Lebokoso la Dipotso
◼ Re ka dira eng go thusa go tokafatsa boleng jwa dipokano tsa rona?
Bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore ke boikarabelo jwa bagolwane le batlhanka ba bodiredi fela gore dipokano di atlege ka gonne ke bone ba ba di tshwarang le go neela bontsi jwa dipuo tsa tsone. Totatota, rotlhe re ka nna le seabe ka namana go dira gore dipokano di nne monate le gore di nne mosola. Re ka thusa go dira gore dipokano di nne mosola thata ka ditsela tseno tse di lesome tse di latelang:
Baakanyetsa go sa le gale. Fa re baakanyetsa go sa le gale, dipokano di gapa kgatlhego ya rona. Fa rotlhe re dira seno, dipokano di nna monate e bile di a aga. Nna gone ka metlha. Fa go na le batho ba le bantsi kwa dipokanong go kgothatsa mongwe le mongwe yo o leng gone, go nonotsha kanaanelo ya rona ka botlhokwa jwa go nna gone. Fitlha ka nako. Fa re dutse pele ga thulaganyo e simolola, re ka nna le seabe mo pineng le mo thapelong tse di simololang mme ka jalo re solegelwe molemo ka botlalo ke dipokano. Tla o tshotse dilo tsotlhe. Ka go tla le Baebele ya gago le (di)buka tse di dirisiwang mo dipokanong, re kgona go tsamaisana le ba bangwe le go tlhaloganya botoka se se tlhalosiwang. Tila go iteega tsebe. Re ka reetsa botoka fa re duletse kwa pele. Go sebaseba le go nna re boaboela kwa ntlwaneng ya boithomelo go ka dira gore rona le ba bangwe re iteege tsebe. Nna le seabe. Fa bontsi jwa rona re tsholetsa matsogo go akgela, ba le bantsi ba a kgothatsega le go agiwa ke mafoko a rona a tumelo. Akgela ka bokhutshwane. Seno se naya ba le bantsi mo go ka kgonegang ka gone go nna le seabe. Dikakgelo tsa rona tse dikhutshwane di tshwanetse go tswa mo go se se badiwang fela. Neela dikabelo. Fa o le moithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, kana o na le kabelo mo Pokanong ya Tirelo, baakanyetsa sentle, boeletsa dintlha go sa le nako mme o leke go neela kabelo ya gago. Akgola batsayakarolo. Bolelela ba bangwe kafa maiteko a bone a anaanelwang ka gone. Seno se a ba aga e bile se ba tlhotlheletsa go tokafatsa mo isagweng. Kgothatsanang. Go dumedisana ka lorato le go nna le metlotlo e e agang, pele le morago ga dipokano, go dira gore go nna gone mo dipokanong go nne monate thata le go re solegela molemo.