Dikgang Tse di Molemo ka Internet
Mo motlheng ono wa rona wa boranyane, batho bangwe ba bona tshedimosetso mo metsweding ya eleketeroniki, e e akaretsang Internet. Ka jalo Mokgatlho o tsentse tshedimosetso nngwe e e boammaaruri ka ga ditumelo le ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa mo Internet.
Aterese ya rona ya Internet Web ke http://www.watchtower.org mme e na le tshedimosetso ya dipampitshana tse di farologaneng, diboroutšhara le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Seesemane, Se-China (Se se Tlhofofaditsweng), Sejeremane, Se-Russia, Se-Spain mmogo le dipuo tse dingwe. Dikgatiso tse di mo atereseng eno ya Web di setse di le gone mo diphuthegong e bile di dirisiwa mo bodireding. Maikaelelo a rona ka aterese eno ya Web ga se go golola dikgatiso tse disha, mme ke go dira gore batho botlhe ba kgone go iponela tshedimosetso eno e e mo khomputareng. Ga go tlhokege gore ope a rulaganye tshedimosetso epe e e amanang le Basupi ba ga Jehofa, tiro ya rona kana dilo tse re di dumelang gore a e tsenye mo Internet. Aterese eno ya rona e e kwadisitsweng kafa molaong e tshotse tshedimosetso e e boammaaruri e e ka bonwang ke mongwe le mongwe yo o e batlang.
Le fa go se na thulaganyo ya go romela melaetsa ya eleketeroniki (electronic messages [E-mail]), re tsentse diaterese tsa poso tsa makala tsa lefatshe ka bophara. Ka jalo batho ba ka nna ba kwala go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana go thusiwa ka namana ke Basupi ba ba mo mafelong a bone. Gololesega go bolelela ope fela yo o ka tswang a ka batla go simolola go ithuta boammaaruri jwa Baebele ka thulaganyo eno, o mmolelele ka aterese eno ya Internet.