LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/01 ts. 8
  • Thusa ba Bangwe Gore ba Nne Gone mo Dipokanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa ba Bangwe Gore ba Nne Gone mo Dipokanong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kaela Baithuti Kwa Mokgatlhong o o Emelwang ke Leina la Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Go Kaela Diithuti Tsa Bibela Kwa Phuthegong ya ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • “A re Eeñ kwa Tluñ ea ga Yehofa”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Kolobediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 3/01 ts. 8

Thusa ba Bangwe Gore ba Nne Gone mo Dipokanong

1 “Ditsala tsotlhe tse di mo tikologong . . . tse di eletsang go nna gone mo dipokanong di lalediwa ka lorato go tla.” Fa e sa le kitsiso eno e tlhaga mo makasineng wa Zion’s Watch Tower wa November 1880, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tlhagafalela go laletsa batho gore ba phuthege mmogo go newa tao e e tswang mo Baebeleng. (Tshen. 22:17) Eno ke karolo e e botlhokwa thata ya kobamelo ya boammaaruri.

2 Go Botlhokwa Thata go Nna Teng: Re a segofala fa re kopanela mmogo le phuthego. Re itsane botoka le Modimo wa rona yo o molemolemo, e bong Jehofa. Mo phuthegong, re kopana mmogo go tla go ‘rutwa ke Jehofa.’ (Isa. 54:13) Phuthego ya gagwe e re direla thulaganyo e e sa kgaotseng ya thuto ya Baebele e e re atametsang gaufi thata le ene e bile e re thusa ka tsela e e molemo go dirisa “boikaelelo jotlhe jwa Modimo.” (Dit. 20:27; Luke 12:42) Dipokano di re thapisa go nna le botswerere jwa go ruta Lefoko la Modimo. Dikgakololo tse di tswang mo Dikwalong di re thusa go nna le dikamano tse dintle le ba bangwe le Jehofa ka boene. Go kopanela mmogo le batho ba ba ratang Modimo go nonotsha tumelo ya rona.—Bar. 1:11, 12.

3 Laletsa Motho ka Tlhamalalo: Go simolola fela ka lekgetlho la ntlha fa lo ithuta, laletsa seithuti sengwe le sengwe sa Baebele kwa dipokanong. Mo neye pampitshana ya taletso. Tsosa kgatlhego ya gagwe ka go mmolelela ka ntlha nngwe e e go kgothaditseng mo pokanong e e fetileng le ka go sekaseka sengwe se se tla tlotliwang mo pokanong e e latelang. Mo tlhalosetse gore Holo ya Bogosi e ntse jang, mme o tlhomamise gore o a itse gore o ka fitlha jang kwa go yone.

4 Fa seithuti se sa tle ka nako eo, nna o mo laletse. Dirisa metsotso e sekae beke le beke go mmontsha gore phuthego ya rona e tsamaisiwa jang. Dirisa boroutšhara ya Ba Dira Thato ya Modimo le bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name go mo tlwaelanya le rona le dipokano tsa rona. Ya kwa seithuting seno le baboledi ba bangwe gore se ba itse. Fa o rapela, leboga Jehofa ka phuthego eno o bo o umake ntlha ya gore seithuti seo se tlhoka go kopanela le yone.

5 O se ka wa okaoka go thusa batho ba ba sa tswang go kgatlhega go kopanela le rona. Fa ba anaanela Jehofa ka mo go oketsegileng, ba tla tlhotlheletsega go dirisa se ba se ithutang le go nna karolo ya phuthego e e seoposengwe ya Modimo.—1 Bakor. 14:25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela