Tshimo ya Gago?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 10/96 ts. 2

Dirang Tshimo ya Lona ka Botlalo

1 Mo mafelong a bonno gantsi go na le mafelo a mannye a kgwebo, jaaka lebenkele la dikorosari, resetšhurente, kana kgwebopotlana. Fa e le gore mafelo ano a kgwebo a tshwanetse go berekiwa mmogo le tshimo eno yotlhe, lo tshwanetse go boela mo go one fela jaaka lo dira ka mafelo a bonno.

2 O ka nna wa dirisa puisano e e motlhofo, e khutshwane, gongwe o ka nna wa re: “Ke na le sengwe se ke ratang go go bontsha sone.” Fa mongalebenkele a lebega a tshwaregile ka nako eo, o ka nna wa mo tsamaisetsa pampitshana o bo o re: “Ke tla boa gape fa o sa tshwarega. Ke tla rata go itse gore o akanya eng ka pampitshana eno.”

3 Ga go tlhokege gore o ikutlwe o boifa go dira tiro eno ya go neela bosupi go beng ba mabenkele. Mmoledi mongwe o ne a bega jaana: “Ke ne ke lebeletse gore ga ba kitla ba arabela sentle. Lefa go ntse jalo, seo se neng sa nkgakgamatsa ke gore tsela eo ba neng ba arabela ka yone mo molaetseng wa Bogosi e ne e le e e farologaneng gotlhelele. Ba ne ba le maitseo tota e bile ba le botsalano mme ba ne ba amogela dimakasine mo e ka nnang ka metlha.”

4 Mosadi mongwe yo o neng a dira mo khampaning e e rekisang ditsha o ne a laletsa Basupi mo ofising ya gagwe. O ne a amogela dimakasine mme a bolela gore o kgatlhegela go nna le thuto ya Baebele. Ba ne ba mmontsha buka ya Kitso, mme thuto e ne ya simolola ka yone nako eo mo ofising ya gagwe!

5 Boikarabelo jwa go dira tshimo ya lona ka botlalo bo akaretsa go etela batho ba ba dirang mo dikgwebong tse di fa gaufi. (Dit. 10:42) Rulaganya go etela batho bano fela jaaka fa o etela kwa matlong. Seno ga se kitla se thusa fela go dira gore tshimo ya lona e akarediwe botoka mme gape lo tla duelwa ka maitemogelo a a itumedisang!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela