Tlhopha Ditlhogo Tse di Tla Kgatlhang Batho ka Tsela e e Kgethegileng
1 Fela jaaka bahulametswi ba ba korolang metswi ya bone ka kelotlhoko, bontsi jwa baboledi le babulatsela ba phuthego ba atlega thata mo go diriseng dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! gore di kgatlhe batho mo tshimong ya bone. Ba sekaseka sentle gore ke mang yo o tla ratang thata go bala setlhogo se se rileng sa dimakasine tseno. Ba dira seno jang?
2 Sa ntlha, ba bala makasine mongwe le mongwe otlhe. Mme ba bo ba ipotsa gore, Setlhogo sengwe le sengwe se tla kgatlha motho wa mofuta ofe? Ba bo ba dira maiteko a go etela batho ba gongwe ba ka kgatlhegelang go bala dimakasine tseno. Fa ba bona e kete setlhogo sengwe se ka nna sa amogelwa thata mo tshimong ya bone, ba otara dimakasine tse di oketsegileng.
3 Dimakasine Tsa Rona di a Tlotliwa: Mongwe wa babeeletsi ba rona kwa Nigeria yo o berekelang makasine wa boditšhabatšhaba o o balwang thata o boletse seno ka Tsogang!: “Malebo ka makasine wa lona o o kgatlhang thata o o balwang lefatshe lotlhe.” Mmadi mongwe yo o ratang dimakasine tsa rona thata o ne a akgela jaana: “A bo di tletse ka matlotlo a a tlhwatlhwakgolo jang ne a botlhale! Ga go na setlhogo sepe se se nkgatlhang se ke sa fitlheleng go tlotlwa ka sone golo gongwe mo ditsebeng tsa [makwalopaka] ano.”
4 Dimakasine tseno di tlotla ka dikgang tse di farologaneng, go akaretsa Baebele, ditiragalo tsa lefatshe, maemo a lelapa, mathata a batho, hisitori, saense, botshelo jwa diphologolo le dimela, fa re umaka di sekae fela. Ke boammaaruri gore motho o rata thata go bala sengwe fa se bua ka dilo tse a di tlhokang, maemo a gagwe kana tiro ya gagwe. E re ka re bua le batho ba le bantsi, mongwe le mongwe a na le dilo tse a di ratang le mathata a gagwe, go thusa thata fa re tlhopha ditlhogo tse batho ba di kgatlhegelang thata.
5 Ela tlhoko se se neng sa diragala fa Basupi ba babedi ba ne ba neela mokwaladikgang mongwe makasine wa Tsogang! ya September 8, 1996. O ne a kwala jaana: “Pele fela ga ke tlhalosa gore ga ke kgatlhegele se ba tlileng ka sone, mongwe wa bone o ne a oketsa ka gore: ‘Go na le setlhogo se se buang ka Baindia ba Amerika. Re a itse gore o kwadile go le gontsi ka kgang eno.’” O ne a tsaya makasine mme a bala tshedimosetso eo e e kaga Baindia ka nako ya sefitlholo, moragonyana a dumela gore “e ne e kgatlha tota” e bile “e le boammaaruri tota.”
6 Ke Eng se se Kgatlhang Batho mo Tshimong ya Lona? Ke eng se o se boneng mo dimakasineng tsa dikgwedi tsa bosheng jaana se se ka kgatlhang beng ba mabenkele le barutegi ba ba leng mo tshimong ya lona kana baagelani, badirimmogo le ba o tsenang sekolo le bone? Ke eng se se ka kgatlhang thata diagente, barutisi, bagakolodi ba malapa le ba dikolo, bagakolodi ba basha, badiredi setšhaba le badiri ba tsa boitekanelo? Go nna o akantse ka batho ba ba farologaneng ba o tla ba rerelang fa o ntse o sekaseka setlhogo sengwe le sengwe go tla go neela ditsela tse di itumedisang tota tsa go anamisa lefoko la boammaaruri.
7 Fa o kopana le motho yo o kgatlhegelang Tora ya Tebelo kana Tsogang! nngwe thata, o ka nna wa re: “Fa go ka nna le setlhogo se ke akanyang gore se ka go kgatlha thata mo makasineng o o latelang nka itumelela go go tlisetsa khopi ya one.” O ka nna wa ba wa kgona go akaretsa motho yoo mo bathong ba o ba isetsang dimakasine ka metlha, o mo etela gangwe le gape go mo isetsa makasine wa bosheng. Seno se tshwana fela le se re ntseng re se dira gore re lalediwe ke batho ba ba ileng ba kgatlhiwa ke ditlhogo dingwe tsa dimakasine tsa rona gore re boele kwa go bone.
8 Nna le Maitlhomo a Semoya: Dingwaga di sekae tse di fetileng monna mongwe yo o ratang tiro ya gagwe thata o ne a kgatlhwa ke setlhogo sengwe mo makasineng wa Tsogang! Le fa go ntse jalo, monna yono yo o ratang bodumedi o ne a bala le makasine wa Tora ya Tebelo, o o neng o na le setlhogo se se neng sa mo tlhotlheletsa go sekaseka sesha thuto ya Tharonngwe e a neng a sa bolo go e dumela botshelo jotlhe jwa gagwe. Dikgwedi di le thataro morago ga moo o ne a kolobediwa! Ka gone, o se ke wa okaoka go tlotla le babadi ba dimakasine tsa rona ka Dikwalo. O ka nna wa mo itsise ka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? mme o ithaopele go tsaya metsotso e sekae fela go tlotla ka thuto e le nngwe nako le nako fa o mo tliseditse dimakasine tsa bosheng.
9 Tlhatlhoba sentle gore ke mang mo maetong a gago a go boela le mo bathong ba o kopanang le bone ba dikgwebo yo o tla itumelelang go nna le dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mme o tseye matsapa a a tseneletseng go ya kwa go bone. Abela batho ba le bantsi ka mo o ka kgonang ka teng makwalopaka ano a a botlhokwa. Mme o se lebale gore fa o ntse o dira ka natla go thusa batho ba le bantsi gore ba bale dimakasine tsa rona, o a bo o “latlhela dijo tsa gago mo metsing.” Fa nako e ntse e ya, o ka nna wa atlega go bona mongwe yo o tla nnang morutwammogo le wena mo isagweng.—Mor. 11:1, 6.