Go Kaela Baithuti Kwa Mokgatlhong o o Emelwang ke Leina la Rona
1 “Ke molaetsa o o buiwang ka dipuo tse di fetang 200. Ke molaetsa o o utlwiwang mo dinageng tse di fetang 210. Ke molaetsa o o isiwang kwa bathong ka namana gongwe le gongwe kwa ba ka bonwang gone. Gotlhe mono ke karolo ya letsholo le legolo thata la go rera mo lefatsheng le le kileng la nna gone, molaetsa o o kopanyang dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe. Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba rulagantswe go dira tiro eno ka dingwaga tse di fetang lekgolo!”
2 Ke tsela e molaetsa o o bulang wa bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name, o simololang ka yone. E tswelela ka go araba dipotso tse di reng: Tota Basupi ba ga Jehofa ke bomang? Tiro ya bone e rulagantswe jang? E kaelwa jang? E tshegediwa jang ka madi? E gatelela mo babogeding ba yone boammaaruri jwa gore “Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba thapisitswe go nna mokgatlho o o thusang baagelani ba bone go nna le tumelo mo Baebeleng,” mme gape o ba kgothaletsa go iponela ka bobone phuthego e e bidiwang ka leina la rona. Morago ga go bona bidio eno, mosadi mongwe yo o neng a ithuta o ne a thubega ka selelo ka ntlha ya boitumelo le kanaanelo mme a re: “Tota go tla jang gore batho ba bo ba sa lemoge gore eno ke phuthego ya Modimo wa boammaaruri, Jehofa?”—Bapisa 1 Bakorintha 14:24, 25.
3 Mosadi yo mongwe o ne a ntse a ithuta Baebele a tla a tlogela ka lobaka lo loleele, mme o ne a sa kgone go dumalana le ntlha ya gore thuto ya Tharonngwe e ne e le ya maaka. Ene le monna wa gagwe ba ne ba bontshiwa bidio ya rona. Ba ne ba kgatlhegile thata ka tsela e e neng e neetswe ka yone mme ba ne ba e lebelela gabedi mo maitseboeng ao. Mo thutong ya bone e e latelang, mosadi yono o ne a bolela gore o ne a batla go nna Mosupi. O ne a bolela gore o ne a ntse a tlhomile mogopolo mo tumelong ya gagwe ya Tharonngwe mme a palelwa ke go tlhokomela phuthego ya rona le batho ba ba mo go yone. Mo bidiong o ne a lemoga gore o ne a bone phuthego ya boammaaruri ya Modimo. O ne a batla go simolola go rera ka ntlo le ntlo gone fela foo. Morago ga gore a tlhalosediwe gore ke dikgato dife tse a tshwanetseng go di tsaya gore a nne mmoledi yo o sa kolobediwang, o ne a re: “A re simololeng gone jaanong.” O ne a tlogela kereke ya gagwe, a simolola mo tirong ya bodiredi jwa tshimo, a ba a kgona go ganetsa Tharonngwe sentle.
4 Go ile ga lemogiwa gore baithuti ba Baebele ba gatela pele semoyeng botoka e bile ba gola ka bonako semoyeng fa ba lemoga phuthego ya ga Jehofa le go kopanela le yone. Re a tlhokomela gore, fa batho ba ba fetang 3000 ba sena go kolobediwa ka Pentekosete, “ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi le mo go [kopaneng mmogo].” (Dit. 2:42, bapisa ntlhanyana e e kwa tlase go NW.) Go botlhokwa gore re thuse baithuti go dira se se tshwanang le gompieno. Re ka dira seo jang?
5 Sikara Maikarabelo: Mongwe le mongwe yo o dirang barutwa o tshwanetse go lemoga gore ke maikarabelo a gagwe go kaela moithuti wa Baebele kwa phuthegong ya Modimo. (1 Tim. 4:16) Thuto nngwe le nngwe e tshwanetse go lebiwa e le kgato e e isang kwa letsatsing le le itumedisang fa motho yo mosha yono a tla tshwantshetsang boineelo jwa gagwe go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Nngwe ya dipotso tse a tla di bodiwang ka nako ya puo ya kolobetso ke : “A o tlhaloganya gore boineelo le kolobetso tsa gago di go tlhaola jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o tsamaisanang le phuthego ya ga Jehofa e e kaelwang ka moya?” Ka jalo, go botlhokwa gore a lemoge gore ga a ka ke a direla Modimo kwa ntle ga go kopanela le phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete.—Math. 24:45-47; Joh. 6:68; 2 Bakor. 5:20.
6 Tswelela go ruta moithuti yono ka phuthego ya lefelo la lona le ka mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o emelang Basupi ba ga Jehofa. Dira seno nako le nako fa lo ithuta Baebele, go tloga fela mo thutong ya lona ya ntlha. Di sa ntse di tloga fela, laletsa moithuti go ya kwa dipokanong, mme o nne o mo laletse ka metlha.—Tshen. 22:17.
7 Dirisa Didirisiwa Tse re di Filweng: Dikgatiso tsa rona tse di molemo thata tsa go tshwara dithuto tsa legae tsa Baebele ke boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? le buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Tsoopedi di gatelela botlhokwa jwa go kopanela le phuthego. Mo bokhutlong jwa thuto 5 mo boroutšhareng jwa Re Direng ga twe: “O tshwanetse gore o ithute ka Jehofa le go ikobela melao ya gagwe. Go nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona go tla go thusa go dira jalo.” Buka ya Kitso nako le nako e nna e ntse e kgothatsa moithuti go nna gone mo dipokanong. Kgaolo 5, serapa 22, se laletsa jaana: “Basupi ba ga Jehofa . . . ba go kgothatsa ka lorato gore o tle go obamela Modimo le bone ka ‘mowa le ka boammaaruri.’ (Johane 4:24)” Kgaolo 12, serapa 16, sa re: “Tumelo ya gago e tla tswelela e nonofa le go feta fa o ntse o ithuta e bile o dira gore go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa e nne selo se o se dirang ka metlha.” Kgaolo 16, serapa 20, sa re: “Dira gore o nne teng ka metlha kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa.” E oketsa ka gore: “Seno se tla go thusa gore o kgone go tlhaloganya le go dirisa kitso ya Modimo mo botshelong jwa gago e bile go tla dira gore o itumele. O tla kgona go nna o ntse o atamalane le Jehofa fa o le mo bokaulengweng jwa Bokeresete jwa lefatshe lotlhe.” Kgaolo 17 e tlhalosa ka mo go feletseng gore motho a ka bona jang polokesego ya mmatota mo gare ga batho ba Modimo. Fa re ntse re ithuta le ba bangwe, ke maikarabelo a rona gore re gatelele dikarolo tseno mo go bone.
8 Boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe, ke sedirisiwa se se molemo se se ileng sa gatisiwa go tlwaelanya batho le phuthego e e leng yone fela e Jehofa a e dirisang gompieno go diragatsa thato ya gagwe. Tshedimosetso e e feletseng e e nang le yone ka ga bodiredi jwa rona, dipokano le thulaganyo di tla kgothaletsa mmadi go kopanela le rona go obamela Modimo. Fa thuto ya Baebele e setse e simolotswe, go akantshiwa gore moithuti a fiwe boroutšhara jono gore a ipalele jone. Ga go tlhokege gore o ithute boroutšhara jono le ene jaaka go ne go dirwa mo nakong e e fetileng.
9 Dibidio tse Mokgatlho o di dirileng ke didirisiwa tse di molemo thata tse di dirisiwang go kaela baithuti kwa mokgatlhong o o emelang leina la rona. Go tla nna molemo fa ba ka lebelela (1) The New World Society in Action, e leng poeletso ya filimi ya 1954 e e neng e bontsha ka tsela e phuthego ya ga Jehofa e dirang ka thelelo, ka tsela e e nang le bokgoni le ka lorato ka gone; (2) United by Divine Teaching, e e sekasekang kutlwano e e nang le kagiso e e ileng ya bontshiwa kwa dikopanong tsa rona tsa kgaolo tsa ditšhabatšhaba kwa Yuropa Botlhaba, Amerika Borwa, Afrika le Asia; (3) To the Ends of the Earth, e e neng e tshwaya ngwaga wa bo50 wa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate e bile e bontsha matswela a barongwa ba nnileng le one mo tirong ya go rera mo lefatsheng lotlhe; (4) Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault, e e bolelang kgang ya bopelokgale jwa Basupi le phenyo ya bone fa ba ne ba lebane le pogiso e e setlhogo ya ga Hitler; mme gape le, (5) Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name.
10 Baya Mekgele ya go Gatela Pele mo Dipokanong: Baithuti ba tshwanetse go tlhalosediwa gore re tlhoka thuto e re e fiwang kwa thoko ka thuto ya legae ya Baebele gape le ya dipuisano tsa mo tlelaseng tse re di bonang kwa dipokanong tsa phuthego. (Joh. 6:45) Moithuti yo mosha o tshwanetse go gatela pele mo tseleng e a tlhaloganyang Dikwalo ka yone mmogo le tsela e a tlhaloganyang phuthego ka yone. Gore a fitlhelele seo, ga go na se se ka emisetsang go nna gone kwa dipokanong. (Baheb. 10:23-25) Simolola go laletsa motho go ya dipokanong di sa ntse di tloga fela. Batho bangwe ba ba sa tswang go kgatlhega ba simolola go ya kwa dipokanong le pele thuto ya ka metlha ya Baebele e simololwa. Mme gone, re batla go nna sekao se se molemo rona ka borona ka go nna kwa dipokanong ka metlha.—Luke 6:40; Bafil. 3:17.
11 Bolelela moithuti yono tshedimosetso e e lekaneng ka ga dipokano le tsela e di tshwarwang ka yone gore a ikutlwe a phuthologile fa a ya kwa dipokanong lekgetlho la ntlha. E re ka batho ba sa phuthologe fa ba ya kwa mafelong a ba sa a tlwaelang lekgetlho la ntlha, go ka nna ga nna molemo fa o ka ya le ene kwa Holong ya Bogosi fa a ya kwa pokanong lekgetlho la ntlha. O tla ikutlwa a phuthologile thata fa o na le ene fa a ntse a kopana le maloko a phuthego. Mme sa botlhokwa, nna motshwarabaeng yo o molemo wa moeng wa gago, mo dire gore a ikutlwe a le mo gae e bile a phuthologile.—Math. 7:12; Bafil. 2:1-4.
12 Kgothaletsa moithuti go nna gone kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, kwa kopanong ya potologo kana kwa kopanong ya kgaolo ka sebaka sa ntlha fela. Gongwe o ka mo akaretsa mo dithulaganyong tsa gago tsa dipalangwa.
13 Dira Gore a Nne le Kanaanelo e e Tswang Pelong: Buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, tsebe 92, e tlhalosa jaana: “Fa kanaanelo e e leng ya gago e e boteng ka phuthego ya ga Jehofa e bonala sentle mo metlotlong ya gago le batho ba ba kgatlhegang, go tla ba tlhofofalela go gola ka kanaanelo le go ba tlhotlheletsa go dira botswelelo jo bogolwane mo go itseng Jehofa.” Ka metlha bua sentle ka phuthego ya lefelo la lona, e seng maswe. (Pes. 84:10; 133:1, 3b) Mo dithapelong tse o di rapelang kwa thutong ya Baebele, umaka phuthego le botlhokwa jwa gore moithuti a kopanele mo go tsone ka metlha.—Baef. 1:15-17.
14 Eleruri re batla gore baithuti ba basha ba nne le kanaanelo ya mmatota ka botsala le polokesego ya semoya tse di bonwang mo gare ga batho ba Modimo. (1 Tim. 3:15; 1 Pet. 2:17; 5:9) Jaaka Basupi ba ga Jehofa, a re direng gotlhe mo re ka go kgonang go kaela baithuti ba Lefoko la Modimo kwa mokgatlhong o o emelwang ke leina la rona.
[Blurb on page 3]
Baithuti ba gatela pele semoyeng ka bonako fa ba iponela phuthego ka bobone
[Blurb on page 4]
O se ka wa diega go laletsa baithuti go nna gone kwa dipokanong