LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/97 ts. 1
  • Go Ikanyega go a Duelwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanyega go a Duelwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Direla Jehofa ka Botlalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Jehofa o Duela ba ba Mmatlang ka Tlhoafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Kgaratlhela go Dira ka Natla mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A o Ikanyega mo Dilong Tsotlhe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 7/97 ts. 1

Go Ikanyega go a Duelwa

1 Mo go Bahebera 11:6 re bolelelwa gore Modimo o nna “moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.” Tsela nngwe e a duelang batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba ba ntseng ba le “boikanngo mo dilong di le mmalwa” ke ka go ‘ba tlhoma godimo ga dilo di le dintsi.’ (Math. 25:23) Ka mafoko a mangwe, gantsi Jehofa o duela tiro e e molemo ya basupi ba gagwe ba ba ikanyegang ka go ba naya ditshiamelo tsa tirelo tse di oketsegileng.

2 Boikanyegi jwa ga moaposetoloi Paulo bo ne jwa duelwa ka gore a abelwe bodiredi jo bo neng jwa mo isa kwa metseng le metsaneng ya Yuropa le Asia Minor. (1 Tim. 1:12) Le fa go ne go tlhokega gore Paulo a dire maiteko a magolo gore a dire bodiredi jwa gagwe ka botlalo, o ne a tlotlomatsa thata tshiamelo e a neng a e filwe. (Bar. 11:13; Bakol. 1:25) O ne a bontsha kanaanelo ya gagwe ya mmatota ka go senka ka tlhoafalo ditshono tsa go rera. Ka go tlhagafala mo tirong ya gagwe, o ne a bontsha ka phepafalo gore o tshelela tumelo ya gagwe. Sekao sa gagwe se re tlhotlheletsa go anaanela tshiamelo ya rona ya tirelo.

3 Jehofa o re File Bodiredi: Re supa jang gore re tsaya tshiamelo ya rona ya tirelo jaaka Paulo? Ka go senka ditsela tsa go oketsa seabe sa rona mo bodireding. Re dirisa tshono nngwe le nngwe go neela bosupi ka tsela e e seng ya tlwaelo le ka ntlo le ntlo. Re boela gape kwa matlong a go neng go se na batho kwa go one le go dira maeto a go boela mo go botlhe ba ba kgatlhegang. E bile re ya kwa bathong ba re ba solofeditseng gore re tla ba tshwarela dithuto tsa magae tsa Baebele.

4 Paulo o ne a kgothatsa jaana malebana le bodiredi jwa rona: “Dira jalo ka [potlako, NW].” (2 Tim. 4:2) Selo se se potlakileng se batla gore se dirwe ka yone nako eo. A re dira bodiredi jwa rona ka potlako, e nna jone jo bo tlang pele mo matshelong a rona? Ka sekai, ga re kitla re letla gore ditiro tsa rona tsa boitlosobodutu le dilo tse dingwe tsa senama tse re batlang go di dira mo mafelobekeng di thulane le nako e re tshwanetseng go e dirisetsa bodiredi jwa tshimo. E re ka re tlhatswegile pelo gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela ka bonako, gape re tlhatswegile pelo gore go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ke tiro e e botlhokwa go di feta tsotlhe e re ka e dirang.

5 Boikanyego jwa rona mo Modimong bo supiwa ka gore re tshepege le go ikanyega mo go ene ka nitamo mmogo le go tshwarega ka dinako tsotlhe mo tirong e a re abetseng yone. A re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo gore Jehofa a tle a duele boikanyego jwa rona thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela